Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhoka Pono

Go Tlhoka Pono

“Morago ga go tshelwa molemo wa matlho o o sa siamang ke santse ke le monnye, ke ne ka sa tlhole ke bona sentle. Fa ke le mo dingwageng tsa bosha, ke ne ka foufala gotlhelele mme ka tshwenyega thata mo maikutlong.”—Paqui, mosadi yo o mo dingwageng tsa bogare yo monna wa gagwe le ene a sa boneng.

GO FOUFALA kgotsa go sa bone sentle go ka bakwa ke dilo di le dintsi, jaaka kotsi kgotsa bolwetse. Dilo tseno di ka ama matlho, ditshika tsa matlho kgotsa boboko. Gantsi batho ba ba sa boneng sentle kgotsa ba ba sa boneng gotlhelele ga ba batle go dumela gore ga ba bone, ba utlwa botlhoko e bile ba tshela ka letshogo. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba kgona go itshokela maemo ao sentle le go itumelela botshelo.

Gantsi matlho ke one a a re thusang go nna le tshedimosetso ka dilo tse di diregang mo lefatsheng. Ka jalo, fa motho a foufala, o simolola go ikaega ka ditemosi tse dingwe—go utlwa, go dupa, go tshwara le go latswa.

Makasine wa Scientific American wa re patlisiso e e dirilweng ka neuroplasticity ya re boboko bo kgona “go fetoga fa motho a nna le maitemogelo.” O oketsa jaana: “Bosupi jo bontsi bo bontsha gore fa nngwe ya ditemosi e sa kgone go naya boboko tshedimosetso e e lekaneng, bo kgona go ithulaganya gore bo thuse le go tokafatsa ditemosi tse dingwe.” Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

Go utlwa: Medumo yotlhe e ka kgona go bopa setshwantsho mo mogopolong. Monna mongwe yo o sa boneng e bong Fernando a re: “Ke ithutile go gopola batho ka mantswe a bone kgotsa ka tsela e ba gatang ka yone fa ba tsamaya.” Juan yo le ene a sa boneng a re: “Motho yo o sa boneng o kgona go itse batho ka mantswe a bone.” E bile fela jaaka rona rotlhe, batho ba ba sa boneng ba reetsa modumo wa lentswe ka kelotlhoko gore ba lemoge gore motho yo o buang o ikutlwa jang.

Gape modumo o kgona go thusa motho yo o sa boneng go nna le tshedimosetso ka lefelo le a mo go lone, ka pharakano, bogolo jwa phaposi e a mo go yone le dikgoreletsi dingwe.

Go dupa: Temosi ya go dupa le yone e ka kgona go re naya tshedimosetso, mme e seng ya monko o o monate fela. Ka sekai, fa motho yo o sa boneng a tsamaya mo tseleng e e rileng, temosi ya gagwe ya go dupa e ka mo thusa go itirela mmapa o o nang le mabenkele a a rekisang kofi, diresetšhurente, dimmaraka le dilo tse dingwe. Ke boammaaruri gore  medumo e e tlwaelegileng le yone e ka mo thusa, fela jaaka dilo tse o ka di lemogang ka go di tshwara.

Go tshwara: Fransisco a re: “Menwana ya me ke matlho a me.” “Matlho” ao a ka okediwa ka thobane. Manasés yo o tshotsweng a sa bone a bo a ithuta go dirisa thobane a sa ntse a le monnye, o ne a re: “Ke itse sentle fa ke gone. Ke thusiwa ke ditemosi tsa me tse dingwe, go gopola, le mefuta ya ditselana tse ke tsamayang mo go tsone ke dirisa thobane ya me.”

Ke bala makasine wa Tora ya Tebelo ya Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng

Gape temosi ya go tshwara e thusa batho ba le bantsi ba ba sa boneng, gore ba kgone go bala dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng. Tota e bile, gompieno go tlwaelegile gore motho yo o sa boneng a kgone go dirisa dilo tse di farologaneng go tokafatsa tsela e a akanyang ka yone le kamano ya gagwe le Modimo. Kwantle ga dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng, go na le dilwana tse di rekotilweng le di-program dingwe tsa khomputara. Batho ba ba sa boneng ba kgona go dirisa dilo tseno go bala Baebele le dikgatiso tse dingwe tse di ba thusang go ithuta Baebele. *

 Dilo tseo tse di thusang motho go atamalana le Modimo di ile tsa gomotsa Paqui le monna wa gagwe, ba go builweng ka bone kwa tshimologong, le go dira gore ba nne le tsholofelo. Gape ba ile ba tshegediwa ke lelapa le legolo e leng badumedimmogo ka bone, phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa. Paqui a re: “Gone jaanong re itumelela botshelo ka botlalo.”

Eleruri, go sa bone go na le dikgwetlho tsa gone. Mme go a itumedisa fa batho ba fetoga le maemo e bile ba itshokela maemo a ba lebanang le one ba bo ba itumelela botshelo!

^ ser. 10 Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dikgatiso tsa go ithuta Baebele tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng ka dipuo di feta 25.