Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

O Leba Madi Jang?

O Leba Madi Jang?

BATHO ba re o ka se tshele kwa ntle ga madi. Seno se boammaaruri ka gonne motho o tlhoka madi go reka dijo, diaparo, go duela rente kgotsa go reka ntlo. Monna mongwe yo o kwalang ka tsa madi o ne a re: “Madi a botlhokwa thata. Fa a ka bo a seyo, re ne re ka tlalelwa ga bo ga tsoga ntwa mo kgweding fela.”

Mme seo ga se reye gore madi a ka kgona go reka sengwe le sengwe. Mmoki mongwe wa Mo-Norway e bong Arne Garborg o ne a re madi “a ka go rekela dijo mme e seng keletso ya go di ja; a ka go rekela melemo mme e seng botsogo; a ka go rekela bolao mme e seng boroko; a ka go rekela kitso mme e seng botlhale; a ka go rekela maphatsiphatsi mme e seng bontle; a ka go rekela dilo tse dintle mme e seng lorato; a ka dira gore o ijese monate mme a ka se go rekele boitumelo; a ka dira gore o itsiwe ke batho ba bantsi mme a ka se dire gore o nne le ditsala; a ka dira gore o nne le batlhanka mme e seng batho ba o ka ba ikanyang.”

Fa motho a leba madi sentle—a sa a letle a laola botshelo jwa gagwe—a ka kgona go itumelela botshelo le go kgotsofala. Baebele ya re: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba . . . itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:10.

Ela tlhoko gore go rata madi ke gone go bakang mathata—e seng madi ka boone. Boammaaruri ke gore go rata madi ka tsela e e feteletseng go ka kgaoganya ditsala le malapa. Ela tlhoko dikai tseno.

 Daniel: * “Ke ne ke tle ke akanye gore Thomas ke motho wa batho e bile o a ikanyega. Ga re ise re ko re nne le mathata mme dilo di ne tsa fetoga fa ke sena go mo rekisetsa koloi ya me. Ke ne ke sa itse gore e na le bothata. Mme gone, o ne a saenile tumalano ya go e reka jaaka e ntse. Morago ga dikgwedi tse tharo, koloi eo e ne ya senyega. Thomas o ne a tsaya gore ke mo tsieditse e bile a bua a galefile gore ke mmusetse madi a gagwe. Ke ne ke gamaregile! Fa ke leka go buisana le ene, o ne a galefa le go feta. Madi a ne a fetotse Thomas mme ke ne ke sa tlhole ke mo itse.”

Esin: “Nesrim ke nnake. Re ne re utlwana sentle, ka jalo, ke ne ke sa akanye gore re tla kgaoganngwa ke madi. Mme go ne ga direga sone seo. Fa batsadi ba rona ba tlhokafala, ba ne ba re tlogelela boswa mme ba kwala gore re bo kgaoganye ka go lekana. Nnake o ne a itlhokomolosa seo mme a batla go tsaya madi a mantsi. O ne a galefa tota a bo a ntshosetsa fa ke mmolelela gore ke tla dira fela jaaka re laetswe. Go tla go fitlha le gompieno, o sa ntse a nkgalefetse.”

MADI LE TLHAOLELE

Go sa lebe madi sentle go ka dira gore batho ba atlhole ba bangwe. Ka sekai, motho yo o humileng a ka nna a akanya gore batho ba ba humanegileng ga ba batle go bereka mme ba batla go tshela ba ntse ba sotlega. Kgotsa motho yo o se nang mo go kalo a ka nna a itlhaganelela go akanya gore batho ba ba humileng ba rata madi kgotsa gore ba bogagaru. Mosha mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo o goletseng mo lelapeng le le humileng e bong Leanne, o ne a diragalelwa ke sengwe se se tshwanang le seo. A re:

Kgakololo ya Baebele ka madi e sa ntse e dira le gompieno

“Ke ne ke bidiwa ngwana wa mohumi. Ka jalo, gangwe le gape batho ba ne ba nthaya ba re: ‘Fa o batla sengwe, o bolelela Papa fela a bo a se go naya’ kgotsa, ‘O se ka wa akanya gore rotlhe re humile e bile re kgona go reka dikoloi tse dintle jaaka lona.’ Ke ne ka bolelela ditsala tsa me gore ba se ka ba tlhola ba bua jalo mme ka ba tlhalosetsa lebaka la go bo mafoko a bone a nkutlwisa botlhoko. Ke ne ke sa batle go itsiwe ke le motho yo o nang le madi mme ke ne ke batla go itsiwe ke le motho yo o direlang batho ba bangwe dilo tse di molemo.”

