Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Galaletsa Jehofa ka go Ithaopa!

Galaletsa Jehofa ka go Ithaopa!

“Ka ntlha ya go ithaopa ga batho, bakang Jehofa.” —BAATLH. 5:2.

PINA: 150, 10

1, 2. (a) Eliafase le Biledade ba ne ba re Modimo o leba tirelo ya rona jang? (b) Jehofa o ne a tlhalosa jang tsela e a ikutlwang ka yone?

“A MONNA yo o nonofileng a ka nna le thuso mo Modimong ka boene, mo e leng gore ope fela yo o nang le temogo a ka nna le thuso mo go ene? A Mothatayotlhe o na le kgatlhego epe ya go bo o le tshiamo, kgotsa o boelwa ke sengwe fela ka go bo o dira tsela ya gago go nna e e se nang molato?” (Jobe 22:1-3) A o kile wa ipotsa gore dikarabo tsa dipotso tseno ke dife? Fa Elifase wa Motemane a ne a botsa Jobe dipotso tseno, Elifase o ne a tsaya gore dikarabo tsa dipotso tseo ke nnyaa. Tsala ya gagwe e bong Biledade wa Moshuha, o ne a bo a tlhalosa gore ga go kgonege gore Modimo a ka leba batho e le basiami.—Bala Jobe 25:4.

2 Bagomotsi bano ba maaka ba ne ba re Jehofa ga a na sepe le matsapa a re a tsayang go mo direla ka boikanyegi le gore re tshwana fela le motoutwane le seboko mo go ene. (Jobe 4:19; 25:6) Go ka nna ga lebega e kete Eliafase le Biledade ba ne ba le boikokobetso. (Jobe 22:29) Tota e bile, fa o eme mo godimo ga thaba kgotsa o lebile kwa tlase o le mo sefofaneng, ditiro tse batho ba di dirang di ka lebega di se botlhokwa go le kalo. Le fa go ntse jalo, a eo ke tsela e Jehofa a lebang tiro e re e direlang Bogosi fa a ntse a lebile lefatshe a le kwa legodimong? Jehofa o ne a tlhalosa gore o ikutlwa jang fa  a ne a kgalema Eliafase, Biledade le Sofare ka gonne ba ne ba bua maaka mme o ne a itumelela Jobe a bo a mmitsa, “motlhanka wa me.” (Jobe 42:7, 8) Ka jalo, ruri motho a ka kgona go “nna le thuso mo Modimong.”

“O MO NAYA ENG?”

3. Elihu o ne a reng ka tiro e re e direlang Jehofa, mme o ne a raya jang?

3 Jehofa ga a ka a kgalemela Elihu fa a ne a botsa Jobe jaana: ‘Fa ruri o se na molato, o naya Modimo eng, kgotsa ke eng se a se amogelang mo seatleng sa gago?’ (Jobe 35:7) A Elihu o ne a raya gore tiro e re e direlang Modimo ke matsapa a bophiri fela? Nnyaa. O ne a raya gore Jehofa ga a ikaega ka gore a re a mo obamela kgotsa ga re mo obamele. Jehofa ga a tlhoke sepe. Ga re ka ke ra kgona go dira gore a nne le maatla a a oketsegileng. Go farologana le seo, molemo, bokgoni kgotsa nonofo epe e re nang le yone re e filwe ke Modimo mme o ela tlhoko tsela e re e dirisang ka yone.

4. Jehofa o tshwantsha go aba ga rona le eng?

4 Fa re direla batlhanka ba ga Jehofa dilo tse di molemo, Jehofa o leba dilo tseo jaaka e kete re di direla ene. Diane 19:17 ya re: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” A temana eno e raya gore Jehofa o bona tiro nngwe le nngwe e e molemo e e direlwang batho ba maemo a a kwa tlase? A re ka swetsa ka go re Mmopi wa lobopo o tsaya gore o kolota batho ba ba direlang ba bangwe ditiro tse di molemo le gore o leba ditiro tseo e le sekoloto se a tshwanetseng go se duela ka kamogelo le masego? Ee go ntse jalo, tota e bile Morwa Modimo o ne a supela boammaaruri jwa seno.—Bala Luke 14:13, 14.

