Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jehofa—Modimo yo o Nayang Kgothatso

Etsa Jehofa—Modimo yo o Nayang Kgothatso

“A go bakwe Modimo . . . yo o re gomotsang [kgotsa, “kgothatsang”] mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 BAKOR. 1:3, 4.

PINA: 23, 152

1. Fa Adame le Efa ba sena go tsuologa, Jehofa o ile a kgothatsa batho jang?

FA E sa le batho ba nna le boleo, Jehofa o ntse a itshupa gore ke Modimo yo o nayang kgothatso. Fa Adame le Efa ba sena go tsuologa, Jehofa o ile a bua boporofeti jo bo neng bo tla kgothatsa bana ba Adame le Efa ba neng ba tla nna le bone. Boporofeti joo bo ne bo tla naya batho botlhe tsholofelo. Bo kwadilwe mo go Genesise 3:15 mme fa batho ba sena go bo tlhaloganya, ba ne ba tla nna le tsholofelo ya gore “noga ya kwa tshimologong,” e bong Satane Diabolo o tla fedisiwa le ditiro tsa gagwe tse di bosula.—Tshen. 12:9; 1 Joh. 3:8.

JEHOFA O NE A KGOTHATSA BATLHANKA BA GAGWE BA BOGOLOGOLO

2. Jehofa o ile a kgothatsa Noa jang?

2 Motlhanka wa ga Jehofa e bong Noa o ne a tshela le batho ba ba neng ba sa rate Modimo mme ene le ba lelapa la gagwe ke  bone fela ba ba neng ba obamela Jehofa. E re ka batho ba ne ba rata thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go ne go ka nna motlhofo gore Noa a kgobege marapo. (Gen. 6:4, 5, 11; Jude 6) Mme Jehofa o ile a mmolelela sengwe se se neng sa mo kgothatsa gore a tswelele a “tsamaya le Modimo.” (Gen. 6:9) Jehofa o ne a bolelela Noa gore o tlile go fedisa batho ba ba bosula e bile o ne a mo laela gore a dire eng gore ene le ba lelapa la gagwe ba bolokwe. (Gen. 6:13-18) Jehofa o ile a bontsha Noa gore ke Modimo wa kgothatso.

3. Jehofa o ile a kgothatsa Joshua jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Moragonyana, Joshua o ne a newa kabelo e e boima. O ne a tshwanetse go thusa batho ba Modimo gore ba tsene kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Joshua o ne a tshwanetse go fenya masole a a maatla a batho ba ba neng ba nna mo lefelong leo. Go ne go ka nna motlhofo gore Joshua a tshoge. Jehofa o ne a itse gore Joshua o ne a ikutlwa jang, ke ka moo a ileng a laela Moshe gore a mo kgothatse. Modimo o ne a re: “[Tlhoma] Joshua o mo kgothatse o bo o mo nonotshe, ka gonne ke ene yo o tla kgabaganyang kwa pele ga setšhaba seno e bile ke ene yo o tla dirang gore se rue lefatshe le o tla le bonang.” (Dute. 3:28) Pele Joshua a simolola kabelo ya gagwe, Jehofa o ne a mo kgothatsa jaana: “A ga ke a go laela? O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga, gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.” (Josh. 1:1, 9) Ga go pelaelo gore seno se ile sa kgothatsa Joshua fela thata!

4, 5. (a) Jehofa o ile a kgothatsa batlhanka ba gagwe ba bogologolo jang? (b) Jehofa o ile a kgothatsa Morwawe jang?

4 Gape Jehofa o ne a kgothatsa batho ba gagwe e le setlhopha. Fa Bajuda ba ne ba le kwa botshwarwa kwa Babelona, Jehofa o ne a ba kgothatsa jaana: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” (Isa. 41:10) Moragonyana, Jehofa o ne a kgothatsa Bakeresete ba bogologolo mme le rona gompieno o a re kgothatsa.—Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.