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e kgale madi kgotsa batho ba ba nang le one—tota le fa ba humile. Ntlha ga se gore motho o na le madi a a kana kang, go na le moo, ke tsela e a itshwarang ka yone ka se a nang le sone kgotsa se a batlang go nna le sone. Baebele e tekatekano fa e bua ka madi e bile kgakololo ya yone e sa ntse e dira le gompieno. Ela tlhoko dikai dingwe.

BAEBELE YA RE: “O se ka wa dira ka natla go nna le dikhumo.”—Diane 23:4.

Buka ya The Narcissism Epidemic ya re go motlhofo gore batho ba ba batlang go huma ba “tsenwe ke malwetse a tlhaloganyo; gape ba nne le mathata a botsogo a a jaaka mometso o o botlhoko, mokwatla o o botlhoko le go opiwa ke tlhogo e bile ba feleletse ba nwa bojalwa thata ba bo ba dirisa diokobatsi tse di seng kafa molaong. Go lebega batho ba ba batlang go huma ba sa itumele le e seng.”

 BAEBELE YA RE: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong.”—Bahebera 13:5.

Tota le motho yo o kgotsofalelang se a nang le sone o tle a tshwenyege ka madi. Le fa go ntse jalo, ga a tshwenyege thata ka one mme o itse dilo tse di botlhokwa mo botshelong. Ka sekai, fa motho yo o kgotsofalelang se a nang le sone a latlhegetswe ke madi, ga a feteletse dilo. Go na le moo, o leka go leba dilo jaaka moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.”—Bafilipi 4:12.

BAEBELE YA RE: “Yo o ikanyang dikhumo tsa gagwe—o tla wa.”—Diane 11:28.

Babatlisisi ba re manyalo a le mantsi a a thubega ka ntlha ya mathata a madi. Gape madi ke sengwe sa dilo tse di dirang gore batho ba ipolaye. Batho bangwe ba tsaya madi a le botlhokwa thata go feta maikano a lenyalo kgotsa botshelo! Go farologana le seo, ba ba lebang madi ka tsela e e siameng ga ba tseye gore a ka ba direla sengwe le sengwe. Go na le moo, ba reetsa kgakololo eno e e botlhale ya ga Jesu: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.

 O LEBA MADI JANG?

Go itshekatsheka go ka dira gore o lemoge gore a o tlhoka go baakanya tsela e o lebang madi ka yone. Ka sekai, ipotse dipotso tse di latelang.

  • A ke kgatlhegela go tsena mo dikgwebong tsa go huma ka bonako?

  • A go thata go direla ba bangwe dilo tse di molemo ka madi a me?

  • A ke rata go itsalanya le batho ba ba ratang go bua ka madi le ka dilo tse ba nang le tsone?

  • A ke bua maaka kgotsa a ke dirisa mekgwa mengwe e e sa siamang go dira madi?

  • A madi a dira gore ke itseele kwa godimo?

  • A ke nna fela ke akantse ka madi?

  • A tsela e ke lebang madi ka yone e ama botsogo jwa me le tsela e ke dirisanang le lelapa la me ka yone?

    Ithute go nna pelotshweu ka go abela ba bangwe

Fa o arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, o tlhoka go dira diphetogo gore o kgone go tila go akanya thata ka madi. Tila go itsalanya le batho ba ba tsayang gore madi le dikhumo ke dilo tsa botlhokwa mo botshelong. Go na le moo, itsalanye le batho ba ba tsayang go nna le mekgwa e e siameng go le botlhokwa thata go na le dikhumo.

O se ka wa letla gore lorato lwa madi lo gole mo pelong ya gago. Go na le moo, a lebe ka tsela e e siameng—dira gore ditsala, lelapa le botsogo jo bo molemo e nne tsone dilo tsa botlhokwa mo go wena. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o leba madi ka tsela e e siameng.

^ ser. 7 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.