Fa marumo a tlhobolo a ntse a feta mo thoko ga me, ke ne ka tsholetsa sakatuku e tshweu ka iketlo. Masole a a neng a thuntsha a ne a ntaela gore ke tswe mo ke neng ke iphitlhile teng. Ke ne ka tswa mme ka ba atamela ka iketlo ke tshwere pelo ka letsogo, ke sa itse gore a ba tla mpolaya kgotsa jang. Go tlile jang gore ke wele mo mathateng ano?

KE NE ka tsholwa ka 1926 mme ke ngwana wa bosupa mo lelapeng la bana ba le robedi. Batsadi ba me e ne e le batho ba ba dirang ka natla. Re ne re nna mo motseng o monnye kwa Gerika o o bidiwang Karítsa.

Ngwaga pele ga ke tsholwa, batsadi ba me ba ne ba kopana le John Papparizos yo e neng e le Moithuti wa Baebele yo o tlhagafetseng le yo o buang thata. (Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa Baithuti ba Baebele.) Batsadi ba me ba ne ba kgatlhiwa ke tsela e John a neng a tlhalosa Dikwalo ka teng, ka jalo, ba ne ba simolola go ya dipokanong tsa Baithuti ba Baebele. Mmê o ne a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa Modimo. Ka metlha o ne a bolelela batho se a se ithutileng le fa gone a ne a sa itse go bala le go kwala. Ka maswabi, rre ene o ne a tlhomile mogopolo thata mo makoeng a batho ba bangwe, ka jalo, o ne a tlogela go ya dipokanong.

Nna le bana ba kwa gae re ne re rata Baebele, mme fa re ntse re gola, re ne ra itewa tsebe ke menate ya lefatshe. Ka 1939 fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e fagile mo Yuropa, go ne ga direga sengwe mo motseng wa rona se se neng sa re gakgamatsa. Moagelani wa rona yo gape e neng e le ntsalaarona e bong Nicolas Psarras o ne a kwadisediwa bosole. Nicolas yo o neng a na le dingwaga di le 20 o ne a bolelela balaodi ba masole jaana ka bopelokgale, “Nka se ye ntweng ka gonne ke lesole la ga Keresete.” O ne a sekisiwa kwa kgotlatshekelong ya masole mme a atlholelwa dingwaga di le lesome kwa kgolegelong. Re ne re gamaregile!

Se se itumedisang ke gore mo masimologong a 1941, sesole sa dinaga tse di farologaneng se ne sa tla mo Gerika ka nakwana mme Nicolas o ne a gololwa. O ne a boela kwa Karítsa mme nkgonne e bong Ilias o ile a mmotsa dipotso di le dintsi ka Baebele. Ke ne ke  ba reeditse ka tlhoafalo fa ba ntse ba bua. Moragonyana nna le Ilias le kgaitsadiarona e bong Efmorfia re ne ra simolola go ithuta Baebele e bile re ne re ya dipokanong ka metlha. Morago ga ngwaga re ne ra ineela mo go Jehofa mme ra kolobediwa. Moragonyana bonkgonne ba babedi le bokgaitsadiake ba babedi le bone ba ne ba nna Basupi ba ba ikanyegang.

Ka 1942, Phuthego ya Karítsa e ne e na le makau le makgarebe a le robonngwe a a nang le dingwaga di le 15 go ya go di le 25. Re ne re itse gore re tlile go lebana le diteko tse dikgolo. Ka jalo, re ne re kopana ka metlha go ithuta Baebele, go opela dipina tsa Bogosi le go rapela gore re nonotshe tumelo ya rona. Mme go ne ga nna fela jalo, tumelo ya rona e ne ya nonofa.

Demetrius le ditsala tsa gagwe kwa Karítsa

NTWA YA SELEGAE

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e tloga e fela, makomonise a kwa Gerika a ne a tsogologela puso ya Gerika mme go ne ga runya ntwa e e matlhomahibidu ya selegae. Masole a makomonise a ne a tsamaya mo metseng a pateletsa batho gore ba nne karolo ya setlhopha sa bone. Fa ba tlhasela motse wa rona, ba ne ba tsaya basha ba bararo ba Basupi ka dikgoka. Ke ne ke le mongwe wa basha bao mme ba bangwe e ne e le Antonio Tsoukaris le Ilias. Re ne ra ba kopa gore ba re tlogele, re ba tlhalosetsa gore re Bakeresete e bile ga re tseye letlhakore mo ntweng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba re pateletsa go tsamaya diura di le 12 ka maoto go ya kwa Thabeng ya Olympus.

Morago ga moo, modiredi wa makomonise o ne a re laela gore re tsene mo setlhopheng sa bone. Fa re ne re mo tlhalosetsa gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba tshole dibetsa ba bo ba ya go lwantsha batho ba bangwe, o ne a tuka malakabe mme a re isa kwa molaoding wa bone. Fa re ne re tlhalosetsa molaodi yoo boemo jwa rona, o ne a re laela jaana: “Tiro ya lona e tla nna go tsamaya ka mmoulo gore lo ise masole a a gobetseng kwa bookelong.”

