Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha, a lo Ipeetse Mekgele mo Tirelong ya Modimo?

Basha, a lo Ipeetse Mekgele mo Tirelong ya Modimo?

“Pitikela ditiro tsa gago mo go Jehofa mme dithulaganyo tsa gago di tla tlhomamisiwa thata.”—DIA. 16:3.

PINA: 89, 24

1-3. (a) Basha ba lebana le kgwetlho efe, mme re ka e tshwantsha le eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng se se ka thusang basha go fenya kgwetlho eno?

A RE re o batla go ya kwa tiragalong ya botlhokwa e e tla tshwarelwang kwa toropong nngwe e e kgakala. Gore o ye koo, o tlhoka go tsamaya ka bese. Kwa o palamelang bese teng, go na le batho ba le bantsi le dibese tse dintsi. O tshwanetse go palama bese e e yang kwa lefelong le o yang kwa go lone. Ga o ka ke wa palama bese nngwe le nngwe fela ka gonne o a itse gore o ka feleletsa o timetse.

2 Gompieno basha ba tshwana le batho ba ba tsayang loeto ka bese. Basha ba na le loeto lo loleele lo ba tshwanetseng go lo tsaya lwa botshelo. Ka dinako dingwe, ba ka nna ba tlhakanngwa tlhogo ke ditshono le ditshwetso tse ba tshwanetseng go di dira. Fa basha ba itse gore ke eng se ba batlang go se dira mo botshelong, go tla nna motlhofo gore ba dire ditshwetso tse di molemo. Mme gone, ke eng se basha ba tshwanetseng go se dira?

3 Setlhogo seno se tla araba potso eo e bile se tla thusa basha gore ba tshele ka tsela e e tla itumedisang Jehofa. Seo se akaretsa go ikobela kaelo ya ga Jehofa fa ba dira ditshwetso tse di malebana le  thutego, tiro ya boitshediso, maikarabelo a lelapa, jalo le jalo. Gape go akaretsa go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa le go dira ka natla go e fitlhelela. Basha ba ba tswelelang ba direla Jehofa, ba ka tlhomamisega gore o tla ba thusa gore ba atlege mo botshelong.—Bala Diane 16:3.

GORENG O TSHWANETSE GO IPEELA MEKGELE MO TIRELONG YA GA JEHOFA?

4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo o sa ntse o le mosha go molemo tota. Ka ntlha yang? Re tlile go tlotla ka mabaka a le mararo a go bo go dira jalo go le molemo. Mabaka a ntlha a mabedi a tlile go re bontsha gore go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo go dira gore motho a nne le kamano e e molemo le Jehofa; mme lebaka la boraro lone le tlile go re bontsha mosola wa go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo o sa ntse o le mosha.

5. Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo ke lefe?

5 Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo ke gore re batla go bontsha Jehofa gore re lebogela lorato lwa gagwe le dilo tsotlhe tse di molemo tse a re diretseng tsone. Mopesalema o ne a re: “Go molemo go ntshetsa Jehofa ditebogo . . . Gonne o dirile gore ke ipele, wena Jehofa, ka ntlha ya tiro ya gago; ke goa ka boipelo ka ntlha ya ditiro tsa diatla tsa gago.” (Pes. 92:1, 4) Akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone. O go neile botshelo, o go thusitse gore o nne le tumelo, o go neile Baebele, phuthego le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Fa dilo tse di direlwang Bogosi di tla pele mo botshelong jwa gago, o bontsha Modimo gore o lebogela melemo yotlhe e a go diretseng yone mme seo se dira gore o atamalane le ene.

6. (a) Fa re ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo, seo se ama kamano ya rona le Jehofa jang? (b) Ke mekgele efe e o ka ipeelang yone fa o sa ntse o le monnye?

6 Lebaka la bobedi ke gore fa o dira ka natla go fitlhelela mekgele e o ipeetseng yone mo tirelong ya Modimo, o itirela leina le lentle le Jehofa. Seno se dira gore o atamalane le ene fela thata. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Baheb. 6:10) O se ka wa tsaya gore o monnye thata gore o ka ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo. Ka sekai, Christine o ne a na le dingwaga di le lesome fa a ne a ipeela mokgele wa gore ka metlha a bale dipego tsa Basupi ba ba ikanyegang. Fa Toby a na le dingwaga di le 12, o ne a ipeela mokgele wa go bala Baebele yotlhe pele a kolobediwa. Maxim o ne a na le dingwaga di le 11 mme kgaitsadie e bong Noemi o ne a na le dingwaga di le lesome fa ba ne ba kolobediwa. Go tloga ka nako eo, ba ne ba ipeela mokgele wa go direla kwa Bethele. Ba ne ba kgomaretsa foromo ya Bethele mo loboteng gore ba se ka ba lebala mokgele wa bone. Akanya ka mekgele e o ka ratang go ipeela yone mme o dire ka natla go e fitlhelela.—Bala Bafilipi 1:10, 11.

