Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boporofeti jo bo Ileng Jwa Diragala

Boporofeti jo bo Ileng Jwa Diragala

Re buile ka moruti mongwe wa kwa Delphi yo o ileng a naya Croesus tshedimosetso e e sa siamang e e ileng ya dira gore a fenngwe ke kgosi ya Peresia. Mme Baebele yone e na le boporofeti jo bo amanang le kgosi ya Peresia jo bo ileng jwa direga fela jaaka Baebele e ne e porofetile.

Dingwaga di ka nna 200 pele kgosi Kurose a tsholwa, moporofeti wa Mohebera e bong Isaia o ile a tlhalosa kafa Kurose a tlileng go diga puso e e maatla ya Babelona ka teng.

Isaia 44:24, 27, 28: “Jehofa o buile jaana, . . . Ene Yo o rayang bodiba jo bo boteng jwa metsi a re, ‘Tšha; mme ke tla kgadisa dinoka tsa gago tsotlhe’; Ene Yo o buang ka Kurose a re, ‘Ke modisa wa me, mme sotlhe se ke se ratang o tla se diragatsa ka botlalo’; le fa ke bua ka Jerusalema ke re, ‘O tla agiwa sesha,’ le ka tempele ke re, ‘Motheo wa gago o tla thewa.’”

Rahisitori wa Mogerika e bong Herodotus a re masole a ga Kurose a ile a faposa metsi a Noka ya Euferatese e e neng e feta mo motseng wa Babelona. Seno se ile sa dira gore masole a ga Kurose a kgone go tsena mo motseng wa Babelona. Fa Kurose a sena go fenya motse oo, o ile a golola Bajuda ba ba neng ba tshwerwe kwa Babelona le go ba letla gore ba boele kwa Jerusalema go ya go e aga sesha morago ga gore e nne dingwaga tse 70 e le marope fela.

Isaia 45:1: “Jehofa o reile motlodiwa wa gagwe jaana, e leng Kurose, yo ke tshwereng seatla sa gagwe sa moja, gore ke fenye ditšhaba fa pele ga gagwe, gore ke tlamolole dinōka tsa dikgosi; ke mmulele dikgoro tse di mefama mebedi, gore le dikgoro di se ka tsa tswalega.”

Baperesia ba ile ba dirisa dikgoro tse pedi tse dikgolo go tsena mo motseng mme dikgoro di ne di tlogetswe di sa tswalwa. Fa Bababelona ba ne ba itsile gore Kurose o tlile go tlhasela motse wa bone, ba ka bo ba ile ba tswala dikgoro tseo tse di neng di lebagane le noka. Ba ne ba se na kgoro ya botso.

Baebele e na le boporofeti bo le bontsi jo bo ileng jwa diragala. * Batho ba go tweng ba bonela dilo kwa pele ba re ba tsaya tshedimosetso eo mo medimong ya bone mme Baebele yone e bua jaana ka Modimo wa boammaaruri: “Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.”—Isaia 46:10.

Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa ke ene  fela a kgonang go bua mafoko ano. Leina Jehofa le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Leina leno le re thusa go bona gore Jehofa o kgona go itse gore go tla diralagang mo nakong e e tlang a bo a dirisa dilo tseo go diragatsa thato ya gagwe. Gape le re netefaletsa gore o tlile go dira dilo tse a re di solofeditseng.

BOPOROFETI JO BO DIRAGALANG GONE JAANONG

A o ka rata go itse gore Baebele e ile ya porofeta gore go tla diragalang mo nakong ya rona? Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Baebele e ile ya porofeta gore “mo metlheng ya bofelo” go tla nna le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Metlha ya bofelo jwa eng? Jwa kgatelelo, go boga le jwa mathata a a sa bolong go tshwenya batho mme e seng jwa polanete ya rona kgotsa jwa batho botlhe. A re tlotleng ka boporofeti jo bo bontshang gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.”

2 Timotheo 3:1-5: “Mo metlheng ya bofelo . . . , batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”

A ga o dumele gore tsela e batho ba itshwereng ka yone e tshwana kgo le e go buiwang ka yone mo Baebeleng? A o lemogile gore batho ba bantsi ba ithata go feta selekanyo, ba rata madi e bile ba rata go ikgogomosa? A o etse tlhoko gore batho ba batla gore dilo di dirwe ka tsela ya bone fela? A o lemogile gore bana ba bantsi ga ba tlhole ba reetsa batsadi ba bone le gore batho ba rata menate thata go gaisa Modimo? Mme dilo di ntse di nnela maswe go ya pele.

Mathaio 24:6, 7: “Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa; . . . setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.”

Dipatlisiso tse di dirilweng di tlhalosa gore go tloga ka 1914, batho ba le dimilione di feta 100 ba ile ba bolawa mo dintweng mme palo eo e feta palo ya baagi ba dinaga di le dintsi. O akanya gore ba masika a batho bano ba ikutlwa jang? Ba tshwanetse ba bo ba le mo kutlobotlhokong e e seng kana ka sepe. A dipalopalo tseno di ile tsa dira gore dinaga di tlogele go lwa?

Mathaio 24:7: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.”

Mokgatlho wa lefatshe wa dijo wa re: “Go na le dijo tse dintsi mo lefatsheng go tlamela mongwe le mongwe, mme batho ba le dimilione di le 815 ba robala ka tlala letsatsi le letsatsi, seo se raya gore motho a le mongwe mo go ba le robonngwe o robala a sa ja. Se se botlhoko le go feta ke gore, motho a le mongwe mo go ba le bararo o na le malwetse a a bakwang ke go sa je sentle.” Dipalopalo di bontsha gore ngwaga le ngwaga, tlala e bolaya bana ba le dimilione di ka nna tharo.

Luke 21:11: “Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.”

Ngwaga le ngwaga go nna le dithoromo tsa lefatshe di ka nna 50 000. Di le 100 di senya dikago e bile ngwaga le ngwaga go nna le thoromo e kgolo go di gaisa tsotlhe. Go ya ka dipatlisiso dingwe, dithoromo tsa lefatshe di ile tsa bolaya batho ba le 471 000 magareng ga 1975 le 2000.

Mathaio 24:14: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”

Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le robedi ba bolelela batho ka Bogosi Jwa Modimo mme ba dira jalo mo mafatsheng a ka nna 240. Ba bua le batho ba ba nnang kwa ditoropong, kwa metsaneng, kwa mafelong a a mo dikgweng le mo dithabeng. Baebele ya re “bokhutlo bo tla tla” fa Modimo a kgotsofetse gore batho botlhe ba utlwile dikgang tse di molemo. Bokhutlo jwa eng? Bokhutlo jwa dipuso tsa batho go bo go simolola go busa Bogosi Jwa Modimo. Go tla diragalang fa Bogosi Jwa Modimo bo busa? Bala ditlhogo tse di latelang go bona karabo.