Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go botlhokwa go tlotla go sa le gale e bile lo phuthologile

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Gateletswe ke Bolwetse Jo bo Sa Foleng

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Gateletswe ke Bolwetse Jo bo Sa Foleng

DOREEN o ne a tshogile tota fa go lemogiwa gore monna wa gagwe wa dingwaga di le 54 e bong Wesley, o na le tlhagala e e kotsi mo bobokong. * Dingaka di ne tsa re o tlile go tlhokafala morago ga dikgwedi di le mmalwa. Doreen a re: “Ke ne ke sa dumele se ke se utlwang. Ke ne ka fetsa dibeke ke gamaregile. E ne e kete ga se selo sa mmatota e bile ke ne ke sa ipaakanyetsa maemo ao.”

Ka maswabi, go tlwaelegile gore batho ba ikutlwe jaaka Doreen. Mongwe le mongwe a ka tshwarwa ke bolwetse jo bo sa foleng ka nako nngwe le nngwe. Batho ba ba iketleeleditseng go tlhokomela baratiwa ba bone ba ba nang le bolwetse jo bo sa foleng ba tlhoka go akgolwa. Mme gone, ke kgwetlho e kgolo go tlhokomela mongwe yo o gateletsweng ke bolwetse. Malapa a ka dira eng go tlhokomela baratiwa ba bone ba ba gateletsweng ke bolwetse? Ba ka itshoka jang fa maikutlo a bone a ntse a fetofetoga fa ba ntse ba tlhokometse motho yono yo o lwalang? Fa motho yono a le gaufi le go tlhokafala, ba ka solofela eng? A re simolole ka go sekaseka gore ke eng fa e le kgwetlho e kgolo go tlhokomela motho yo gateletsweng ke bolwetse jo bo sa foleng.

BOTHATA JWA GOMPIENO

Saense ya tsa kalafi e fetotse tsela e e tlwaelegileng e batho ba neng ba tlhokafala ka yone. Mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng kgotsa go feta, batho ba ne ba sa tshele lobaka lo loleele. Malwetse a a tshelanwang le dikotsi, di ne di dira gore ba tlhokafale ka bonako. Go ne go se na maokelo a mantsi e bile batho ba le bantsi ba ne ba tlhokomelwa ke malapa a bone go fitlha ba tlhokafala.

Gompieno, go tlhabologa ga tsa kalafi go dirile gore dingaka di kgone go lwantshana le malwetse gore batho ba tshele lobakanyana. Bogologolo go ne go na malwetse a a neng a dira gore batho ba tlhokafale ka bonako.  Gompieno kalafi e dira gore motho a fetse dingwaga di le dintsi a tshwerwe ke bolwetse joo. Le fa go ntse jalo, go oketsa dingwaga tsa botshelo ga go reye gore o tla fola. Gantsi balwetse ba feleletsa ba na le makoa a a dirang gore ba palelwe ke go itlhokomela. Go tlhokega dilo di le dintsi e bile ga go motlhofo go tlhokomela motho yo o ntseng jalo.

Gompieno batho ba le bantsi ba tlhokafalela kwa bookelong. Batho ka bontsi ga ba itse gore go direga eng fa motho a tlhokafala e bile ke ba le mmalwa fela ba ba kileng ba bona seo se direga. Ka jalo, batho bangwe ba tshaba go tlhokomela mongwe wa lelapa yo o lwalang ka gonne ba tshaba go bona se se ka diregang fa ba ntse ba mo tlhokometse. Ke eng se se ka thusang?

GO BAAKANYA DITLAMELWANA TSA PULA GO SA LE GALE

Fela jaaka go diragaletse Doreen, batho ba le bantsi ba ikutlwa ba gaeletswe fa mongwe yo ba mo ratang a tsenwa ke bolwetse jo bo kotsi. Le fa gone o tlhobaela thata, o boifa e bile o utlwile botlhoko, ke eng se se ka go thusang go ipaakanyetsa se se larileng kwa pele? Motlhanka mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa o ne a rapela jaana: “Re bontshe gore re bale malatsi a rona jang ka tsela e ka yone re tla nnang le pelo e e botlhale.” (Pesalema 90:12) Rapela Jehofa Modimo ka tlhoafalo gore a go bontshe tsela e o ka ‘balang malatsi a gago’ ka botlhale ka yone, gore o kgone go dirisa nako e e setseng sentle le motho yo o mo ratang yo o lwalang.

Seno se tlhoka gore o rulaganye dilo sentle. Fa mongwe yo o mo ratang a sa ntse a kgona go bua e bile a batla go bua ka kgang eno, go molemo gore o mmotse gore ke mang yo o tshwanetseng go mo direla ditshwetso fa a setse a gateletswe. Go tlotla lo sa tshabe ka kgang ya gore a o batla go thusiwa mo lapeng, go isiwa kwa bookelong kgotsa go alafiwa ka tsela nngwe, go tla thusa ba lelapa gore ba se ka ba tlhakana tlhogo kgotsa ba ikutlwa molato fa ba tshwanetse go mo direla tshwetso fa a setse a gateletswe. Go tlotla go sa le gale e bile lo phuthologile go tla dira gore lelapa le ipaakanyetse go tlhokomela motho yoo. Baebele ya re: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.”—Diane 15:22.