7, 8. (a) Ke eng fa go ipeela mekgele go dira gore go nne motlhofo go dira ditshwetso? (b) Ke eng fa mosha mongwe a ile a se ka a ya kwa yunibesithing?

7 Lebaka la boraro la go bo go le molemo gore basha ba ipeele mekgele ba sa le bannye, ke ka gonne ba tshwanetse go dira ditshwetso di le dintsi. Ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di malebana le thutego, tiro ya boitshediso le dilo tse dingwe. Go dira ditshwetso go tshwana le go tlhopha tsela e e siameng fa o fitlha fa makopanelong a ditsela. Fa fela o itse gore o batla go ya kae, ga go kitla go nna thata go tlhopha tsela e e siameng. Ka tsela e e tshwanang, fa o itse gore ke mekgele efe e o batlang go e fitlhelela, go tla nna motlhofo gore o dire ditshwetso tse di siameng. Diane 21:5 ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” Fa o ipeela mekgele o sa ntse o le mosha, o tla atlega. Ke sone se se neng sa diragalela Damaris fa a ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa a sa le mosha.

 8 Damaris o ne a dira bontle tota mo dithutong tsa gagwe tsa marematlou. A ka bo a ile a amogela basari ya gore a ithutele go nna mmueledi kwa yunibesithing. Ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a tlhopha go dira tiro e e sa dueleng madi a mantsi. Ke eng fa a ile a dira jalo? A re: “Ke ne ke ipeetse mokgele wa go nna mmulatsela. Ka jalo, ke ne ke tlhoka tiro ya boitshediso e nka e dirang ka malatsi a a rileng fela. Fa nkabo ke ile ka ithutela go nna mmueledi, nkabo ke nnile le madi a mantsi, mme gone, ke ne ke se kitla ke bona tiro e nka e dirang ka malatsi a a rileng fela.” Gone jaanong Damaris o na le dingwaga di le 20 e le mmulatsela. A Damaris o tsaya gore o ile a dira tshwetso e e siameng? A re: “Kwa ke berekang gone, ke kopana thata le babueledi. Ba dira tiro e nkabong ke e dira fa nkabo ke le mmueledi. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ga ba rate tiro e ba e dirang. Go nna mmulatsela go dirile gore ke itumelele go direla Jehofa le gore ke se ka ka ngomoga pelo jaaka bone.”

9. Ke eng fa re tshwanetse go akgola basha?

9 Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba dira bontle tota mme go tla bo go le molemo gore re ba akgole. Ba direla Jehofa ka pelo yotlhe e bile ba tlhomile mogopolo mo tirelong ya Modimo. Basha bano ba itumelela botshelo fela thata e bile ba ithuta go ikobela kaelo ya ga Jehofa mo dilong tsotlhe tse ba di dirang. Dilo tseno di akaretsa thutego, tiro ya boitshediso le botshelo jwa lelapa. Solomone o ne a re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe. . . . Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Dia. 3:5, 6) Jehofa o tsaya basha bano ba Bakeresete ba le botlhokwa, o a ba rata, o a ba sireletsa, o a ba kaela le go ba segofatsa.

BAAKANYETSA SENTLE PELE O YA GO RERA

10. (a) Ke eng fa go rera go tshwanetse ga nna botlhokwa mo go rona? (b) Re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona mo bodireding?

10 Mosha yo o batlang go itumedisa Jehofa, o tsaya bodiredi e le selo sa botlhokwa tota. Jesu Keresete o ne a re “dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mar. 13:10) E re ka tiro ya go rera e potlakile jaana, e tshwanetse go nna selo sa botlhokwa mo go rona. A o ka ipeela mokgele wa gore o nne le seabe ka metlha mo bodireding kgotsa gore o nne mmulatsela? Mme gone, gotweng fa e le gore ga o itumelele go rera? Ke eng se se ka go thusang gore o tokafatse bokgoni jwa gago mo bodireding? O ka thusiwa ke dilo tseno tse pedi: Baakanyetsa sentle e bile o tswelele o rera le fa gone go se motlhofo. Fa o dira jalo, o tlile go itumelela go rera dikgang tse di molemo.

