FA O LE KWA ITALY, O TLA BONA SEFIKANTSWE SE SEGOLO SE BAJANALA BA RATANG GO YA GO SE BONA. SEFIKANTSWE SENO SE DIRETSWE GO TLOTLOMATSA MONGWE WA BAGAKA BA ROMA E BONG TITUS.

Sefikantswe seno se na le ditshwantsho tse di bontshang tiragalo nngwe ya bogologolo e e itsegeng. Batho ba bantsi ga ba itse gore kago eno e amana jang le Baebele. Kago eno ke bosupi jwa gore boporofeti jwa Baebele bo nepile.

MOTSE O O NENG O SA RATIWE

Nako nngwe puso ya Roma e ne e busa go tswa kwa Boritane, Gaul (e ga jaana e bidiwang Fora) go ya go fitlha kwa Egepeto mme dinaga tseo di ne di tshela ka kagiso e bile ikonomi ya tsone e gola sentle. Mme mo mafelong otlhe a Roma e neng e a busa, porofense ya Judea e ne e le yone fela e neng e sokodisa Roma.

Buka nngwe e e tlhalosang hisitori ya Roma ya re: “Mo mafelong otlhe a Roma e neng e a busa, Judea e ne e le lengwe la mafelo a Roma e neng e sa utlwane sentle le one. Bajuda ba ne ba sa rate batho ba ba neng ba nyatsa meetlo ya bone mme Baroma ba ne ba sa rate tsela e Bajuda ba neng ba le manganga ka yone.” Bajuda ba le bantsi ba ne ba lebeletse gore go tla nna le moeteledipele yo o tla ba gololang mo pusong ya Roma e ba neng ba sa e rate. Mme ka ngwaga wa 33, Jesu Keresete o ne a re Jerusalema e tlile go senngwa.

Jesu o ne a re: “Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba bo ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe, ba tla go phatlakanyetsa fa fatshe le bana ba gago ba ba mo go wena, mme ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena.”Luke 19:43, 44.

Go bonala mafoko ao a ile a makatsa barutwa ba ga Jesu. Morago ga malatsi a mabedi, mongwe wa bone o ne a bua jaana a lebile tempele: “Moruti, bona! gore maje ano ke a mofuta ofe le gore dikago tseno ke tsa mofuta ofe!” Ba ne ba bua nnete ka gonne gatwe maje mangwe a tempele eo a ne a le magolo thata. Mme Jesu o ile a ba raya a re: “Fa e le ka dilo tseno tse lo di bonang, malatsi a tla tla a go se kitlang go tlogelwa fano leje le le mo godimo ga leje le lengwe le sa digelwa fa fatshe.”Mareko 13:1; Luke 21:6.

Gape Jesu o ile a ba raya a re: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) A se Jesu a neng a se bua se ile sa diragala?

MOTSE O A SENNGWA

Go ile ga feta dingwaga di le 33 mme Judea e ne e sa ntse e sa rate go busiwa ke Roma. Ka ngwaga wa 66, Mmusi wa Moroma yo o neng a busa kwa Judea e bong Gessius Florus, o ne a tsaya madi mo tempeleng mme seo se ile sa galefisa Bajuda. Bajuda ba ile ba ya kwa Jerusalema, ba bolaya masole a Roma mme ba bolela gore ga ba tlhole ba batla go busiwa ke puso ya Roma.

Morago ga dikgwedi tse tharo, masole a feta 30 000 a Roma a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a  ne a leba kwa Jerusalema go ya go tlhasela Bajuda. Baroma ba ne ba tsena mo motseng wa Jerusalema mme ba thuba lobota lwa tempele. Go tswa foo, ba ile ba boela morago. Bajuda ba ne ba itumetse mme ba ile ba lelekisa masole ao a Roma. Bakeresete ba ile ba ikobela taelo ya ga Jesu mme ba dirisa tshono eo go tswa mo Jerusalema le go tshabela kwa dithabeng tse di kwa Nokeng ya Joredane.—Mathaio 24:15, 16.

Mo ngwageng o o latelang, Baroma ba ne ba boa gape go ya go tlhasela Judea mme mo lekgetlong leno ba ne ba eteletswe pele ke Mojenerale Vespasian a na le morwawe e bong Titus. Le fa go ntse jalo, Mmusi Nero o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 68 mme Vespasian a tshwanelwa ke go boela kwa Roma go ya go nna Mmusi. O ne a tlogela Titus gore a etelele pele masole a Roma a ka nna 60 000.

Ka ngwaga wa 70, ka kgwedi ya June, Titus o ne a laela masole a gagwe gore a kgaole ditlhare tse Bajuda ba neng ba di dirisa go aga lobota lwa Jerusalema. Ka September, Baroma ba ne ba setse ba gapile motse wa Jerusalema le go o fisa mmogo le tempele ya one e bile ba ile ba diga maje a tempele eo fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele. (Luke 19:43, 44) Go ya ka patlisiso nngwe, “go ile ga swa batho ba le [250 000] go ya go ba le [500 000] kwa Jerusalema le kwa mafelong a a neng a bapile le yone.”

MMUSI YO O NENG A FENTSE

Ka ngwaga wa 71, Titus o ile a boela kwa Italy mme o ne a amogelwa ka boitumelo jo bo seng kana ka sepe. Batho botlhe ba Roma ba ne ba itumeletse gore Roma e ne e fentse nngwe ya dintwa tse dikgolo tse e kileng ya di lwa.

Batho ba ne ba gakgametse tota fa ba bona dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse masole a Roma a neng a di gapile kwa Jerusalema. Go ne go na le dikepe, mekoro e megolo ya ntwa le dilo tse ba neng ba di tshotse mo tempeleng ya Jerusalema.

Titus o ne a nna mmusi wa Roma ka ngwaga wa 79 mme o ile a tlhokafala morago ga dingwaga tse pedi. Monnawe e bong Domitian o ne a nna mmusi wa Roma mme a aga kago e kgolo go tlotlomatsa leina la ga Titus.

KAGO YA GA TITUS

Kago e e ileng ya agelwa Titus kwa Roma

Gompieno bajanala ba le bantsi fa ba etetse kwa Roma, ba itumelela go ya go bona kago eo. Fa batho ba e bona, bangwe ba e tsaya e le tiro e e matsetseleko, ba bangwe e ba gopotsa mogaka wa Roma mme ba bangwe e ba gopotsa kafa Jerusalema le tempele ya yone e ileng ya senngwa ka gone.

Mme batho ba ba balang Baebele ka kelotlhoko ba tsaya kago eno e le botlhokwa thata. Ba e tsaya e le bosupi jo bo bontshang gore boporofeti jwa Baebele bo ile jwa diragala le gore Modimo ke ene a dirileng gore bo kwalwe mo Baebeleng.—2 Petere 1:19-21.