SO mongwe ka Sontaga mo masimologong a bo1520, baagi ba motsana wa Meaux o o gaufi le Paris, ba ne ba sa dumele se ba se utlwang kwa kerekeng. Ba ne ba reeditse Diefangele di balwa ka puo ya bone ya Sefora e seng ka Selatine!

Moranodi wa Diefangele tseo e bong Jacques Lefèvre d’Étaples (Jacobus Faber Stapulensis ka Selatine) o ne a kwalela tsala ya gagwe a re: “O ka se dumele tsela e Modimo a thusang batho ba maemo a a kwa tlase ka yone gore ba tlhaloganye Lefoko la gagwe.”

Ka nako eo, Kereke ya Katoliki le baithutabodumedi ba kwa Paris ba ne ba thibela batho go dirisa dithanolo tsa Baebele tsa dipuo tse batho ba maemo a a kwa tlase ba neng ba di tlhaloganya. Ka jalo, ke eng se se dirileng gore Lefèvre a ranolele Baebele mo puong ya Sefora? Mme o ne a thusa jang batho ba maemo a a kwa tlase go tlhaloganya Lefoko la Modimo?

GO BATLA BOKAO JWA MMATOTA JWA DIKWALO

Pele Lefèvre a nna moranodi wa Baebele, tiro ya gagwe e ne e le go busetsa bokao jwa ntlhantlha jwa dibuka tsa bogologolo tsa filosofi le tsa thutabodumedi. O ne a lemogile gore tsela e e phoso e baranodi ba neng ba akanya ka yone e dirile gore ba fetole bokao jwa mekwalo ya bogologolo. E re ka a ne a batla go itse bokao jwa mmatota jwa mekwalo ya bogologolo, o ne a simolola go ithuta Baebele e Kereke ya Katoliki e neng e e dirisa thata e leng Vulgate ya Selatine.

Go ithuta ga gagwe Dikwalo go ile ga dira gore a feleletse a re: “Go ithuta boammaaruri ka Modimo ke gone fela go leretseng motho tsholofelo . . . ya boitumelo jwa mmatota.” Ka jalo, Lefèvre o ne a tlogela go ithuta filosofi mme a fetsa nako ya gagwe a ranola Baebele.

Lefèvre o ne a tlhabolola dibuka tse tlhano tsa Pesalema * ka Selatine mme ka 1509 o ne a gatisa diphetogo tseo go akaretsa le tse a ileng a di dira mo Vulgate. Go farologana le baithutabodumedi ba nako ya gagwe, o ne a leka ka natla go batla “bokao jwa mmatota” jwa ditemana tsa Baebele. Baithuti bangwe ba Baebele le balweladiphetogo ba ne ba latela mokgwa o a neng a ranola Dikwalo ka one.—Bona lebokoso le le reng, “ Kafa Lefèvre a Ileng a Tlhotlheletsa Martin Luther ka Gone.”

Lenaane la direto tse Modimo a bidiwang ka tsone mo bukeng ya Pesalema, jaaka le fitlhelwa mo Fivefold Psalter, Thanolo ya 1513

Lefèvre yo e neng e le Mokatoliki o ne a dumela gore diphetogo di ka dirwa mo kerekeng fa fela batho ba maemo a a kwa tlase ba ka rutiwa Dikwalo sentle. Mme seno se ne se ka direga jang e re ka nako eo Dikwalo tse di boitshepo di ne di le gone fela ka Selatine?

THANOLO YA BAEBELE E BOTLHE BA KA NNANG LE YONE

Matseno a Diefangele a bontsha gore Lefèvre o ne a eletsa gore batho botlhe ba nne le Baebele ka puo ya bone

Lefèvre o ne a rata Lefoko la Modimo thata mo a neng a ipeela mokgele wa go dira gore batho ba le bantsi ba nne le lone. Go fitlhelela mokgele oo, ka June  1523, o ne a gatisa dibolumo tse dinnye tse pedi tsa Diefangele ka puo ya Sefora. Go ne go le motlhofo gore batho ba maemo a a kwa tlase ba nne le Baebele eo e nnye ka gonne e ne e sa ture jaaka Baebele e tona.

Batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba itumetse thata. Banna le basadi ba ne ba tlhagafaletse go bala mafoko a ga Jesu ka puo ya bone mo dikhopi tsa ntlha tse 1 200 di neng tsa fela morago ga dikgwedi di le mmalwa fela.

O NE A SIRELETSA BAEBELE KA BOPELOKGALE

Mo matsenong a Diefangele tsa gagwe, Lefèvre o ne a tlhalosa gore o ile a di ranolela ka Sefora gore “maloko a maemo a a kwa tlase” a kereke a “kgone go ithuta boammaaruri jo bo mo diefangeleng tseno fela jaaka ba ba nang le tsone ka Selatine.” Ke eng fa Lefèvre a ne a ikemiseditse go thusa batho ba maemo a a kwa tlase go tlhaloganya dithuto tsa Baebele?

