Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE | REBEKA

“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”

“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”

REBEKA o ne a lebile naga e e tletseng matlapa fa meriti e ntse e boa. Morago ga loeto lwa dibeke di le mmalwa, o ne a setse a tlwaela motsamao wa kamela wa go kgoshoba fa a ntse a kaletse mo mokwatleng wa yone. Ba ne ba setse ba tsamaile makgolokgolo a dikilometara ba tlogetse legae la gaabo kwa Harana, kwa bokonebotlhaba. A ka nna a se tlhole a bona ba lelapa la gaabo. Ga go pelaelo gore o ja marapo a tlhogo, o ipotsa gore isagwe e mo tsholetseng—segolobogolo ka a tloga a fitlha kwa a yang teng.

Mokoloko ono o ne o setse o fetile bontsi jwa lefatshe la Kanana mme o raletse naga e e bulegileng e e makgawekgawe, ya Negebe. (Genesise 24:62) Rebeka o tshwanetse a bo a ile a bona dinku. Naga eno e ka tswa e ne e omeletse mo o ka se kgoneng go lema mo go yone, mme gone, e ne e na le mafulo a a lekaneng. Mokaedi wa gagwe yo o godileng o ne a e tlwaetse. O ne a tshwere dikgang tse di monate a swegaswega pelo go di bolelela mong wa gagwe—Rebeka e ne e tlile go nna mosadi wa ga Isake! Le fa go ntse jalo, Rebeka a ka tswa a ne a ipotsa gore o ya go tshela botshelo jo bo ntseng jang mo nageng eno. Monna yo a tla mo nyalang e bong Isake, o tla bo a ntse jang? Kana ga ba ise ba ko ba kopane! A Isake o tla itumelela go mmona? Mme ene o tla ikutlwa jang ka Isake?

Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe gompieno, manyalo a motho a batlelwang molekane a ka tswa a sa tlwaelega. Mo mafelong a mangwe, manyalo a a ntseng jalo a tlwaelegile. Le fa o ka tswa o goletse kae, o ka tswa o dumela gore Rebeka o ne a sa itse se se larileng kwa pele. Tota e ne e le mosadi yo o pelokgale yo o nang le tumelo. Re tlhoka dinonofo tseno ka bobedi fa re lebana le diphetogo mo botshelong. Go na le dinonofo tse dingwe tse di kgatlhang le tse di sa bonweng motlhofo tse di amanang le tumelo ya ga Rebeka.

‘KE TLA GELA LE DIKAMELA TSA GAGO METSI’

Phetogo e kgolo e Rebeka a neng a lebana le yone e ne ya simolola ka tsela e go ka tswang go ne go bonala a e tlwaetse. A ka tswa a goletse kwa Harana e leng motse wa kwa Mesopotamia. Batsadi ba gagwe ba ne ba farologane le bontsi jwa batho ba kwa Harana. Ba ne ba sa obamele modimo wa ngwedi e bong Sin. Go na le moo, Modimo wa bone e ne e le Jehofa.—Genesise 24:50.

Rebeka e ne ya nna lekgarebe la maratagolejwa, le fa go ntse jalo, bontle jwa gagwe bo ne bo se na dibelebejane. O ne a le matlhagatlhaga, e bile o ne a tswelela a na le boitsholo jo bo phepa. E re ka lelapa la gaabo le ne le itsholetse, le ne le na le batlhanka, le fa go ntse jalo, Rebeka ga a ka a nenekediwa kgotsa a tshwarwa jaaka kgosigadi; o ne a rutilwe go dira ka natla. Fela jaaka bontsi jwa basadi ba nako eo ba ne ba dira, le ene o ne a dira ditiro tse di boima tsa mo gae, tse di akaretsang go gela lelapa metsi. Ka nako ya marolajokwe, o ne a sikara nkgo ya gagwe mo legetleng a bo a ya sedibeng.—Genesise 24:11, 15, 16.