5. Re tlile go sekaseka dipotso dife?

5 Jehofa o ne a kopa moporofeti Isaia gore a bue mo boemong jwa gagwe le go tlhalosa gore Jehofa o itumelela gore batho ba ba ikanyegang le bone ba nne le seabe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa gagwe. (Isa. 6:8-10) Isaia o ne a dira fela jaaka Jehofa a mo kopile. Gompieno batho ba le bantsi ba diragatsa mafoko ano a a reng, “Ke fano! Roma nna,” ba dira jalo ka go dira dikabelo tse di seng motlhofo mo tirelong ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A matsapa a ke a tsayang a botlhokwa go le kalo? Le fa Jehofa a mpontshitse bopelonomi ka go ntetla gore ke ithaope le go nna le seabe mo tirelong ya gagwe, a ga a kitla a dira sepe fela se se tlhokegang gore a diragatse Lefoko la gagwe go sa kgathalesege gore nna ke tlhopha go dira go le kana kang?’ Ela tlhoko kafa se se diragetseng mo motlheng wa ga Debora le Barake se arabang dipotso tseno ka gone.

BA NE BA BOIFA MME MODIMO A BA NONOTSHA

6. Baiseraele ba ne ba farologane jang le masole a ga Jabine?

6 Baiseraele ba ne ba ‘tshwarwa makgwakgwa’ ke Kgosi ya Kanana e bong Jabine dingwaga di le 20. Tota e bile, batho ba ne ba tshaba go tsamaya mo motseng. Masole a Iseraele a ne a se na dibetsa tsa go lwa kgotsa tsa go iphemela mme baba ba bone ba ne ba na le dikara tsa ntwa di le 900 tse di nang le ditshipi.—Baatlh. 4:1-3, 13; 5:6-8. *

7, 8. (a) Jehofa o ne a laela Barake gore a dire eng? (b) Baiseraele ba ne ba fenya jang masole a ga Jabine? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa mosadi e bong Debora gore a neye Barake taelo eno: “Tsamaya mme o ikale mo Thabeng ya Tabore, mme o tsamaye le banna ba le dikete di le lesome ba ba tswang mo go bomorwa Nafetali le mo go bomorwa Sebulone. Mme ruri ke tla gogela kwa go wena Sisera molaodi wa masole a ga Jabine fa  mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone le dikara tsa gagwe tsa ntwa le boidiidi jwa gagwe, mme ruri ke tla mo tsenya mo seatleng sa gago.”—Baatlh. 4:4-7.

8 Molaetsa oo o ne wa anama. Baithaopi ba ne ba ya kwa Thabeng ya Tabore. Barake ga a ka a senya nako, o ne a dira jaaka Jehofa a ne a mo laetse. (Bala Baatlhodi 4:14-16.) Fa ntwa e ntse e fagile kwa Taanake, pula ya matlakadibe e e neng ya na ka tshoganyetso e ne ya dira gore go tlale seretse mo tikologong eo. Barake o ne a lelekisa masole a ga Sisera go ya kwa Haroshethe e leng sekgala sa dikilometara di le 24. Fa Sisera a ntse a sia, o ne a tlogela kara ya gagwe e e boifisang e e neng e sa tlhole e na le mosola mme a tshabela kwa Saananime e e gaufi le Kedeshe. O ne a tshabela mo mogopeng wa ga Jaele mosadi wa ga Hebere wa Mokene, mme Jaele o ne a mo amogela. E re ka a ne a lapisitswe ke go lwa, o ne a thulamela. Jaanong go ne go le motlhofo gore Jaele a mmolaye e leng sengwe se se neng se bontsha bopelokgale. (Baatlh. 4:17-21) Mmaba wa Iseraele o ne a fentswe! *

TSELA E E FAROLOGANENG YA GO LEBA TIRO YA GO ITHAOPA

9. Ke dintlha dife tse Baatlhodi 5:20, 21 e re nayang tsone malebana le ntwa ya Baiseraele kgatlhanong le Sisera?

9 Go botlhokwa gore re ithute Baatlhodi kgaolo 4 le 5 ka nako e le nngwe ka gonne kgaolo nngwe le nngwe e tlhalosa dintlha tse di seyong mo go e nngwe. Ka sekai, Baatlhodi 5:20, 21 e bega jaana: “Dinaledi di ne tsa tlhabana di le kwa legodimong, di ne tsa tlhabana le Sisera di le mo medikologong ya tsone. Molatswana o o phothoselang wa Kishone o ne wa di gogola.” A seno se raya gore baengele ba ne ba thusa mo ntweng eno kgotsa a go ka tswa go ile ga nna le maje a magolo a a tswang kwa lefaufaung a a ileng a wela mo lefatsheng? Baebele ga e bue sepe. Ga go pelaelo gore Jehofa ke ene a neng a nesa pula ya matlakadibe e e neng ya dira gore dikara di le 900 tsa Bakanana di palelwe ke go tsamaya. Mo go Baatlhodi 4:14, 15, go umakiwa makgetlo a le mararo gore Jehofa ke ene a fentseng. Ga go na ope wa baithaopi ba Iseraele ba le 10 000 yo o neng a ka bua gore ke ene a dirileng gore ba fenye.

10, 11. “Merose” e ne e le eng, mme ke eng fa e ne e hutsitswe?