Lefèvre o ne a itse sentle gore dithuto le difilosofi tse di sa siamang tsa batho di ile tsa senya Kereke ya Katoliki. (Mareko 7:7; Bakolosa 2:8) Mme o ne a tlhatswegile pelo gore nako e ne e gorogile ya gore Diefangele di “itsisiwe mo lefatsheng lotlhe gore batho ba se ka ba tlhola ba timediwa ke dithuto tse di phoso tsa batho.”

Lefèvre o ne a leka go senola dilo tse di phoso tse di neng di buiwa ke batho ba ba neng ba le kgatlhanong le Baebele ya Sefora. O ne a senola boitimokanyi jwa bone fa a ne a re: “Ba tla kgona jang go ruta [batho] go ikobela ditaelo tsa ga Jesu Keresete,  fa ba sa ikemisetsa go letla batho ba maemo a a kwa tlase gore ba bone le go bala Efangele ya Modimo ka puo ya bone?”—Baroma 10:14.

Ga go gakgamatse go bo baithutabodumedi ba Yunibesithi ya Paris ba bo ba ile ba itlhaganelela go leka go didimatsa Lefèvre. Ka August 1523, ba ne ba gana gore Baebele e ranolwe le go tlhalosiwa mo dipuong tsa batho botlhe ba re seo se “ka ama Kereke.” Fa Kgosi ya Fora e bong Francis I a ka bo a ne a sa tsereganya, Lefèvre a ka bo a ile a tsewa e le mokgelogi.

O NE A WETSA TIRO YA GAGWE GO SA ITSIWE

Lefèvre ga a ka a letla gore dikganetsano di mo iteye tsebe mo tirong ya gagwe ya go ranola Baebele. Ka 1524, morago ga go fetsa thanolo ya Dikwalo Tsa Segerika (tse di bidiwang Tesetamente e Ntšha), o ne a golola thanolo ya Pesalema ka Sefora gore badumedi ba kgone go rapela “ka pelo e e feletseng le ka maikutlo a a kwa teng.”

Baithutabodumedi ba kwa Yunibesithing ya Paris ga ba a ka ba senya nako, ba ile ba sekaseka ka kelotlhoko tiro ya ga Lefèvre. Ka bonako fela ba ne ba laela gore thanolo ya gagwe ya Dikwalo Tsa Segerika e fisiwe phatlalatsa ba re ditemana dingwe di “dumalana le magatwe a ga Luther.” Fa baithutabodumedi ba mmitsa gore a tle go itlhalosa, Lefèvre ga a ka a ba araba go na le moo, o ne a tshabela kwa Strasbourg. Fa a le koo, o ne a tswelela ka tiro ya go ranola Baebele mo sephiring. Le fa bangwe ba ne ba re go tshaba ga gagwe go ne go bontsha bogatlapa, ene o ne a dumela gore e ne e le tsela e e siameng ya go araba batho ba ba neng ba sa anaanele “diperela” tse di tlhwatlhwakgolo tse di mo Baebeleng.—Mathaio 7:6.

Morago ga ngwaga a tshabile, Kgosi Francis I o ne a tlhoma Lefèvre gore e nne motlhatlheledi wa morwawe wa dingwaga tse nnè e bong Charles. Kabelo eno e ne ya naya Lefèvre nako e ntsi ya go feleletsa go ranola Baebele. Ka 1530, Mmusimogolo Charles V o ne a ntsha tetla ya gore Baebele e e feletseng e Lefèvre a e ranotseng e gatisiwe kwa ntle ga Fora kwa Antwerp. *

GO SOLOFELA DILO TSE DIKGOLO MME A SA IKWATLHAYE

Lefèvre o ne a eleditse gore kereke e latlhe dingwao tsa batho mme e boele kwa kitsong ya boammaaruri ya Dikwalo. O ne a dumela ka pelo yotlhe gore “Mokeresete mongwe le mongwe o na le tshwanelo le tetla ya go bala Baebele le go e ithuta.” Ke ka moo a ileng a leka ka natla gore batho botlhe ba nne le Baebele. Le fa keletso ya ga Lefèvre ya go tlisa diphetogo tse dikgolo mo kerekeng e ile ya itaya se fololetse, Lefèvre o tlogetse boswa jo bogolo—o thusitse batho ba maemo a a kwa tlase go itse Lefoko la Modimo.

^ ser. 8 Fivefold Psalter e ne e na le dithanolo di le tlhano tsa Pesalema di tsentswe mo dikholomong tse di farologaneng go akaretsa le lenaane la direto tse Modimo a bidiwang ka tsone le leina la Modimo le le emelwang ke ditlhaka tse nnè tsa Sehebera e leng Thaterakeramatone.

^ ser. 21 Dingwaga tse tlhano moragonyana, ka 1535, moranodi wa Mofora e bong Olivétan o ne a golola thanolo ya Baebele e e neng e theilwe mo dipuong tsa ntlhantlha. O ne a dirisa dithanolo tsa ga Lefèvre fa a ranola Dikwalo Tsa Segerika.