O baakanyetsa jang pele o neela bosupi? (Bona serapa 11 le 12)

11, 12. (a) Ke eng se o ka se dirang gore o kgone go bolelela batho ba bangwe ka Jehofa? (b) Mosha mongwe o ne a dirisa jang tshono ya go naya bosupi kwa sekolong?

11 O ka simolola ka go batla dikarabo tsa dipotso tse gantsi bana ba o tsenang sekolo le bone ba di botsang, jaaka potso e e reng: “Goreng o dumela mo Modimong?” Website ya rona ya jw.org e na le ditlhogo tse di ka thusang basha go araba potso eo. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA. Mo karolong eo, o tla fitlhela dintlha tsa go itshekatsheka tsa setlhogo se se reng, “Goreng ke Dumela mo Modimong?” Di tla go thusa gore o kgone go baakanyetsa karabo ya gago. Mo godimo ga moo, di na le ditemana tse tharo tse o ka di dirisang fa o tlhalosa se o se dumelang, e leng Bahebera 3:4, Baroma 1:20, le Pesalema 139:14. Dintlha tseno tsa go itshekatsheka di ka go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tse di farologaneng.—Bala 1 Petere 3:15.

12 Fa o nna le tshono, kgothaletsa bana ba o tsenang sekolo le bone gore ba tsene mo jw.org. Mosimane mongwe yo o bidiwang Luca o ne a dira jalo. Mo tlelaseng ya bone, go ne go buiwa ka madumedi a a farologaneng mme Luca o ne a lemoga gore buka ya bone ya sekolo e ne e bua dilo tse di phoso ka Basupi ba ga Jehofa. Le fa gone a ne a tshogile, o ne a kopa morutabana gore a tlhalose lebaka la go bo  dilo tseo di le phoso mme morutabana wa gagwe o ne a dumela. Luca o ne a kgona go tlhalosa se re se dumelang e bile o ne a bontsha tlelase yotlhe website ya rona. Morutabana o ne a kopa bana botlhe gore ba lebe bidio ya setlhogo se se reng, Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene. Luca o itumelela gore o ile a kgona go bolelela batho ba bangwe ka Jehofa.

13. Ke eng fa re sa tshwanela go itlhoboga fa mathata a tlhaga?

13 O se ka wa itlhoboga le fa go ka nna thata jang. (2 Tim. 4:2) Fa mathata a tlhaga, nna o ikemiseditse go fitlhelela mekgele ya gago. Fa Katharina a na le dingwaga di le 17, o ne a ipeela mokgele wa go rerela badirimmogo le ene. Monna mongwe o ne a nna a mo ganetsa, le fa go ntse jalo, ga a ka a itlhoboga. Modirimmogo le ene e bong Hans o ne a kgatlhiwa ke tsela e e ntle e a neng a e itshwere ka yone le fa gone a ne a bogisiwa. Ka ntlha ya seo, o ne a simolola go bala dikgatiso tsa rona, go ithuta Baebele a bo a kolobediwa. Katharina o ne a sa itse seno ka gonne o ne a setse a fudugile. Akanya fela gore morago ga dingwaga di le 13 o ne a itumela thata jang fa a le kwa Holong ya Bogosi le ba lelapa la gagwe mme a utlwa gore mokaulengwe yo o tlileng go neela puo ke Hans! Katharina o ne a itumelela gore ga a ka a tlogela go rerela badirimmogo le ene!

O SE KA WA LEBALA MEKGELE YA GAGO

14, 15. (a) Ke eng se basha ba tshwanetseng go se dira fa basha ba bangwe ba ba gatelela? (b) Basha ba ka fenya jang kgatelelo ya balekane?

14 Setlhogo seno se setse se re bontshitse lebaka la go bo go le botlhokwa gore basha ba tlhome mogopolo mo go direleng Jehofa. Seno se akaretsa go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo. Le fa go ntse jalo, basha ba bangwe ba ba lekanang le wena ba batla go ijesa monate fela mme ba ka nna ba batla gore le wena o dire se se tshwanang. Go ise go ye kae, o tla tshwanelwa ke go bontsha gore mekgele e o ipeetseng yone e botlhokwa thata mo go wena. O se ka wa letla batho ba bangwe ba dira gore o lebale mekgele ya gago. Kana e bile, fa o akanya gape ka setshwantsho sa bese, ga o ka ke wa palama bese nngwe le nngwe fela ka gonne o bona batho ba ba mo go yone ba ja monate.