10 Le fa go ntse jalo, fa Debora le Barake ba ntse ba opelela Jehofa pina ya phenyo, ba ne ba opela jaana: “‘Hutsang Merose,’ ga rialo moengele wa ga Jehofa, ‘hutsang banni ba gone lo sa kgaotse, gonne ga ba a tla go thusa Jehofa, go thusa Jehofa ba na le ba ba thata.’”—Baatlh. 5:23.

11 Merose e ne e hutsitswe thata jaana mo e leng gore go thata go itse gore e ne e le eng. A e ka tswa e ne e le motse o baagi ba one ba ileng ba palelwa ke go ithaopa? Fa e le gore motse oo o ne o le mo tseleng e Sisera a neng a tshaba ka yone, a gongwe baagi ba one ba ile ba palelwa ke go mo tshwara? Tota ke eng se se ka tswang se dirile gore ba se ka ba ithaopa fa Jehofa a ne a ba kopa go dira jalo? Kana e bile, batho ba le 10 000 ba metse e e gaufi le Merose ba ne ba ithaopela go ya ntweng. Akanya fela batho ba kwa Merose ba bona motlhabani yono fa a ntse a taboga mo mebileng ya bone a le nosi e bile a tshogile. Eno e ka bo e ne e le tshono e ntle ya gore ba nne le seabe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa le gore a ba segofatse. Le fa go ntse jalo, ka nako eo ya botlhokwa fa ba ne ba na le tshono ya go dira sengwe, ba ne ba itshela moriti o o tsididi. Seo se ne se farologane le se Jaele a neng a se dira jaaka go tlhalosiwa mo ditemaneng tse di latelang tsa kgaolo eo.—Baatlh. 5:24-27.

12. Re bona pharologanyo efe mo gare ga batho ba go buiwang ka bone mo go Baatlhodi 5:9, 10, mme seno se tshwanetse sa re ama jang gompieno?

12 Mo go Baatlhodi 5:9, 10, re bona pharologanyo  magareng ga batho ba ba neng ba ya kwa ntweng le Barake le ba ba neng ba sa ya. Debora le Barake ba ne ba akgola “balaodi ba Iseraele, ba e neng e le baithaopi mo gare ga batho.” Ruri ba ne ba farologane le “bapalami ba diesele tse di namagadi tse di bohibidu jo bosetlhana,” ba ba neng ba ikgogomosa thata e bile ba gana go nna le seabe mo ntweng, ba ‘nna mo diphateng tsa boleng jo bo kwa godimo’ e bile ba rata botshelo jwa manobonobo! Gape batho ba ba neng ba tsamaya le Barake go ya ntweng kwa thabeng ya Tabore le kwa mokgatšheng wa Kishone o o tletseng seretse, ba ne ba farologane le “ba [ba] tsamayang mo tseleng,” ba ba neng ba ipatlela botshelo jo bo motlhofo fela! Batho botlhe ba ba ratang menate ba ne ba kgothalediwa gore ba ‘akanye!’ Eleruri ba ne ba tshwanetse go akanya ka tshono e e ba fetileng ya go nna le seabe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Batho ba ba ikgogonang go direla Modimo ka botlalo le bone ba tshwanetse go dira jalo.

13. Lotso lwa ga Rubene, Dana le Ashera lo ne lo farologane jang le lwa ga Sebulone le Nafetali?

13 Batho ba ba neng ba ithaopa ba ne ba iponela kafa Jehofa a tlotlomatsang bolaodi jwa gagwe ka gone. Ba ne ba na le sengwe sa botlhokwa se ba ka buang ka sone fa ba ntse ba “anela ditiro tse di siameng tsa ga Jehofa.” (Baatlh. 5:11) Kafa letlhakoreng le lengwe, Baatlhodi 5:15-17 e tlhalosa gore batho ba lotso lwa ga Rubene, Dana le Ashera ba ne ba tlhomile mogopolo thata mo dikhumong e leng matsomane le dikepe tsa bone go na le go tlhoma mogopolo mo tirong e Jehofa a neng a laetse gore e dirwe. Go farologana le bone, ba lotso lwa ga Sebulone le Nafetali ba ne ba ‘sotla meya ya bone go ya losong [kgotsa ba tsenya matshelo a bone mo kotsing]’ gore ba eme nokeng Debora le Barake. (Baatlh. 5:18) Tsela e ditlhopha tseno tse pedi di neng di leba kgang ya go ithaopa ka yone, e re ruta thuto ya botlhokwa.