5 Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a kgothatsa Morwawe. Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ile a utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Math. 3:17) Ruri mafoko ano a ile a nonotsha Jesu fa a ntse a dira kabelo ya gagwe mo lefatsheng!

JESU O NE A KGOTHATSA BATHO

6. Setshwantsho sa ditalenta se re kgothatsa jang?

6 Jesu o ne a etsa Rraagwe. Setshwantsho sa ditalenta se Jesu a neng a bua ka sone mo boporofeting jwa gagwe jwa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, se re kgothaletsa gore re ikanyege. Mo setshwantshong seo, mookamedi o bolelela batlhanka ba ba ikanyegang jaana: “O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le yo o ikanyegang! O ne o ikanyega mo dilong di le mmalwa. Ke tla go tlhoma go okamela dilo di le dintsi. Tsena mo boipelong jwa mong wa gago.” (Math. 25:21, 23) Mafoko ano a re kgothaletsa gore re tswelele re direla Jehofa ka boikanyegi.

7. Jesu o ile a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe jang, mme o ile a kgothatsa Petere jang?

7 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba nna ba ngangisana ka go re ke mang yo o mogolo mo go bone mme Jesu o ne a ba kgothaletsa gore ba nne boikokobetso le gore ba direle batho e seng gore batho ba ba direle. (Luke 22:24-26) Petere o ile a swabisa Jesu  makgetlo a le mmalwa. (Math. 16:21-23; 26:31-35, 75) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tlhoboga Petere, go na le moo, o ne a mo kgothatsa a bo a mo laela gore a nonotshe Bakeresete ba bangwe.—Joh. 21:16.

BATLHANKA BA GA JEHOFA BA BOGOLOGOLO BA NE BA KGOTHATSANA

8. Hesekia o ile a kgothatsa jang Bajuda le masole a gagwe?

8 Tota le pele Jesu a tla mo lefatsheng go tla go re tlhomela sekao se se molemo, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba itse botlhokwa jwa go kgothatsa ba bangwe. Fa Baasiria ba ne ba tshosetsa Bajuda, Hesekia o ne a phutha batho le masole mme a ba kgothatsa. Baebele ya re: “Mme batho ba simolola go itshegeletsa ka mafoko a [gagwe].”—Bala 2 Ditiragalo 32:6-8.

9. Buka ya ga Jobe e re ruta eng ka go kgothatsa ba bangwe?

9 Le fa gone Jobe a ne a tlhoka go kgothadiwa, o ile a ruta banna ba bararo ba ba neng ba mo etetse gore ba ka kgothatsa ba bangwe jang. Jobe o ne a ba raya a re fa ba ka bo ba le mo maemong a gagwe, o ne a tla bua dilo tse di neng di tla ba nonotsha le go dira gore ba ikutlwe botoka, e seng dilo tse di neng di tla ba utlwisa botlhoko. (Jobe 16:1-5) Morago ga moo, Jobe o ile a kgothadiwa ke Elihu le Jehofa.—Jobe 33:24, 25; 36:1, 11; 42:7, 10.

10, 11. (a) Ke eng fa morwadia Jefetha a ne a tlhoka go kgothadiwa? (b) Re ka kgothatsa bomang?

10 Morwadia Jefetha le ene o ne a tlhoka go kgothadiwa. Pele Jefetha a ya go lwa le Baamona, o ne a solofetsa Jehofa gore fa a ka mo thusa go fenya, motho wa ntlha go mo kgatlhantsha fa a tswa ntweng o tla direla Jehofa kwa motlaaganeng. Baiseraele ba ne ba fenya ntwa eo, mme motho wa ntlha go kgatlhantsha Jefetha e ne e le morwadie. Jefetha o ne a utlwile botlhoko. Le fa go ntse jalo, o ne a diragatsa se a neng a se solofeditse. O ne a romela morwadie kwa Shilo gore a ye go direla kwa motlaaganeng botshelo jwa gagwe jotlhe.—Baatlh. 11:30-35.

