KGWETLHO

O rata metshameko; molekane wa gago ene o rata go bala. O dira dilo ka botswerere e bile o rulagane; molekane wa gago ene ga a rulagana. O rata go tlotla le batho; molekane wa gago ene o rata go nna a le nosi.

O ipolelela jaana, ‘Tota ga re tshwanelane! Goreng re sa lemoga seno fa re intsha?’

Go ka direga gore o ile wa lemoga seo go ya bokgakaleng jo bo rileng. Mme gongwe ka nako eo o ne o nna bonako go ineela—bokgoni jo go ka nnang molemo gore o nne le jone gape e re ka jaanong o le mo lenyalong. Setlhogo seno se tla go thusa go dira jalo. Mme sa ntlha, ela tlhoko dintlha dingwe ka dilo tse lo ka tswang lo sa tshwane ka tsone.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Dilo dingwe tse lo sa tshwaneng ka tsone di masisi. Selo se se botlhokwa ka go intsha ke go bona gore a lo a tshwanelana. Le fa go ntse jalo, fa baratani ba le bantsi ba lemoga gore go na le dilo tse di masisi tse ba sa tshwaneng ka tsone, ba a kgaogana go na le go tsena mo lenyalong mme ba ka se itumele. Mme go tweng fa dilo tse lo sa tshwaneng ka tsone—dilo tse di mo manyalong otlhe—di se masisi?

Ga lo ka ke lwa tshwana ka sengwe le sengwe. Ka jalo, go tlwaelegile gore banyalani ba rate dilo tse di sa tshwaneng mo dikarolong tse di latelang:

Dilo tse lo di kgatlhegelang. Mosadi mongwe yo o bidiwang Anna * a re: “Ke rata go itapolosa mo lelapeng, mme monna wa me ene o godile a rata go palama dithaba tse di nang le kapoko le go fetsa malatsi a tsamaya mo dikgweng.”

Dilo tse lo tlwaetseng go di dira. Monna mongwe yo o bidiwang Brian a re: “Mosadi wa me o kgona go robala bosigo thata a bo a tsoga ka ura ya botlhano mo mosong, mme nna ke tlhoka go robala diura di le supa kgotsa di le robedi, go seng jalo ke a tlhakatlhakana.”

Mekgwa. O ka tswa o sa tlwaela go ntshetsa ope maikutlo mme molekane wa gago ene a tlwaetse go dira jalo. Monna mongwe yo o bidiwang David a re: “Ke godile ke sa tlwaela go bolelela ope ka mathata a me, mme mosadi wa me o tswa mo lelapeng le go neng go tlotliwa ka sengwe le sengwe.”

Dilo tse lo sa tshwaneng ka tsone di ka lo solegela molemo. Mosadi mongwe yo o bidiwang Helena a re: “Tsela e ke batlang re  dira dilo ka yone e ka tswa e siame, mme ga go reye gore ke yone fela.”

SE O KA SE DIRANG

Tshegetsa molekane wa gago. Monna mongwe yo o bidiwang Adam a re: “Mosadi wa me e bong Karen, ga a kgatlhegele metshameko. Mme o kile a ya le nna kwa metshamekong e le mmalwa a bo a itumela le nna. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Karen o rata dimusiamo tsa botaki, ka jalo ke tsamaya le ene e bile re fetsa nako e a e batlang re le koo. Ke leka thata go kgatlhegela botaki ka gonne o a bo rata.”—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 10:24.

Leba dilo ka ditsela tse di farologaneng. Tsela e molekane wa gago a lebang dilo ka yone ga e phoso fela ka gonne e farologana le ya gago. Seo ke se monna mongwe yo o bidiwang Alex a se ithutileng. A re: “Ga ke bolo go akanya gore go na le tsela e le nngwe fela e e siameng ya go dira sengwe le gore tsela nngwe le nngwe e e farologaneng le eo ga e a siama. Mme go nyala go nthusitse go bona gore go na le ditsela di le dintsi tsa go dira sengwe le gore tsela nngwe le nngwe e na le melemo ya yone.”—Molaomotheo wa Baebele: 1 Petere 5:5.

Leba dilo sentle. Fa lo rata dilo tse di tshwanang, ga go reye gore lo a tshwana. Ka jalo, o se ka wa akanya gore lo dirile phoso ka go nyalana fela ka gonne lo farologana ka dilo di le mmalwa. Buka ya The Case Against Divorce ya re: “Batho ba le bantsi ba dira seipato sa gore ‘Ke ne ke tseegile maikutlo.’” Le fa go ntse jalo, buka eo e tswelela ka go re: “Letsatsi lengwe le lengwe le lo le fetsang mmogo lo itumetse, le bontsha gore lo kgona go ratana go sa kgathalesege gore lo rata dilo tse di sa tshwaneng.” Lekang go ‘tswelela lo itshokelana . . . le fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.’—Bakolosa 3:13.

Leka seno: Kwala dilo tse o di kgatlhegelang, tse o di ratang le tse wena le molekane wa gago lo tshwanang ka tsone. Go tswa foo, kwala dilo tse lo sa tshwaneng ka tsone. Dilo tse lo sa tshwaneng ka tsone di ka tswa di se masisi jaaka o akanya. Lenaane le o le kwadileng le tla go thusa go bona gore ke kae mo o ka ineelang kgotsa wa tshegetsa molekane wa gago gone. Monna mongwe yo o bidiwang Kenneth a re: “Ke a itumela fa mosadi wa me a dumela go dira dilo tse ke di ratang e bile ke a itse gore le ene o a itumela fa ke dira dilo tse a di ratang. Ke a itumela fa ke mmona a itumetse, le fa seo se tlhoka gore ke ineele.”—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 4:5.

^ ser. 10 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.