15 Go na le ditsela di le mmalwa tse o ka fenyang kgatelelo ya balekane ka tsone. Ka sekai,  tila maemo a a ka dirang gore go nne motlhofo gore o ineelele kgatelelo ya balekane. (Dia. 22:3) Nna o akantse ka ditlamorago tse di botlhoko tse di ka nnang gone fa o ka dira dilo tse di bosula. (Bagal. 6:7) Go amogela kgakololo ya ba bangwe le gone go ka go thusa. Fa o le boikokobetso, o tla kgona go amogela dikakantsho tsa batsadi ba gago le Bakeresete ba bangwe ba ba mo phuthegong.—Bala 1 Petere 5:5, 6.

16. Umaka maitemogelo a a bontshang gore go mosola go nna boikokobetso.

16 Go nna boikokobetso go ne ga thusa Christoph gore a amogele kgakololo e e molemo. Nakonyana fa a sena go kolobediwa, o ne a simolola go ikatisa kwa jiming. Basha bangwe kwa jiming eo ba ne ba mo kopa gore a tsenele setlhopha sa bone sa motshameko. O ne a bua le mogolwane mongwe ka kgang eno mme mogolwane yono o ne a mo kopa gore a akanye ka mathata mangwe a a ka nnang gone pele a dira tshwetso, a a jaaka go tshwaediwa ke moya wa kgaisano. Le fa go ntse jalo, Christoph o ne a tsenela setlhopha seo. Mme gone, go ise go ye kae, o ne a lemoga gore motshameko oo o tletse thubakanyo le gore o kotsi. O ne a bua le bagolwane ba bangwe mme ba mo naya kgakololo ya Dikwalo. A re: “Jehofa o ne a nnaya bagakolodi ba ba molemo mme ke ne ka mo reetsa le fa gone ke ile ka tsaya nakonyana go dira jalo.” A o tla ikokobetsa gore o kgone go amogela kgakololo e e molemo?

17, 18. (a) Ke eng se Jehofa a se batlelang basha gompieno? (b) Ke eng se se ka go thusang gore fa o godile o se ka wa ikwatlhaela ditshwetso tse o di dirileng? Naya sekai.

17 Baebele ya re: “Ipele wena lekau [kgotsa lekgarebe], mo bosheng jwa gago, mme a pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a [bosha] jwa gago.” (Mor. 11:9) Eleruri Jehofa o batla gore o itumele. Setlhogo seno se tlhalositse kafa o ka dirang seo ka gone. Nna o tlhomile mogopolo mo mekgeleng e o ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa mme o tswelele o latela kaelo ya gagwe mo dilong tsotlhe tse o di dirang. Fa o ka dira seno o sa ntse o le mosha, Jehofa o tla go kaela, o tla go sireletsa le go go segofatsa. Akanya ka kgakololo e e molemo e e mo Lefokong la Modimo mme o ikobele kaelo eno: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a [bosha] jwa gago.”—Mor. 12:1.

18 Ga go na ope yo o tswelelang e le mosha go ya go ile. Go ise go ye kae, basha botlhe ba a gola. Ka maswabi, bontsi jwa bone fa ba godile ba ikwatlhaela gore ba ile ba ipeela mekgele e e sa siamang fa ba le basha kgotsa gore ba ne ba se na mekgele epe gotlhelele. Le fa go ntse jalo, basha ba ba tswelelang ba direla Jehofa ba tla itumelela ditshwetso tse di molemo tse ba di dirileng fa ba setse ba godile. Go ne go ntse jalo ka Mirjana yo e neng e le setswerere mo metshamekong fa a sa le mosha. O ne a kopiwa go tsenela metshameko ya diolimpiki, mme gone, ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Gone jaanong Mirjana le monna wa gagwe ba na le dingwaga di feta 30 ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. A re: “Batho ba ba batlang tlotlomalo, maatla le dikhumo ga ba nke ba itumela. Mokgele o o siameng ke wa go direla Modimo le go thusa batho ba bangwe gore ba mo itse.”

19. Umaka melemo mengwe ya go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo o sa ntse o le mosha.

19 Re tshwanetse go akgola basha mo phuthegong ka ntlha ya tsela e ba lebanang le dikgwetlho ka yone le ka gonne ba tlhomile mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa. Basha ba ka dira seno ka go leka ka natla go fitlhelela mekgele ya mo tirelong ya Modimo le ka go dira gore tiro ya go rera e nne selo sa botlhokwa mo go bone. Mo godimo ga moo, ga ba batle gore sepe se dire gore ba lebale mekgele ya bone. Basha ba ka tlhomamisega gore matsapa a ba a tsayang ga se a bophiri. Ba engwa nokeng ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone mme fa ba tswelela ba direla Jehofa ka pelo yotlhe, dilo tsotlhe tse ba di dirang di tla atlega.