Maitseboa mangwe, fa a sena go tlatsa nkgo ya gagwe, monnamogolo mongwe o ne a tabogela kwa go ene. O ne a mo raya a re: “Tsweetswee, nkhupise metsinyana mo nkgong ya gago.” O ne a kopa selo se sennye thata mme gone a bua ka maitseo a magolo! Rebeka o ne a kgona go bona gore monnamogolo yono o tswa kgakala. Ka jalo, o ne a folosa nkgo ka bonako mo legetleng mme a mo letla gore a nwe. Go na le go mo hupisa fela, o ne a mo siela metsi a a tsididi. O ne a lemoga gore monnamogolo yono o na le mokoloko wa dikamela di le lesome le gore go ne go se ope yo o di tsheletseng metsi mo mokorong. Rebeka o ne a kgona go bona gore monnamogolo yono o mo lebile ka kelotlhoko, ka jalo, o ne a batla go nna pelotshweu mo go ene ka mo a ka kgonang ka teng. Ka jalo o ne a re: “Ke tla gelela le dikamela tsa gago metsi go fitlha di fetsa go nwa.”—Genesise 24:17-19.

Ela tlhoko gore Rebeka ga a ka a siela dikamela thoti ya metsi fela, go na le moo, o ne a di nosa go fitlha di kgotsofala. Fa kamela e nyorilwe thata, e ka nwa dilitara tsa metsi di feta 95! Fa e le gore dikamela tseo tsotlhe di  le lesome di ne di tshwerwe ke lenyora thata, go raya gore Rebeka o ile a tshwanelwa ke go semelela. Mme gone, go bonala di ne di sa tshwarwa ke lenyora thata. * A mme gone Rebeka o ne a itse seo pele ga a ithaopela go di nosa? Legoka! O ne a batla e bile a iketleeleditse go dira ka natla gore a bontshe monnamogolo yono yo a sa mo itseng, moya wa go amogela baeng. Monnamogolo yono o ne a dumela gore Rebeka a mo thuse. Go tswa foo, o ne a mo leba ka kelotlhoko fa a ntse a boaboa a ga metsi a a tshela mo mokorong.—Genesise 24:20, 21.

Rebeka e ne e le senatla e bile a rata go amogela baeng

Sekao sa ga Rebeka se na le bokao jo bogolo tota mo go rona gompieno. Re tshela mo motlheng o moya wa boithati o ileng batho tlhogong. Jaaka go ile ga bolelelwa pele, batho ke “baithati,” ga ba rate go direla ba bangwe. (2 Timotheo 3:1-5) Bakeresete ba ba lekang go lwantsha mokgwa ono ba tla bo ba dira sentle fa ba akanya ka tsela e Baebele e tlhalosang lekgarebe leno ka teng, fa le ntse le boaboela kwa sedibeng.

Ga go pelaelo gore Rebeka o ne a lemoga tsela e monnamogolo yono a neng a mo lebile ka yone. O ne a sa mo leba ka tsela e e sa siamang; o ne a gakgametse, a ipotsa dipotso e bile a itumetse. Fa Rebeka a fetsa, monnamogolo yono o ne a mo fa dimpho—dibenyane tse di tlhwatlhwakgolo! Go tswa foo o ne a mmotsa jaana: “O morwadia mang? Mpolelela, tsweetswee. A go na le bonno kwa ntlong ya ga rrago gore re lale gone?” Fa a ne a mmolelela ka ba lelapa la gaabo, o ne a itumela le go feta. Rebeka o ne a oketsa jaana gongwe e le ka ntlha ya matlhagatlhaga: “Re na le lotlhaka le furu e ntsi, le lefelo la go lala”—ruri o ne a namotse monnamogolo yono, e re ka a ne a na le batho ba a tsamayang le bone. Go tswa foo o ne a tabogela kwa pele go ya go bolelela mmaagwe se se diragetseng.—Genesise 24:22-28, 32.

