Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Herodotus

Herodotus

BOTSHELO bo ne bo ntse jang dingwaga di le dikete tse di fetileng? Batho ba ne ba latela dingwao dife? Baithutamarope ba ka re thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseno mme e seng tsa dipotso tsotlhe. Gore re kgone go tlhaloganya gore batho ba bogologolo ba ne ba leba dilo jang, re tshwanetse go bala dibuka tsa monna yo kwadileng hisitori ya lefatshe mo metlheng ya gagwe. Monna yoo o tshedile dingwaga di ka nna 2 400 tse di fetileng. Leina la gagwe ke Herodotus mme e ne e le rahisitori wa Mogerika yo o neng a tshela mo ngwageng wa bo500 pele Jesu a tla mo lefatsheng. Leina la buka ya gagwe ke The Histories.

Herodotus o ne a dira tshwetso ya go kwala ka dilo tse di neng di baka dintwa tsa Bagerika, segolobogolo tse di neng di dira gore Peresia e tlhaselwe ka ngwaga wa 490 le wa 480, fa a sa ntse a le monnye. Ga a ka a kwala fela ka tiragalo eo, mme o ne a kwala ka sengwe le sengwe se a neng a se itse ka ditšhaba tse di neng tsa amiwa ke tlhaselo ya Peresia.

GA A KWALA HISITORI FELA

Herodotus e ne e le moanedi yo o setswerere. O ne a tlhomamisegile ka dilo tse a neng a di kwala, le ka ntlha nngwe le nngwe e a neng a tsaya gore e a tlhokega gore kgang e utlwale sentle. Herodotus o fitlheletse dilo tse di kgatlhang fela thata ka gonne ga a ka a dirisa direkoto tsa Puso tse di neng di tlhalosa ditiragalo tsa hisitori ka go latelana e re ka direkoto tseo di ne di seyo.

Bogologolo batho ba le bantsi ba ne ba sa kgatlhegele go kwala ka hisitori fa e se fela go kwala ka ditiro tsa bone tse dintle. Fa Herodotus a ne a batla go kwala ka ditiragalo dingwe, o ne a ikaega ka dilo tse a neng a di bona, ka setso le ka bosupi jwa batho ba bangwe. O ne a tsaya maeto a maleele go ya go batla tshedimosetso. O goletse kwa nageng ya Halicarnassus e e neng e busiwa ke Gerika (e jaanong e bidiwang Bodrum, kwa borwa jwa Turkey) mme o ne a rata go etela Gerika.

Herodotus o ne a tsaya maeto a maleele go ya go batla tshedimosetso

 O ne a ya kwa bokone kwa Lewatleng le Lentsho le kwa Sethia, kwa lefelong le gone jaanong le bidiwang Ukraine, a ya kwa borwa kwa Palesetina le kwa karolong e e kwa godimo ya Egepeto. Go bonala a ile a fitlha le kwa Babelona e e neng e le kwa botlhaba gongwe le go fetsa nako kwa bophirima kwa nageng e e neng e busiwa ke Gerika e gone jaanong e leng borwa jwa Italy. Gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng, o ne a ela dilo tlhoko le go botsa batho mme ke yone tsela e a neng a bona tshedimosetso ka yone mo bathong ba a neng a ba tsaya ba ikanyega.

BOAMMAARURI JWA DIPEGO TSA GA HERODOTUS

Kapetla ya papirase ya The Histories

Tshedimosetso ya ga Herodotus e boammaaruri go le kana kang? Tshedimosetso ya gagwe ka mafelo a a neng a a etela le dilo tse a neng a di bona e tsewa e le boammaaruri. Tsela e a tlhalosang dingwao tse di sa itsiweng kwa Gerika ka yone—jaaka gore mongwe wa segosi wa kwa Sethia o ne a fitlhwa jang kgotsa go omisiwa ga setopo kwa Egepeto—e dumalana ka tsela nngwe le se baithutamarope ba se ribolotseng. Ga twe tshedimosetso e ntsi e a neng a e kwala ka Egepeto “e botlhokwa thata go gaisa yotlhe e e kileng ya kwalwa bogologolo ka naga eo.”

Mme gone, ka dinako tse dingwe Herodotus o ne a tshwanelwa ke go ikaega ka tshedimosetso e e neng e belaetsa. Gape, batho ba nako ya gagwe ba ne ba dumela gore medimo ya boheitane e ne e na le seabe mo dikgannyeng tsa batho. Ka jalo, baitsehisitori ga ba dumalane le sengwe le sengwe se a ileng a se kwala. Mme gone, Herodotus o ne a leka go farologanya dilo tsa mmatota le ditlhamane. O ne a re ga a dumele sengwe le sengwe se a neng a se bolelelwa. O ne a swetsa ka go kwala tshedimosetso ya gagwe morago ga go sekaseka le go bapisa tshedimosetso e a neng a e bone.

Go kwala buka ya The Histories e ka tswa e le tiro yotlhe e Herodotus a e dirileng. Fa re akanya ka didirisiwa tse a neng a di dirisa, re kgona go lemoga gore o fitlheletse selo se segolo thata mo botshelong.