Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go ntšhafatsa disele tsa mmele go ka dira gore re tshele lobaka lo loleele?

Batho ba Batla Ditsela Tsa go Tshela Lobaka lo Loleele

Batho ba Batla Ditsela Tsa go Tshela Lobaka lo Loleele

“Ke bone tiro e Modimo a e neileng . . . batho gore ba tshwarege mo go yone. O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.”Moreri 3:10, 11.

MAFOKO ano a a ileng a buiwa bogologolo ke Kgosi Solomone a tlhalosa sentle lebaka la go bo batho ba eletsa go tshela lobaka lo loleele. Gongwe seo se dirwa ke gore batho ba swa ka bonako e bile rotlhe re a itse gore letsatsi lengwe re tlile go swa. Go na le ditlhamane di le dintsi tse di buang ka batho ba ba neng ba batlana le ditsela tsa go tshela lobaka lo loleele.

A re tseye ka sekai Gilgamesh, kgosi ya kwa Sumaria. Go na le ditlhamane di le dintsi tse di buang ka botshelo jwa gagwe. Ga twe o ile a tswa letsholo la go ya go batlana le ditsela tsa go tshabela loso. Mme gone, o boile a iphotlhere.

Moitsesaense a le mo laboratoring ya gagwe

Ga twe bogologolo go ne go na le batho bangwe ba kwa China ba ba neng ba leka go dira motswako o ba dumelang gore fa motho a o nwa, o tla kgona go tshela lobaka lo loleele. Ba ile ba gakolosa selefera ba bo ba e tswakanya le khemikhale e e bidiwang aseniki. Ga twe motswako oo o ile wa bolaya dikgosi di le mmalwa tsa kwa China. Bogologolo tala kwa Yuropa, go ne go na le batho bangwe ba ba ileng ba leka go gakolosa gauta gore ba kgone go e nwa, ka gonne ba dumela gore e tla ba thusa gore ba tshele lobaka lo loleele.

Gone jaanong go na le bomankge ba ba batlisisang gore ke eng se se dirang gore batho ba tsofale. Fela jaaka batho ba re buileng ka bone, matsapa a bomankge bano a bontsha gore batho ba sa ntse ba batla tsela ya go tshela lobaka lo loleele ba sa swe. Mme ba fitlheletse eng?

MODIMO “O TSENTSE BOSAKHUTLENG MO PELONG YA BONE.”—MORERI 3:10, 11

BA BATLA GO ITSE GORE KE ENG FA RE TSOFALA

Bomankge ba ba dirang dipatlisiso ka disele tsa mmele wa motho ba ntshitse mabaka a feta 300 a a tlhalosang gore ke eng se se dirang gore re tsofale re bo re swa. Gone jaanong ba setse ba kgonne go dira gore disele tsa mmele wa motho di se ka tsa swa ka bonako le gore diphologolo di tshele lobaka lo loleele. Seno se dirile gore batho bangwe ba ba humileng ba neye bomankge bano tšhelete gore ba kgone go tswelela ka dipatlisiso tsa bone. Ke eng se bomankge bano ba se fitlheletseng?

Ba batla ditsela tsa gore motho a se ka a tsofala ka bonako. Bomankge bangwe ba dumela gore go na le sele nngwe ya mmele e fa e sa bereke sentle, e dirang gore motho a tsofale ka bonako. Sele eo ke yone e thusang gore tshedimosetso e e mo teng ga DNA e se ka ya latlhega ka nako ya fa disele  tsa mmele di ikgaoganya. Mme bothata ke gore nako le nako fa disele tsa mmele di ikgaoganya, sele eo yone e a fokotsega. Mme fa nako e ntse e ya, disele di emisa go ikgaoganya mme seo ke sone se dirang gore motho a tsofale.

Ka 2009, Elizabeth Blackburn o ile a gapa sekgele sa Nobel ka ntlha ya se a ileng a se fitlhelela mo dilong tsa saense. Ene le batho ba a neng a bereka le bone ba ile ba lemoga gore go na le sengwe se se ka thusang gore sele eo e se ka ya fokotsega mme e tswelele e thusa disele tsa mmele go ikgaoganya. Mme ba ile ba amogela gore ga se gore sele eno ke yone e dirang gore motho a tshele lobaka lo loleele.

Selo se sengwe gape se bomankge ba se dirileng go leka go dira gore motho a se ka a tsofala ka bonako ke go ntšhafatsa disele tsa mmele. Fa disele tsa mmele di tsofala e bile di sa tlhole di kgona go ikgaoganya, di naya masole a mmele tshedimosetso e e sa siamang mme seo se felela ka gore motho a peinelwe botlhoko kgotsa a lwale. Bosheng jaana baitsesaense ba kwa France ba ile ba kgona go ntšhafatsa disele tsa batho ba ba tsofetseng, ba bangwe ba bone ba neng ba na le dingwaga di feta 100. Porofesa Jean-Marc Lemaître yo o neng a eteletse pele dipatlisiso tseo o ile a re se ba se dirileng se bontsha gore disele tsa “batho ba ba tsofetseng di kgona go boa di nna disha gape.”

A BAITSESAENSE BA KGONA GO DIRA GORE RE TSHELE LOBAKA LO LOLEELE?

Go na le baitsesaense ba ba reng le fa go na le ditsela di le dintsi tsa go thibela gore motho a se ka a tsofala ka bonako, batho ba ga kitla ba kgona go tshela lobaka lo loleele go feta lo ba lo tshelang gone jaanong. Ke nnete gore fa e sa le go tloga ka dingwaga tsa bo1800, batho ba tshela lobaka lo loleele. Mme seo se dirwa ke gore batho ba tlhaloganya botlhokwa jwa go nna phepa, go na le ditsela tsa go thibela malwetse go anama e bile go na le melemo e e fodisang malwetse. Bomankge bangwe ba dumela gore batho ba le bantsi ga ba kitla ba tshela go fitlha ba tshwara dingwaga di le 70 kgotsa di le 80.

Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Moshe o ile a re: “Malatsi a dingwaga tsa rona ka boone ke dingwaga di le masome a supa; mme fa e le ka ntlha ya thata e e kgethegileng ke dingwaga di le masome a le robedi, le fa go ntse jalo di ganelela mo matshwenyegong le mo dilong tse di utlwisang botlhoko; gonne di tshwanetse go feta ka bonako, mme re fofele koo.” (Pesalema 90:10) Le fa go tserwe matsapa a go leka go dira gore batho ba tshele lobaka lo loleele, botshelo bo sa ntse bo le ka tsela e Moshe a bo tlhalosang ka yone.

Mme go na le ditshedi tsa mo lewatleng tse di kgonang go tshela dingwaga di feta 200 le mofuta mongwe wa setlhare se se tshelang dingwaga di le diketekete. Fa o bapisa dingwaga tseo le tse re di tshelang, a o tle o ipotse gore, ‘E le gore a re tla tshela dingwaga di le 70 kgotsa di le 80, go bo bo ile fela jalo ka rona?’