Go bonala sentle gore Rebeka o ne a rutilwe go amogela baeng. Eno ke nonofo e nngwe e go bonalang e nyelela gompieno—mme leno ke lebaka le lengwe la go etsa tumelo ya lekgarebe leno le le pelontle. Go nna le tumelo mo Modimong go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go amogela baeng. Jehofa o amogela batho botlhe, ka gonne o pelotshweu mo go botlhe e bile o batla gore baobamedi ba gagwe ba dire se se tshwanang. Fa re bontsha moya wa go amogela baeng, tota le mo bathong ba ba ka se kang ba re direla sepe, re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong.—Mathaio 5:44-46; 1 Petere 4:9.

“O TSEELE MORWAAKE MOSADI”

Monnamogolo yole wa kwa sedibeng ke mang? E ne e le motlhanka wa ga morwarraagwe rremogolo wa ga Rebeka e bong Aborahame. Ka jalo, o ne a amogelwa mo legaeng la ga Bethuele, rraagwe Rebeka. Leina la motlhanka yono e ka tswa e ne e le Eliesere. * Batho ba ba mo amogetseng ba ne ba mo fa dijo mme o ne a gana go di ja go fitlha a sena go ba bolelela boikaelelo jwa loeto lwa gagwe. (Genesise 24:31-33) E kete re a mmona a bua a rumaruma, ka gonne a ne a setse a bone bosupi jo bo popota jwa gore Modimo wa gagwe e bong Jehofa, o ne a mo segofatsa mo thomong eno ya botlhokwa. O ne a mo segofatsa jang?

Akanya fela Eliesere a ntse a tlotla kgang ya gagwe fa rraagwe Rebeka e bong Bethuele, le kgaitsadia Rebeka e bong Labane ba reeditse ka tlhoafalo. O ne a ba bolelela gore Jehofa o segofaditse Aborahame fela thata kwa Kanana le gore Aborahame le Sara ba na le ngwana wa mosimane e bong Isake, yo e tla nnang moruaboswa. Aborahame o ne a neile motlhanka yono taelo eno e e botlhokwa thata: O ne a tshwanetse go batlela Isake mosadi mo losikeng lwa ga Aborahame kwa Harana.—Genesise 24:34-38.

Aborahame o ne a dira gore Eliesere a ikane gore ga a kitla a tlhophela Isake mosadi mo basading ba Kanana. Ka ntlha yang? Ka gonne Bakanana ba ne ba sa obamele Jehofa Modimo e bile ba sa mo tlotle. Aborahame o ne a itse gore Jehofa o tlhomile nako e a tlileng go otlhaya batho bao ba ba boikepo. O ne a sa batle gore morwawe yo a mo ratang e bong Isake, a amane le batho bao le mekgwa ya bone e e maswe. Gape o ne a itse gore morwawe o ne a na le seabe se segolo mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo.—Genesise 15:16; 17:19; 24:2-4.

Gape Eliesere o ne a ba bolelela gore fa a ne a goroga kwa sedibeng gaufi le Harana, o ne a rapela Jehofa Modimo. Tota o ne a kopa Jehofa gore a tlhophele Isake lekgarebe le a tla le nyalang. O ne a dira seo jang? Eliesere o ne a kopa Modimo gore a dire gore lekgarebe le A neng a batla gore Isake a le nyale le tle kwa sedibeng. Fa Eliesere a mo kopa metsi, o ne a tshwanetse go ithaopela go mo siela metsi le go nosa dikamela tsa gagwe. (Genesise 24:12-14) Mme ke mang yo o neng a tla mme a dira sone seo? Rebeka! Akanya fela gore Rebeka a ka tswa a ile a ikutlwa jang fa e le gore o ne a utlwa a le kgakajana se Eliesere a neng a se bolelela ba lelapa la gagwe!

Bethuele le Labane ba ne ba kgatlhiwa ke kgang ya ga Eliesere. Ba ne ba re: “Selo seno se tswa kwa go Jehofa.” Jaaka go ne go tlwaelegile, ba ne ba dira kgolagano ya lenyalo, ka go dira jalo, ba rebola Rebeka gore Jakobe a mmeeletse. (Genesise 24:50-54) A mme gone seno se ne se raya gore Rebeka ga a tshwanela go ntsha se se mo mafatlheng a gagwe?