11 Tshwetso eno e ne e se motlhofo mo go Jefetha, mme e ne e le boima le go feta mo go morwadie. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeleditse go dira se rraagwe a neng a se solofeditse Jehofa. (Baatlh. 11:36, 37) Ka jalo, seno se ne se raya gore o ne a se kitla a nyalwa, a nna le bana le go tsweledisa losika lwa ga rraagwe. Eleruri, o ne a tlhoka go gomodiwa le go kgothadiwa. Baebele ya re: “[E ne] ya nna molao mo Iseraele: Ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ne ba tswa ba ya go akgola morwadia Jefetha wa Mogileade, malatsi a le manè ka ngwaga.” (Baatlh. 11:39, 40) Bakeresete ba ba tlhophang go sa nyale kgotsa go sa nyalwe gore ba tle ba tlhome mogopolo thata mo ‘dilong tsa Morena,’ le bone ba tlhoka go akgolwa le go kgothadiwa.—1 Bakor. 7:32-35.

BAAPOSETOLOI BA NE BA KGOTHATSA BAKERESETE BA BANGWE

12, 13. Petere o ne a ‘nonotsha bakaulengwe ba gagwe’ jang?

12 Bosigo jwa pele Jesu a bolawa, o ne a raya moaposetoloi Petere a re: “Simone, Simone, bona! Satane o lo batlile ka kgang gore a lo fefere jaaka korong. Mme ke go diretse mokokotlelo gore o se ka wa felelwa ke tumelo; le wena, fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.”—Luke 22:31, 32.

Makwalo a baaposetoloi a ile a kgothatsa Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme a sa ntse a re kgothatsa le gompieno (Bona serapa 12-17)

13 Petere e ne e le mongwe wa banna ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete. (Bagal. 2:9) Sekao sa gagwe se se molemo se ne sa kgothatsa Bakeresete ba bangwe ka Pentekosete le morago ga moo. Fa a tloga a wetsa bodiredi  jwa gagwe, o ne a kwalela Bakeresetemmogo le ene jaana: “Ke lo kwaletse ka mafoko a le mmalwa . . . gore ke neye kgothatso le bosupi ka tlhoafalo gore jono ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jwa boammaaruri; emang lo nitame mo go jone.” (1 Pet. 5:12) Makwalo a ga Petere a ne a kgothatsa Bakeresete ba motlha wa gagwe, mme le gompieno a sa ntse a re kgothatsa. E re ka re letetse lefatshe le lesha, ruri re tlhoka mafoko ano a kgothatso.—2 Pet. 3:13.

14, 15. Makwalo a ga moaposetoloi Johane a ile a kgothatsa Bakeresete jang?

14 Moaposetoloi Johane le ene e ne e le mongwe wa banna ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong. O ne a kwala pego e e kgatlhang ya bodiredi jwa ga Jesu mme e ne ya kgothatsa Bakeresete ba le bantsi ba motlha oo e bile e sa ntse e re kgothatsa le gompieno. Ka sekai, ke mo lekwalong la gagwe fela mo re fitlhelang mafoko a ga Jesu a gore barutwa ba gagwe ba tla itsewe ka go ratana.—Bala Johane 13:34, 35.

15 Makwalo a mararo a ga Johane a re ruta dilo tse dingwe tsa botlhokwa. Fa re kgobegile marapo ka ntlha ya diphoso tsa rona, re kgothadiwa ke go itse gore “madi a ga Jesu . . . a re phepafatsa mo boleong jotlhe.” (1 Joh. 1:7) Mme fa re tswelela re ikutlwa molato, re kgothadiwa ke go itse gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona.” (1 Joh. 3:20) Johane ke ene fela a neng a kwala gore “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8, 16) Lekwalo la gagwe la bobedi le la boraro, le akgola Bakeresete ba ba tswelelang ba “tsamaya mo boammaaruring.”—2 Joh. 4; 3 Joh. 3, 4.

16, 17. Moaposetoloi Paulo o ile a kgothatsa Bakeresete ba bangwe jang?