Re ne ra re: “Mme fa re ka kopana le masole a puso, a ga a kitla a tsaya gore re masole a ntwa?” O ne a re: “Mme he, isetsang masole dijo.” Re ne ra re: “Re tla dira eng fa modiredi a ka re bona a bo a re laela gore re tseye mmoulo re isetse masole dibetsa?” Go ne ga feta nakonyana molaodi yoo a ja marapo a tlhogo. Kgabagare o ne a re laela a re: “Mme ga ke bone lo ka palelwa ke go tlhokomela dinku! Salang mo thabeng mme lo tlhokomele dinku.”

Fa ntwa e ntse e gakala, re ne ra tlhokomela dinku ka gonne digakolodi tsa rona di ne di re letla go dira seo. E re ka Ilias e ne e le ene yo mogolo, o ne a gololwa morago ga ngwaga gore a ye go tlhokomela mmê ka gonne rre o ne a tlhokafetse. Antonio o ne a lwala, ka jalo le ene o ne a gololwa. Mme nna ga ke a ka ka gololwa.

Mo nakong eo, masole a Gerika a ne a tloga a tshwara makomonise a a neng a ntshwere, ka jalo ba ne ba tshabela kwa Albania. Fa re le gaufi le molelwane wa Albania, re ne ra dikaganyediwa ke masole a Gerika. Marabele ao a ne a tshoga mme a le botsa phokoje. Ke ne ka iphitlha ka fa morago ga setlhare se se oleng, mme seo se ne sa dira gore ke kopane le masole a ke buileng ka one pelenyana.

Ke ne ka tlhalosetsa masole a Gerika gore ke ne ke gapilwe ke makomonise. Masole ao a ne a nkisa kwa kampeng ya masole gore ke ye go botsolodiwa. Kampa eo, e gaufi le Véroia e leng motse o mo motlheng  wa Baebele o neng o bidiwa Berea. Fa ke le koo, ke ne ka laelwa go epa mesima e masole a neng a tla iphitlha mo go yone ka nako ya ntwa. Ke ne ka gana, mme modiredimogolo o ne a laela gore ke isiwe botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa magolegwa se se boifisang sa Makrónisos (Makronisi).

SETLHAKETLHAKE SE SE BOIFISANG

Setlhaketlhake sa Makrónisos se mo lotshitshing lwa Attica lo lo dikilometara di le 50 go tswa kwa Athens mme ga se kgatlhe, se omeletse e bile se mogote tota. Se boleele jwa dikilometara di le 13 e bile bophara jwa sone ke dikilometara di le 2,5. Le fa go ntse jalo, go tloga ka 1947 go fitlha ka 1958, go ne go nna magolegwa a feta 100 000 mo go sone go akaretsa makomonise, batho ba ba kileng ba leka go menola puso le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi.

Fa ke fitlha ka 1949, magolegwa a ne a kgaogantswe mme a nna mo dikampeng tse di farologaneng mo setlhaketlhakeng seo. Ke ne ke nna le magolegwa a mangwe a mantsi mo kampeng e e neng e sa sireletsega. Re ne re robala re le 40 mo fatshe mo tenteng e e neng e diretswe batho ba le 10. Re ne re nwa metsi a a leswe mme re ja ditloo le di-eggplant. Diphefo tse di neng di foketse ruri le lorole di ne di dira gore botshelo bo nne bokete. Mme ka lesego re ne re sa tlhoke go ya go tsholetsa maje re a isa kwa a tlhokegang gone. Eno ke tiro e e botlhoko e e neng ya dira gore magolegwa a le mantsi a gobale e bile a ngomoge pelo.

A na le Basupi ba bangwe kwa setlhaketlhakeng sa Makrónisos

Letsatsi lengwe fa ke tsamaya mo lotshitshing lwa lewatle, ke ne ka kopana le Basupi ba kwa dikampeng tse dingwe. Ruri re ne re itumeletse go kopana! E re ka re ne re sa batle go bonwa, re ne re kopana fa go na le tshono e e siameng ya go dira jalo, mme gone re ne re le kelotlhoko. Gape re ne re rerela magolegwa a mangwe ka bokhukhuntshwane mme moragonyana bangwe ba bone e ne ya nna Basupi ba ga Jehofa. Go dira jalo le go rapela ka tlhoafalo go ne go re thusa gore re nne re atamalane le Jehofa.

GO TSENA MO LEUBELONG

Morago ga dikgwedi di le lesome kwa lefelong leo le go neng go tsewa gore le tla dira gore ke simolole go akanya sentle, ke ne ka laelwa go ya ntweng. Ke ne ka gana, mme ba ne ba nkisa kwa motlhokomeding wa kampa. Ke ne ka mo naya pampitshana e mo go yone ke neng ke kwadile jaana: “Ke batla go nna lesole la ga Keresete fela.” Fa a sena go ntshosetsa, o ne a nkisa kwa mothusing wa gagwe yo e neng e le bishopomogolo wa kereke ya Greek Orthodox mme o ne a apere diaparo tse di feletseng tsa baruti. Ke ne ka dirisa Dikwalo go araba dipotso tsa gagwe, mme seo se ne sa mo galefisa, ka jalo, o ne a re: “Ntshang monna yo fano, o a tsenwa!”

