A o kile wa iphitlhela o akabetse fa mongwe yo o atamalaneng le ene a hutsafaditswe ke loso lwa mongwe yo a mo ratang? Ka dinako dingwe re ka nna ra se ka ra itse gore re reng kgotsa re direng—ka jalo, re feleletsa re didimala fela re phutha diatla. Mme gone, go na le dilo tse di molemo tse re ka di dirang go thusa.

Gantsi go tlhokega fela gore o nne teng le go bua mafoko a se kae fela a a jaaka, “ke maswabi.” Mo ditsong di le dintsi, go tlamparela motho kgotsa go mo tshwara seatla, ke tsela e e molemo ya go mmontsha gore o a amega. Fa motho yo o swetsweng a batla go bua, mo reetse ka tsela e e bontshang gore o mo utlwela botlhoko. Se se molemo go gaisa, direla lelapa le le tlhokafaletsweng sengwe, gongwe ba direle ditiro tsa mo gae tse ba sa kgoneng go di dira, tse di jaaka go apaya, go tlhokomela bana kgotsa go thusa ka dithulaganyo tsa phitlho fa e le gore ba a dumela. Go dira jalo go ka ba gomotsa go gaisa mafoko a a builweng ka botswerere thata.

Fa nako e ntse e ya, o ka nna wa tlhotlheletsega go bua ka motho yoo yo o tlhokafetseng, gongwe o bua ka dinonofo tsa gagwe tse di molemo kgotsa maitemogelo a gagwe a a itumedisang. Metlotlo e e ntseng jalo e ka nna ya itumedisa motho yo o tlhokafaletsweng. Ka sekai, Pam—yo o neng a swelwa ke monna wa gagwe, Ian, dingwaga di le thataro tse di fetileng—a re: “Ka dinako dingwe batho ba mpolelela dilo tse di molemo tse Ian a di dirileng  tse ke neng ke sa itse ka tsone, mme seno se dira gore ke itumele.”

Babatlisisi ba bega gore batho ba le bantsi ba ba tlhokafaletsweng ba thusiwa thata kwa tshimologong, mme gone, ka bonako fela fa ditsala tsa bone di simolola go tshwarega ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, di tlhokomologa dilo tse batho bano ba di tlhokang. Ka jalo, leka gore ka metlha o lekole tsala ya gago e e tlhokafaletsweng le e leng morago ga phitlho. * Batho ba le bantsi ba ba tlhokafaletsweng ba itumelela seno thata ka gonne se ba thusa gore ba se ka ba hutsafala ka lobaka lo loleele.

Akanya ka sekai sa ga Kaori, lekgarebe la kwa Japane le le neng la hutsafadiwa ke loso lwa ga mmaagwe mme morago ga dikgwedi di le 15 la tlhokafalelwa ke mogolowe wa mosetsana. Se se itumedisang ke gore, ditsala tsa gagwe tse di ikanyegang di ne tsa tswelela di mo ema nokeng. Mongwe wa bone yo o bidiwang Ritsuko, yo o mo fetang fela thata, o ne a ithaopela go nna tsala ya gagwe e kgolo. Kaori a re, “Go bua boammaaruri, ke ne ke sa itumelela seo. Ke ne ke sa batle gore ope a tseye maemo a ga mmè e bile ke sa dumele gore ope a ka kgona go dira jalo. Mme gone, tsela e Mama Ritsuko a neng a ntshwara ka yone, e ne ya dira gore ke atamalane le ene. Beke le beke re ne re ya go rera mmogo e bile re ya dipokanong tsa Bokeresete mmogo. O ne a ntaletsa gore re ye go nwa tee mmogo, a ntlisetsa dijo, e bile a nna a nkwalela makwalo le dikarata. Boikutlo jo bo siameng jwa ga Mama Ritsuko bo ne jwa ntlhotlheletsa ka tsela e e siameng.”

Go setse go fetile dingwaga tse some le bobedi mmaagwe Kaori a tlhokafetse, mme gompieno ene le monna wa gagwe ke bareri ba nako e e tletseng. Kaori a re, “Mama Ritsuko o sa ntse a amega ka nna. Ka metlha fa ke ile gae, ke a mo etela re bo re itumelela botsala jo bo agang.”

Sekao se sengwe sa mongwe yo o neng a solegelwa molemo ke go engwa nokeng, ke Poli, Mosupi wa ga Jehofa wa kwa Cyprus. Poli o ne a na le monna yo o pelonomi e bong Sozos, yo e neng e le modisa wa Mokeresete yo o tlhomang sekao se se molemo ka go nna a laletsa masiela le batlholagadi kwa legaeng la gagwe, gore ba itumelele botsala le go ja mmogo. (Jakobe 1:27) Ka maswabi, Sozos o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 53 ka ntlha ya tlhagala ya boboko. Poli a re, “ke ne ka tlhokafalelwa ke monna wa me yo o ikanyegang morago ga go nna mmogo dingwaga tse 33 re nyalane.”

Batla ditsela tsa go thusa ba ba tlhokafaletsweng

Morago ga phitlho, Poli o ne a fudugela kwa Canada le morwawe yo mmotlana wa dingwaga tse 15 e bong Daniel. Fa ba le koo, ba ne ba kopanela le phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Poli a re, “bakaulengwe ba mo phuthegong ya rona e ntšha ba ne ba sa itse sepe ka se se re diragaletseng le ka maemo a rona a a boima. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa ba thibela go re atamela, go re gomotsa ka mafoko a bopelonomi le go re thusa. Ruri eno e ne e le thuso e e botlhokwa thata, segolobogolo mo nakong eo e morwaake a neng a tlhoka rraagwe thata! Ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba ne ba bontsha gore ba kgatlhegela Daniel fela thata. Mongwe wa bone o ne a tlhomamisa gore o laletsa Daniel fa a ya go itapolosa le ditsala tsa gagwe kgotsa fa ba ya go tshameka bolo.” Gone jaanong Poli le morwawe ba tsweletse sentle.

Tota go na le dilo tse dintsi tse re ka di dirang go thusa le go gomotsa batho ba ba tlhokafaletsweng. Gape Baebele e re gomotsa ka tsholofelo e e itumedisang ya isagwe.

^ ser. 6 Bangwe ba ile ba bo ba tshwaya letlha le motho a tlhokafetseng ka lone mo khalendareng gore ba gakologelwe go gomotsa yo o tlhokafaletsweng—ka letlha leo kgotsa matlha a a gaufi le lone—ka nako e a tlhokang kgomotso thata.