16 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi fela thata. Nakwana morago ga loso lwa ga Jesu, bontsi  jwa baaposetoloi ba ne ba tswelela ba nna kwa Jerusalema, kwa maloko a setlhopha se se laolang a neng a nna gone. (Dit. 8:14; 15:2) Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba rera ka Keresete mo bathong ba ba neng ba dumela gore go na le Modimo a le mongwe fela. Kafa letlhakoreng le lengwe, moaposetoloi Paulo o ne a romelwa ke moya o o boitshepo gore a ye go rerela batho ba ditšhaba tsa Gerika le Roma ba ba neng ba obamela medimo e mentsi.—Bagal. 2:7-9; 1 Tim. 2:7.

17 Paulo o ne a rera kwa Gerika, Italy le kwa nageng e gone jaanong e bidiwang Turkey. O ne a rerela batho ba e seng Bajuda e bile a tlhoma diphuthego tsa Bokeresete kwa mafelong ao. Bakeresete bano ba basha ba ne ba tlhoka go kgothadiwa ka gonne ba ne ba “boga mo diatleng tsa batho ba naga ya [bone].” (1 Bathes. 2:14) Mo e ka nnang ka ngwaga wa 50, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika jaana: “Ka metlha re leboga Modimo fa re lo umaka lotlhe mo dithapelong tsa rona, gonne re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse, le tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona.” (1 Bathes. 1:2, 3) Gape o ne a ba kgothaletsa gore ba nonotshane. O ne a ba raya a re: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane.”—1 Bathes. 5:11.

SETLHOPHA SE SE LAOLANG SE A RE KGOTHATSA

18. Setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga se ne sa kgothatsa Filipo jang?

18 Setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga se ne se kgothatsa Bakeresete botlhe, go akaretsa le banna ba ba neng ba eteletse diphuthego pele. Fa Filipo a ne a bolelela Basamarea ka Keresete, setlhopha se se laolang se ne sa mo ema nokeng. Se ne sa romela moaposetoloi Petere le Johane gore ba ye go rapelela Bakeresete ba basha gore ba amogele moya o o boitshepo. (Dit. 8:5, 14-17) Ruri Filipo le Bakeresete bano ba basha ba ile ba kgothadiwa ke go itse gore setlhopha se se laolang se ba eme nokeng!

19. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ikutlwa jang fa ba sena go bala lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang?

19 Molao wa ga Moshe o ne o laela gore Bajuda ba tshwanetse go rupa. Ka jalo, setlhopha se se laolang se ne sa tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a Bakeresete ba e seng Bajuda ba ne ba tshwanetse go rupa. (Dit. 15:1, 2) Fa setlhopha se se laolang se sena go kopa moya o o boitshepo le go tlhatlhoba Dikwalo, se ne sa swetsa ka go re seno ga se tlhokege, mme se ne sa kwalela diphuthego malebana le tshwetso eo. Se ne sa romela bakaulengwe bangwe gore ba ise lekwalo leo kwa diphuthegong. Go ile ga felela jang? Baebele ya re: “Fa ba sena go le bala, ba ipela ka ntlha ya kgothatso eno.”—Dit. 15:27-32.

20. (a) Gompieno Setlhopha se se Laolang se re kgothatsa jang? (b) Re tla tlotla ka potso efe mo setlhogong se se latelang?

20 Gompieno, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se kgothatsa Bakeresete botlhe mo lefatsheng go akaretsa le maloko a lelapa la Bethele le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Fela jaaka Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le rona re itumelela kgothatso ya Setlhopha se se Laolang! Mo godimo ga moo, ka 2015 Setlhopha se se Laolang se ne sa golola boroutšhara jwa setlhogo se se reng, Boela Kwa go Jehofa, mme boroutšhara jono bo ile jwa kgothatsa batho ba le bantsi. Mme a ke ba ba eteletseng pele fela ba ba tshwanetseng go etsa Jehofa ka go kgothatsa ba bangwe? Re tla bona karabo ya potso eno mo setlhogong se se latelang.