Dibeke pelenyana ga moo, Eliesere o ne a ile a botsa Aborahame potso e e tshwanang: “Go tweng fa mosadi a ka se ka a tla le nna?” Aborahame o ne a mo araba jaana: “Foo o tla gololesega mo maikarabelong a o nang le one mo go nna ka ikano.” (Genesise 24:39, 41) Le mo lelapeng la ga Bethuele, lekgarebe leno le ne le tshwanetse go ntsha se se mo mafatlheng. E re ka Eliesere a ne a itumeletse gore thomo ya gagwe e atlegile, moso o o latelang o ne a kopa gore a tsamaye le Rebeka go ya Kanana. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gaabo Rebeka ba ne ba batla gore morwadiabone a nne le bone malatsi a mangwe a le lesome. Labofelo ba ne ba rarabolola kgang jaana: “Mma re bitse morweetsana mme re botse mo molomong wa gagwe.”—Genesise 24:57.

Rebeka o ne a tshwanetse go dira tshwetso ya makgaolakgang. O ne a tla reng? A o ne a tla rapela rraagwe le kgaitsadie gore ba mo utlwele botlhoko, a ba kopa gore ba mo golole gore a se ka a ya kwa nageng e a sa e itseng? Kgotsa a o ne a tla bona seno e le tshiamelo ya go nna le seabe mo ditiragalong tse go neng go bonala sentle gore di kaelwa ke Jehofa? Fa a ne a araba, o ne a bontsha gore o ikutlwa jang ka phetogo eno e e diragetseng ka bonako, gongwe e bile e le e e tshosang. Ga a ka a tikatika mme o ne a re: “Ke iketleeleditse go tsamaya.”—Genesise 24:58.

Ruri o ne a na le boikutlo jo bontle! Gompieno ditlwaelo tse di malebana le lenyalo di ka tswa di farologane thata, le fa go ntse jalo, re sa ntse re ka ithuta go le gontsi mo go Rebeka. Se se neng se le botlhokwa thata mo go ene e ne e le go baya dilo tse di direlwang Jehofa Modimo wa gagwe kwa pele. Le gompieno fa motho a batla go nyala, Lefoko la Modimo le sa ntse le na le kgakololo e e molemo—e e malebana le gore a ka tlhopha molekane yo o ntseng jang le gore a ka nna jang monna kgotsa mosadi yo o molemo. (2 Bakorintha 6:14, 15; Baefeso 5: 28-33) Re tla bo re dira sentle fa re latela sekao sa ga Rebeka le go dira dilo ka tsela e Modimo a e batlang.

“KE MANG MONNA YOLE?”

Bethuele le ba lelapa la gagwe ba ne ba segofatsa Rebeka. Go tswa foo, Rebeka, mosadi yo a neng a mo tlhokomela fa a sa le monnye e bong Debora le basetsana bangwe ba malata, ba ne ba wela tsela le Eliesere le banna ba gagwe. (Genesise 24:59-61; 35:8) Go ise go ye kae, ke fa ba setse ba hularetse Harana. Loeto lo ne lo loleele, dikilometara di ka nna 800, mme lo ka tswa lo ile lwa tsaya dibeke di le tharo. Lo ka tswa lo ne lo lapisa. Rebeka o ne a tlhola a bona dikamela, mme gone, re ka se ka ra re o ne a kgona go di palama. Baebele e tlhalosa ba lelapa la gaabo e le barui ba letsomane e seng bagwebi ba ba neng ba tsamaya ka mekoloko ya dikamela. (Genesise 29:10) Gantsi bapalami ba dikamela ba ba se nang maitemogelo ba ngongoregela gore e a kokonela—le fa o e palame nako e khutshwane fela!