“BAKANG JEHOFA”

14. Re bontsha jang gore re ema nokeng bolaodi jwa ga Jehofa?

14 Gompieno ga re tlhoke go ya ntweng, go na le moo, re na le tshiamelo ya go bontsha gore re pelokgale ka go rera ka tlhagafalo. Go  na le tlhokego e kgolo mo phuthegong ya ga Jehofa go feta le fa e le leng pele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ithaopela go dira ditiro tse di farologaneng mo tirelong ya nako e e tletseng jaaka go nna babulatsela, maloko a Bethele le baithaopi ba ba agang Diholo Tsa Bogosi. Mme gape ba bangwe ba ithaopa kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Gape akanya ka bagolwane ba ba nang le maikarabelo a magolo mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo le mo go rulaganyeng dikopano. Tlhomamisegang gore Jehofa o anaanela tiro e lo e dirang e bile ga a na go e lebala.—Baheb. 6:10.

Pele ga o dira tshwetso, akanya ka gore e tla ama jang ba lelapa la gago le phuthego (Bona serapa 15)

15. Re ka itse jang gore a re direla Jehofa ka botlalo?

15 Go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A ke itumelela gore batho ba bangwe e nne bone ba berekang thata? A ke letla go tlhoma mogopolo mo go nneng le dikhumo go dire gore ke se ka ka kgona go ithaopa? Fela jaaka Barake, Debora, Jaele le baithaopi ba le 10 000, a ke na le tumelo le bopelokgale jwa go dira sotlhe se nka se kgonang gore ke diragatse taelo ya ga Jehofa? Fa e le gore ke batla go fudugela kwa toropong kgotsa kwa nageng e nngwe gore ke nne le madi a a oketsegileng, a ke rapela ka kgang eno le go akanyetsa gore e tla ama jang ba lelapa la me le phuthego?’ *

16. Le fa gone Jehofa a sa tlhoke sepe, ke eng se re ka mo nayang sone?

16 Jehofa o a re tlotla ka go re letla gore re eme bolaodi jwa gagwe nokeng. E re ka Diabolo a ile a raela batho gore ba tsuologele bolaodi jwa Modimo, fa o ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, o bontsha Satane gore o mo letlhakoreng la ga mang. Tumelo le boikanyegi tse di go tlhotlheletsang gore o ithaope mo tirong ya ga Jehofa ruri di a mo itumedisa. (Dia. 23:15, 16) E re ka o ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, a ka kgona go fetola yo o mo kgobang e bong Satane. (Dia. 27:11) Ka jalo, fa o ikobela Jehofa ka boikanyegi, tota o a bo o mo naya sengwe se a se tsayang se le tlhwatlhwakgolo e bile o a se itumelela.

17. Baatlhodi 5:31 ya re go tla direga eng mo isagweng?

17 Go ise go ye kae lefatshe le tla tlala ka batho ba ba emang nokeng bolaodi jwa ga Jehofa. Ruri re lebile pele go bona seo se direga! Re etsa Debora le Barake ka go opela jaana: “A baba botlhe ba gago ba nyelele jalo, Jehofa, a ba ba go ratang ba nne jaaka fa letsatsi le tswa ka thata ya lone.” (Baatlh. 5:31) Mafoko ano a tla diragadiwa fa Jehofa a tla bo a fedisa lefatshe leno le le boikepo! Fa ntwa ya Haramagedona e simologa, ga go kitla go tlhokega baithaopi ba ba tla lwantshang mmaba. Eo e tla bo e le nako ya gore re ‘eme fela mme re bone poloko ya ga Jehofa.’ (2 Ditir. 20:17) Fa nako eo e ise e goroge, re na le ditshono tse dintsi tsa go ema nokeng boikaelelo jwa ga Jehofa ka bopelokgale le ka tlhagafalo.

18. Tiro ya gago ya go ithaopa e ka thusa jang batho ba ba solegelwang molemo ke yone?

18 Debora le Barake ba ne ba simolola pina ya bone jaana, ba baka Molaodimogolo e seng batho: “Ka ntlha ya go ithaopa ga batho, bakang Jehofa.” (Baatlh. 5:1, 2) Ka tsela e e tshwanang, e kete tiro ya gago ya go ithaopa e ka tlhotlheletsa batho ba ba solegelwang molemo ke yone gore ba ‘bake Jehofa!’

^ ser. 6 Ditshipi tse di mo dikareng tseo e ka nna ya bo e le ditšhaka tse di bogale, tse di telele tse gongwe di neng di kobegile. Di ne di gokelelwa mo matlhakoreng a kara, gongwe mo tshiping e e tshwaraganyang maotwana a yone. Ke mang yo o neng a ka nna le sebete sa go atamela kara eo e e boifisang ya ntwa?

^ ser. 8 Go na le dintlha tse di oketsegileng ka pego eno e e kgatlhang mo setlhogong se se reng, “Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2015.

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng, “Go Tlhobaela ka Madi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2015.