KAFA O KA THUSANG KA GONE

Gantsi tiro e kgolo ya motlhokomedi ke go gomotsa motho yo o lwalang. Fa motho a gateletswe, o tlhoka go nna a bolelelwa gore o a ratiwa le gore ga a nosi. Seno se ka dirwa jang? Mmalele dibuka kgotsa o mo opelele dipina tse di gomotsang le tse a di ratang. Batho ba bantsi ba gomodiwa ke go bona mongwe wa lelapa a ba tshwara ka letsogo kgotsa a bua le bone ka bonolo.

Go molemo go nna o mmolelela gore ke bomang ba  ba mo etetseng. Pego nngwe ya re: “Mo ditemosing tsotlhe tse tlhano, gantsi ya go utlwa ke yone e nnang e dira fa tse dingwe di sule. Temosi eno e ka tswa e dira sentle le fa [molwetse] a lebega a robetse, ka jalo, o se ka wa bua sepe se se tla mo utlwisang botlhoko.”

Fa go kgonega, rapelang mmogo. Baebele ya re nako nngwe Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba le mo kgatelelong e kgolo e bile ba sa tlhomamisega gore a ba tla tshela. Ba ne ba kopa thuso efe? Paulo o ne a raya ditsala tsa gagwe a re: “Le lona lo ka thusa ka go re direla mokokotlelo [kgotsa go re rapelela]” (2 Bakorintha 1:8-11) Go botlhokwa go rapela go tswa pelong fa o tshwenyegile thata le fa o gateletswe ke bolwetse.

AMOGELA SEEMO

Go akanya gore mongwe yo o mo ratang o tla tlhokafala go ngomola pelo. Seno ga se gakgamatse ka gonne loso ga se selo sa tlholego. Ga re a bopelwa go amogela loso motlhofo fela. (Baroma 5:12) Ke sone se Lefoko la Modimo le reng loso ke “mmaba.” (1 Bakorintha 15:26) Ka jalo, ga go phoso e bile go tlwaelegile go sa batle go akanya ka loso lwa mongwe yo o mo ratang.

Le fa go ntse jalo, go ipaakanyetsa se se ka diregang go ka thusa ba lelapa go akanya ka gore ba ka lebana jang le maemo ao go na le go tshwenyega thata. Dingwe tsa dilo tse di ka diregang di umakilwe mo lebokosong le le reng, “ Malatsi a Bofelo a Botshelo.” Gone dilo tseno ga di diragalele molwetse mongwe le mongwe e bile ga go reye gore di diragala ka go latelana jaaka di kwadilwe. Le fa go ntse jalo, balwetse ba le bantsi ba diragalelwa ke dingwe tsa dilo tse di umakilweng mo lebokosong leo.

Fa motho yo o mo ratang a sena go tlhokafala, go ka nna molemo go bolelela mongwe yo lo atamalaneng le ene yo o neng a dumetse go thusa. Lelapa la motho yoo le ba ba neng ba mo tlhokomela, ba tlhoka go gomodiwa le go tlhomamisediwa gore ga a tlhole a utlwa botlhoko mme o ikhuditse. Mmopi wa batho yo o lorato o re tlhomamisetsa gore “baswi . . . ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5.

MOTLHOKOMEDI YO MOGOLO

Ga re a tshwanela go gana fa batho ba re thusa

Go botlhokwa go ikaega ka Modimo fa mongwe wa losika a gateletswe ke bolwetse le ka nako ya kutlobotlhoko fa a sena go tlhokafala. A ka go gomotsa le go go thusa a dirisa batho ba bangwe. Doreen a re: “Ke ne ka ithuta go amogela thuso nngwe le nngwe. Tota e bile batho ba ne ba re thusa thata. Nna le monna wa me re ne re itse gore ke Jehofa a re rayang a re ‘Ke fano go lo ema nokeng.’ Nka se lebale se se re diragaletseng.”

Jehofa Modimo ke ene Motlhokomedi yo mogolo. E re ka e le Mmopi wa rona, o tlhaloganya botlhoko jo re bo utlwang. O ikemiseditse go re naya thuso e re e tlhokang le go re gomotsa gore re itshoke. Se se itumedisang ke gore, o re solofeditse gore o tla fedisa loso le go tsosa batho ba ba tlhokafetseng. (Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:3, 4) Ka nako eo, botlhe ba tla bua mafoko ano a ga Paulo a a reng: “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?”—1 Bakorintha 15:55.

^ ser. 2 Maina a fetotswe.