Gone mme, Rebeka o ne a lebile pele, e bile ga go pelaelo gore o ne a leka go ithuta go le gontsi ka Isake le ka ba lelapa la gaabo mo go Eliesere. Akanya fela monnamogolo yono a ntse a bua le ene fa ba ntse ba itisitse ba ora molelo, a mmolelela ka se Jehofa a se solofeditseng tsala ya Gagwe e bong Aborahame. Modimo o ne a tla dira gore mo losikeng lwa ga Aborahame go tswe mongwe yo o neng a tla tlisetsa batho botlhe masego. Akanya fela kafa pelo ya gagwe e ileng ya phophoma ka boitumelo le kanaanelo ka teng fa a lemoga gore tsholofetso ya ga Jehofa e tla diragadiwa ka yo e tla nnang monna wa gagwe e bong Isake—se se rayang gore e ne e tla diragadiwa le ka ene!—Genesise 22:15-18.

Rebeka o ne a bontsha nonofo ya botlhokwa le e e sa bonweng motlhofo e leng boikokobetso

Labofelo, letsatsi lele le re buileng ka lone kwa tshimologong ya setlhogo seno, le ne la fitlha. Fa mokoloko ono o ntse o raletse naga ya Negebe e bile go simolola go nna lotlatlana, Rebeka o ne a bona monna mongwe a tsamayatsamaya mo nageng. Go lebega monna yono a ne a ja marapo a tlhogo. Re bala jaana: “A photsa mo kameleng,”—gongwe e bile a sa e emele gore e khubame—a bo a botsa mokaedi wa gagwe jaana: “Ke mang monna yole yo o tsamayang mo nageng a tla go re kgatlhantsha?” Fa a utlwa gore ke Isake, o ne a ipipa tlhogo ka letsela. (Genesise 24:62-65) Goreng a ne a dira jalo? Go bonala sentle gore seo e ne e le sesupo sa gore o tlotla monna yo a tla mo nyalang. Bangwe gompieno ba ka tsaya gore go dira jalo ke dilo tsa bogologolo. Le fa go ntse jalo, tota banna le basadi ba ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Rebeka sa boikokobetso, ka gonne rotlhe re tlhoka go nna le nonofo eno e e kgatlhang!

Isake yo o neng a le dingwaga di ka nna 40, o ne a sa ntse a hutsafaditswe ke loso lwa ga mmaagwe e bong Sara, yo o neng a tlhokafetse dingwaga di ka nna tharo tse di fetileng. Ka jalo, re ka nna ra swetsa ka gore Isake e ne e le motho yo o lorato le yo o bonolo. Ruri seno e ne e le tshegofatso gore monna yo o ntseng jalo a nyale mosadi wa senatla, yo o ratang go amogela baeng e bile a le boikokobetso! Bobedi jono bo ne jwa tshedisana jang? Baebele e tlhalosa jaana: Isake “a mo rata.”—Genesise 24:67; 26:8.

Tota le rona, morago ga dingwaga di ka nna 3 900, go motlhofo gore re rate Rebeka. Re ka bontsha jang gore re anaanela bopelokgale, bonatla, moya wa gagwe wa go amogela baeng le boikokobetso jwa gagwe? Rotlhe—ba bannye le ba bagolo, banna le basadi, banyalani le ba ba seng mo lenyalong—re tla bo re dira sentle fa re etsa tumelo ya gagwe!

^ ser. 10 Go ne go setse go le maitseboa. Pego eno ga e re bolelele gore Rebeka o ne a diegile thata kwa sedibeng. Ga e bontshe gore ba lelapa la gaabo ba ne ba robetse fa a fitlha kwa gae kgotsa gore mongwe o ne a mo latela go ya go bona gore ke eng fa a diegile kwa sedibeng.

^ ser. 15 Eliesere ga a umakiwe mo pegong eno, mme gone, go bonala e le ene motlhanka yo go buiwang ka ene. Nako nngwe Aborahame o ne a batla gore Eliesere e nne moruaboswa wa dithoto tsotlhe tsa gagwe fa go ne go ka direga gore a se ka a nna le ngwana yo e tla nnang moruaboswa, ka jalo, go bonala e ne e le ene motlhanka yo mogolo le yo Aborahame a neng a mo tshepa thata. Motlhanka wa mo pegong eno le ene o tlhalosiwa ka tsela eno.—Genesise 15:2; 24:2-4.