Letsatsi le le latelang, masole a ne a ntaela gape gore ke ye ntweng. Fa ke gana, ba ne ba mpetsa ka mabole le ka thobane. Morago ga moo, ba ne ba nkisa kwa bookelong jwa kampa go netefatsa gore ga ke a robega, ba bo ba mpusetsa kwa tenteng. Go ne ga feta dikgwedi tse pedi ba ntse ba dira jalo.

E re ka ke ne ke gana go tlola molao wa Modimo, masole ao a ne a leka leano le lengwe. Ba ne ba mpofa diatla mme ba mpetsa ka megala mo dipatong tsa dinao. Ke ne ka gopola mafoko ano a ga Jesu fa ke ne ke le mo botlhokong joo jo bo ngomolang pelo: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa . . . Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.” (Math. 5:11, 12) Kgabagare, morago ga go itshokela maemo ano lobaka lo loleele, ke ne ka idibala.

Ke ne ka thanya mo seleng e e tsididi, ke se na metsi, dijo le kobo. Mme gone ke ne ke ritibetse maikutlo. Fela jaaka Baebele e bua, “kagiso ya Modimo” e ne e ‘disitse pelo ya me le mogopolo wa me.’ (Bafil. 4:7) Letsatsi le le latelang, lesole lengwe le le pelonomi le ne la nnaya dijo, metsi le jase. Mme lesole le lengwe le ne la nnaya dijo tsa lone. Dilo tseno di ne di mpontsha gore Jehofa o ne a ntlhokometse.

Balaodi ba masole ba ne ba re ke motlhanogi yo o tlhogoethata, ka jalo ba ne ba nkisa kwa kgotlatshekelong ya sesole kwa Athens. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le tharo kwa kgolegelong ya kwa setlhaketlhakeng sa Yíaros (Gyaros), se se neng se le dikilomitara di le 50 kwa botlhaba jwa Makrónisos.

“RE KA LO TSHEPA”

Kgolegelo ya Yíaros e ne e le kgolo tota, mme e ne e na le magolegwa a dipolotiki a feta 5 000. Gape go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le supa mo go yone ba ba neng ba tshwerwe ka ntlha ya go sa tseye letlhakore mo ntweng. Re ne re kopana mo sephiring gore  re ithute Baebele le fa gone re ne re sa letlelelwa go dira jalo. Gape re ne re tlhola re amogela dikhopi tsa Tora ya Tebelo ka bokhukhuntshwane, mme re ne re di kwalolola ka seatla gore re di dirise fa re ithuta.

Letsatsi lengwe fa re ne re kopane, motlhokomedi mongwe wa kgolegelo o ne a re kgabelela mme a tsaya dikgatiso tsa rona. Re ne ra isiwa kwa ofising ya molebedi wa kgolegelo re lebeletse gore dingwaga tse re di atlholetsweng mo kgolegelong di tlile go okediwa. Go na le moo, molebedi yoo o ne a re: “Re a itse gore lo bomang, e bile re a lo tlotla. Re a itse gore re ka lo tshepa. Boelang tirong.” Tota e bile, o ne a tlhofofaletsa bangwe ba rona tiro. Re ne ra itumelela seo tota. Tota le mo kgolegelong, boikanyegi jwa rona bo ne bo dira gore leina la ga Jehofa le bakwe.

Boikanyegi jwa rona bo ne jwa tlisa masego a mangwe. Legolegwa lengwe le e neng e le porofesa wa dipalo, le ne la re botsa ka tumelo ya rona e re ka le ne le kgatlhilwe ke tsela e ntle e re neng re itshwere ka yone. Fa Basupi ba ne ba gololwa ka 1951, le ene o ne a gololwa mme moragonyana o ne a kolobediwa a bo a tsenela tirelo ya nako e e tletseng.

KE SA NTSE KE LE LESOLE

Nna le mosadi wa me Janette

Fa ke sena go gololwa ke ne ka boela gae kwa Karítsa. Moragonyana, nna le batho ba le bantsi ba mo lefelong la rona re ne ra fudugela kwa Melbourne, Australia. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le kgaitsadi yo o molemo e bong Jannette mme re ne ra nyalana. Re na le bana ba le banê mme re ne ra ba godisetsa mo phuthegong ya Modimo.

Ke na le dingwaga di feta 90 mme ke sa ntse ke direla ke le mogolwane mo phuthegong. Ka dinako tse dingwe ke na le go utlwa ditlhabi tse di botlhoko ka ntlha ya matsadi a kgale, segolobogolo fa ke tswa bodireding. Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke ikemiseditse go nna “lesole . . . la ga Keresete.”—2 Tim. 2:3.