Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE YA RENG KA BOTSHELO LE LOSO?

Baebele ya Reng ka Botshelo le Loso?

Baebele ya Reng ka Botshelo le Loso?

Fa re bala buka ya Baebele ya Genesise e e buang ka tshimologo ya popo, re utlwa gore Modimo o ne a raya motho wa ntlha e bong Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Mafoko ao a bontsha sentle gore fa Adame a ka bo a reeditse Modimo, a ka bo a sa swa mme o ne a tla tshelela ruri mo tshimong ya Edene.

Ka maswabi, Adame ga a ka a tlhopha go ikobela Modimo le go tshelela ruri. O ne a ja leungo le a neng a ileditswe go le ja fa mosadi wa gagwe e bong Efa a mo le naya. (Genesise 3:1-6) Gompieno re sa ntse re lebana le ditlamorago tsa go sa reetse ga ga Adame. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kgang eo jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) “Motho a le mongwe” yo go buiwang ka ene ke Adame. Boleo jo a bo dirileng ke bofe le gone goreng tuelo ya jone e le loso?

Se Adame a se dirileng, e leng go sa reetse Modimo kgotsa go tlola molao wa Gagwe ka boomo, ke boleo. (1 Johane 3:4) Mme tuelo ya boleo ke loso, fela jaaka Modimo a boleletse Adame. Fa Adame le bana ba a neng a tla nna le bone ba ne ba ka ikobela molao wa Modimo, ba ne ba ka se nne le boleo e bile ba ne ba ka se swe. Modimo o ne a sa bopela batho gore ba swe, o ne a ba bopetse go tshelela ruri.

 Ga go pelaelo gore “loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe” jaaka Baebele e buile. A mme go na le karolo nngwe mo go rona e e tswelelang e tshela fa re sena go swa? Batho ba le bantsi ba dumela gore moya wa rona o tswelela o tshela fa re sena go swa. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore Modimo o ne a sa bolelele Adame boammaaruri. Goreng re rialo? Ka gonne fa e le gore go na le sengwe mo go rona se se tswelelang se tshela kwa lefelong lengwe fa re sena go swa, go raya gore loso ga se tuelo ya boleo jaaka Modimo a buile. Baebele ya re: ‘Ga go kgonege gore Modimo a ake.’ (Bahebera 6:18) Tota Satane ke ene a neng a aketsa Efa fa a mo raya a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.”—Genesise 3:4.

Seo se dira gore re ipotse gore fa e le gore thuto ya gore moya ga o swe ke maaka, e le gore go direga eng ka rona fa re swa?

BAEBELE E TLHAMALATSA DILO

Pego ya Genesise e e buang ka popo ya re: “Mme Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” Mafoko a a reng “moya o o tshelang” a ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera e leng ne’phesh, le le kayang “setshedi se se hemang.”—Genesise 2:7.

Ka jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore ga go na ope yo o nang le moya o o sa sweng. Go na le moo, mongwe le mongwe ke “moya o o tshelang.” Fa o ka dira dipatlisiso, o tla lemoga gore ga go na Baebele epe e e nang le mafoko a a reng “moya o o sa sweng.”

E re ka Baebele e sa re batho ba na le moya o o sa sweng, goreng madumedi a le mantsi a ruta jalo? Go bona karabo ya potso eno, a re sekaseke se se neng se direga bogologolo kwa Egepeto.

THUTO YA MAAKA E A ANAMA

Rahisitori mongwe wa Mogerika yo o bidiwang Herodotus o ne a re Baegepeto ke bone “batho ba ntlha ba ba neng ba buelela kgang ya gore moya ga  o swe.” Bababelona ba bogologolo le bone ba ne ba tle ba bue ka kgang eno mme ba sena bosupi jo bo utlwalang. Ka nako ya fa Alexander yo Mogolo a fenya dinaga tsa Botlhabagare ka ngwaga wa 332 pele Jesu a tla mo lefatsheng, baitsefilosofi ba ne ba anamisa thuto eo mme ka bonako e ne ya anamela kwa mafelong a a neng a busiwa ke Puso ya Gerika.

Ga o ka ke wa bona Baebele epe e e nang le mafoko a a reng “moya o o sa sweng.”

Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, makoko a mabedi a Bajuda a a itsegeng, e leng Baesene le Bafarasai, a ne a ruta gore fa motho a swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela. Buka ya The Jewish Encyclopedia ya re: “Bajuda ba ne ba simolola go dumela gore moya ga o swe fa ba sena go utlwa gore Bagerika ba dumela thuto eo le ka go bala filosofi ya ga Plato.” Rahisitori wa bogologolo wa Mojuda e bong Josephus le ene o ne a sa amanye thuto eo le Dikwalo Tse di Boitshepo. O ne a e bitsa “tumelo ya Bagerika” e a neng a re ke nngwe ya dithuto tse ba di itlhametseng.

Fa thuto eno ya Bagerika e ntse e anama, batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba simolola go e dumela. Rahisitori mongwe e bong Jona Lendering a re, “Kgopolo ya ga Plato ya gore moya wa rona o kile wa bo o tshela kwa lefelong le le botoka mme jaanong o tshela mo lefatsheng le le bosula, e ne ya dira gore go nne motlhofo gore dithuto tsa gagwe di amanngwe le tsa Bokeresete.” Ka jalo, thuto ya maaka ya gore moya ga o swe, e ne ya amogelwa mo dikerekeng tse go tweng ke tsa Bakeresete mme ya nna yone ya botlhokwa mo dilong tse ba di dumelang.

“BOAMMAARURI BO TLA LO GOLOLA”

Ka lekgolo la ntlha dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa batho jaana: “Polelo e e tlhotlheleditsweng  e bolela ka tlhomamo gore mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Go bonala sentle gore o ne a bua boammaaruri! Thuto ya gore moya ga o swe ke nngwe ya “dithuto tsa madimona.” Baebele ga e dumalane le yone e bile e thuto eo e simologile bogologolo mo madumeding le mo difilosofing tsa maaka.

Se se itumedisang ke gore Jesu o ne a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Fa re ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng, re gololwa mo dithutong tse di sa galaletseng Modimo le mo ditirong tse madumedi a le mantsi a di amogelang. Gape dithuto tsa Lefoko la Modimo di re golola mo dithutong tsa maaka ka loso le ditirong tse di itlhametsweng.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “Baswi ba Kae?

Mmopi wa rona o ne a sa re bopela go tshela dingwaga di le 70 kgotsa 80 mo lefatsheng mme morago ga moo re bo re ya go tshelela ruri kwa lefelong lengwe la semoya. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng e le bana ba gagwe ba ba mo reetsang. Boikaelelo jono bo bontsha gore Modimo o rata batho e bile ga bo kitla bo fetoga. (Malaki 3:6) Mopesalema o ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Basiami ba tla rua lefatshe, Mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.—Pesalema 37:29.