Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Go Akgola Ngwana

Go Akgola Ngwana

KGWETLHO

Batho bangwe ba re o se ka wa akgola ngwana thata. Ba bangwe ba akanya gore fa o mo akgola thata o a mo senya, mo a feleletsang a tsaya gore o tshwanetse go newa sengwe le sengwe.

Go sa kgathalesege gore o akgola ngwana wa gago go le kana kang, o tshwanetse go akanyetsa tsela e o mo akgolang ka yone. Ke mokgwa ofe o o botoka wa go akgola ngwana? Ke mokgwa ofe o o sa siamang? O ka akgola ngwana jang ka tsela e e tla mo thusang?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go na le mekgwa e e farologaneng ya go akgola. Ela tlhoko e e latelang.

Go mo akgola thata go ka nna kotsi. Batsadi bangwe ba leka go dira gore bana ba bone ba itshepe ka go ba akgola thata go sa tlhokege. Dr. David Walsh o tlhagisa jaana: “[Bana] ba botlhale, ba kgona go lemoga fa batsadi ba ba bolelela selo se e seng sone. Ba a itse gore ba ne ba sa tshwanelwa [go akgolwa] mme ba feleletsa ba sa go tshepe.” *

Go mo akgolela bokgoni jwa gagwe go botoka. A re tseye gore ngwana wa gago ke setswerere mo go toroweng. O batla go mo akgola ka gonne go dira jalo go tla mo kgothaletsa gore a tokafatse bokgoni joo. Mme go dira jalo, go ka nna ga se ka ga thusa. Go akgola ngwana ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe go ka dira gore a akanye gore o tshwanetse go ithuta go dira dilo tse di motlhofo fela. A ka nna a se ka a batla go ithuta go dira dilo tse disha ka gonne a tshaba gore o tla palelwa. A ka nna a akanya gore, ‘Goreng ke tshwanetse go itapisa ka selo se se tlhokang matsapa mme ke itse gore ga nkitla ke kgona go se dira?’

Go mo akgolela matsapa a gagwe go molemo. Bana ba ba akgolelwang go tsaya matsapa le go itshoka go na le go  akgolelwa bokgoni jwa bone, ba lemoga sengwe sa botlhokwa—gore o tshwanetse go nna pelotelele le go tsaya matsapa go nna le bokgoni. Buka ya Letting Go With Love and Confidence ya re go itse seo go dira gore “ba dire ka natla go fitlhelela mokgele wa bone. Tota le fa ba ka palelwa, ba gakologelwa gore ba sa ntse ba ithuta.”

SE O KA SE DIRANG

Mo akgolele matsapa, e seng bokgoni fela. Go raya ngwana wa gago o re “Ke a bona gore o tseetse setshwantsho sa gago matsapa,” go ka nna botoka go na le go mo raya o re “O na le bokgoni jwa tlholego.” Dipolelwana tseno ka bobedi di bontsha gore o a mo akgola mme mo go ya bobedi o ka tswa o sa lemoge gore o raya ngwana wa gago o re a ka nna setswerere fela ka bokgoni jo a tshotsweng ka jone.

Fa o akgolela ngwana wa gago maiteko a gagwe, o mo ruta gore a ka tokafatsa bokgoni jwa gagwe fa a ithapisa. Ka jalo, fa ngwana wa gago a itshepa, a ka kgona go lebana le dikgwetlho tse disha.Molaomotheo wa Baebele: Diane 14:23.

Mo thuse go leka gape fa a paletswe. Tota le batho ba ba siameng ba a tle ba dire diphoso, gongwe e bile ka makgetlho. (Diane 24:16) Mme fa ba sena go dira diphoso, ba ithuta mo go tsone ba bo ba tswelela ka botshelo. O ka thusa ngwana wa gago jang go leba dilo sentle?

Gape, tlhoma mogopolo mo matsapeng a a a tsayang. Akanya ka sekai seno: A re re o tle o reye ngwana wa gago wa mosetsana o re, “O tshotswe o itse dipalo,” mme a bo a sa falole tlhatlhobo ya dipalo. A ka nna a swetsa ka gore ga a tlhole a na le bokgoni, ka jalo, ga a tlhoke go tokafatsa.

Le fa go ntse jalo, fa o tlhoma mogopolo mo maitekong a ngwana wa gago a a dirang, o mo thusa gore a kgone go itshoka. O thusa ngwana wa gago gore a se ka a tsaya gore o paletswe. Ka jalo, go na le gore a latlhele seditse, a ka leka go dirisa tsela e nngwe kgotsa a dire ka natla.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 3:2.

Mo neye kgakololo e e tla mo thusang. Fa o naya ngwana wa gago kgakololo ka tsela e e siameng, ga a kitla a kgobega marapo fa dilo di sa tsamaya sentle. Gape, fa o nna o mo akgola ka tsela e e siameng, o tla amogela kgakololo ya gore a ka tokafatsa jang. Mme dilo tse a di fitlhelelang di tla dira gore lo kgotsofale.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 13:4.

^ ser. 8 Go tswa mo bukeng ya No: Why Kids—of All Ages—Need to Hear It and Ways Parents Can Say It.