Dr. Gene Hwang o tshotswe ka 1950 kwa Tainan, e e kwa Taiwan e bile e ne e le porofesa wa dipalo kwa Yunibesithing ya National Chung Cheng kwa Taiwan. Gape ke porofesa yo o rotseng tiro kwa Yunibesithing ya Cornell kwa U.S.A., kwa a neng a ruta gone le go dira dipatlisiso ka dipalo. Ke mongwe wa baitsedipalo ba go neng go kwalwa thata ka bone ka dingwagangwaga mo thutegong ya dipalo e leng selo se le gompieno a sa ntseng a se dira. Fa e ne e le lekawana, o ne a dumela gore botshelo bo itlhagetse fela. Mme moragonyana o ne a fetola tsela e a lebang dilo ka yone. Bakwadi ba Tsogang! ba ne ba mmotsa ka tiro ya gagwe le ka se a se dumelang.

Ke dithuto dife tse o di ithutileng fa o ne o le mosha?

Kwa sekolong re ne re rutiwa thuto ya gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe mme go ne go se na ope yo o neng a kgona go tlhalosa gore botshelo bo simologile jang. Fa batsadi ba me ba ne ba simolola go tsena kereke ya Batao, ke ne ke tle ke reetse baruti ba bone le go ba botsa dipotso. Mme ke ne ka bona dikarabo di se kae tse di kgotsofatsang.

Goreng o ne o nna moitsedipalo?

Fa ke le kwa sekolong se sepotlana, ke ne ke kgatlhiwa thata ke dipalo. Kgatlhego eo e ne ya gola fa ke ne ke ya kwa yunibesithing, kwa ke neng ka itumelela go ithuta ka dipalo gone. Ke akanya gore go ntsha bosupi o dirisa dipalo e ka nna selo se se kgatlhang tota.

Go tlile jang gore o kgatlhegele Baebele?

Ka 1978, mosadi wa me e bong Jinghuei, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ke ne ke tle ke tlotle le bone fa ba ithuta. Ka nako eo, re ne re nna kwa United States. Jinghuei o ne a sa tswa go amogela doctorate ya fisikisi mme ke ne ke ithutela dipalo kwa Yunibesithing ya Purdue kwa India.

O ne o ikutlwa jang ka se se mo Baebeleng?

Ke ne ka kgatlhiwa thata ke pego ya kafa lefatshe le bopilweng ka gone gore batho ba kgone go tshela mo go lone. Malatsi a le marataro a popo a a tlhalosiwang ka tsela e e motlhofo mo go  Genesise—go farologana le ditlhamane tsa bogologolo—a utlwala sentle. * Le fa go ntse jalo, go ntsere lobaka gore ke dumele mo Mmoping.

Bothata e ne e le eng?

Gore ke dumele mo Mmoping, ke ne ke tshwanetse go tlogela kereke e ke goletseng mo go yone

Seo se ne sa nkama thata. Gore ke dumele mo Mmoping, ke ne ke tshwanetse go tlogela kereke e ke goletseng mo go yone ya Batao ka gonne e ne e ruta gore ga go na Modimo kgotsa Mmopi.

Moragonyana o ne wa fetola tsela e o lebang dilo ka yone. Go tlile jang?

Fa ke ntse ke akanya ka gore botshelo bo simologile jang, ke ne ka tlhomamisega gore sebopiwa sa ntlha se tshwanetse sa bo se ne se raraane thata. Ka sekai, se ne se tshwanetse se kgone go tshola, e leng mokgwa o o batlang tshedimosetso ya dijini le tsela e e nepagetseng ya go dira dijini tse di tshwanang. Tota le sele e nnye e tlhoka dimolekhule go bopa dikarolo tsa sele e ntšha, le tsela ya go dirisa maatla. Go ka tla jang gore sebopiwa se se raraaneng jalo se itlhagele fela? E re ka ke le moitsedipalo, ke ne ke sa kgone go amogela kgopolo eo. Go tlhokega se se fetang go fopholetsa fela.

Ke eng se se go tlhotlheleditseng go sekaseka ka kelotlhoko se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang?

Ke ne ke tlhola ke ithuta le Basupi mme ke tla ke emisa go ithuta. Ka jalo, fa ke ne ke etetse kwa Taiwan ka 1995, ke ne ka simolola go lwala mme ke tlhoka thuso. Mosadi wa me o ne a ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba kwa Taiwan a le kwa United States. Ba ne ba mphitlhela kwa ntle ga bookelo ke feletswe ke maatla e bile go se na malao. Mongwe wa Basupi o ne a nkisa kwa hoteleng gore ke ikhutse. O ne a nna a ntlhola a bo a nkisa tliliniking gore ke newe melemo.

Ke ne ka amiwa thata ke tsela e ba neng ba nkgathalela ka yone, ka bo ka gopola kafa Basupi ba ga Jehofa ba bontshitseng lelapa la me bopelonomi ka gone ka makgetlo a le mmalwa. Tumelo ya bone e ba farologanya le batho ba bangwe. Ka jalo, ke ne ka ithuta Baebele le bone gape mme ka kolobediwa mo ngwageng o o latelang.

A se o se dumelang se ganetsana le dithuto tsa gago?

Le eseng! Bosheng jaana, ke ntse ke dirisa dipalo go thusa baitsesaense ba ba ithutang gore dijini di bereka jang. Go ithuta ka dijini go dira gore re itse gore botshelo bo simologile jang, e leng se se dirang gore ke gakgamalele botlhale jwa Mmopi.

Re neele sekai sa botlhale joo.

Akanya ka go ata ga ditshedi. Ditshedi tse dinnye, jaaka tse di nang le sele e le nngwe tse di nnang mo metsing kgotsa mo mmung, ga di na dirwe tsa tsalo. Ditshedi tseno tse di nang le sele e le nngwe, di dirisa tshedimosetso e e mo dijining tsa tsone go ikoketsa—e leng thulaganyo ya go ikoketsa ya setshedi se le sengwe. Le fa go ntse jalo, dijalo le diphologolo di le dintsi tse ditona le tse di namagadi di kopanya dijini tsa tsone go dira tse dingwe. Goreng thulaganyo eno e gakgamatsa?

Goreng thulaganyo ya go ikoketsa e e dirwang ke setshedi se le sengwe—e e nang le lobaka lo loleele e dira sentle—e ka fetoga go nna thulaganyo ya go ikoketsa e e dirwang ke ditshedi di le pedi? Dithulaganyo tseno tse di tlhokegang tsa go kopanya bontlhanngwe jwa dijini tsa setshedi se setona le jwa se se namagadi di raraane thata, e bile di dira gore batho ba ba dumelang gore ditshedi di itlhagetse fela ba tlhakane tlhogo. Ke tsaya gore ditshedi tse di kgonang go ikoketsa ka botsone di bontsha botlhale jwa Modimo sentle.

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka go re lefatshe le bopilwe ka lobaka lo lokae, bona boroutšhara jwa BotsheloA ke Tiro ya Mmopi? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Bo gone mo www.jw.org/tn.