Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Malaria

Se o Tshwanetseng go se Itse ka Malaria

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o fopholetsa gore ka 2013, batho ba feta dimilione di le 198 ba ne ba tshwarwa ke bolwetse jwa malaria mme jwa bolaya ba ka nna 584 000. Batho ba le 4 mo go ba le 5 ba ba bolailweng ke malaria ke bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga tse tlhano. Batho ba le dibilione di ka nna 3,2 mo dinageng le mo dikgaolong di le makgolo ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono.

1 MALARIA KE ENG?

Ke bolwetse jo bo tsenang motho fa a lomilwe ke monang. Matshwao a jone ke letshoroma, go sitwa, go fufula, go opiwa ke tlhogo, ditlhabi mo mmeleng, go feroga sebete le go kgwa. Ka dinako dingwe matshwao ano a nna a tlhaga morago ga diura di le 48 go ya go di le 72, go ikaegile ka gore motho o tshwaeditswe ke mofuta ofe wa pharasaete le gore o na le lobaka lo lokae a tshwaeditswe.

2 BOLWETSE JWA MALARIA BO ANAMA JANG?

  1. Dipharasaete tsa malaria—di-protozoa tse di bidiwang Plasmodia—di tsena mo mmeleng wa motho fa a lomiwa ke monang o o namagadi o o bidiwang Anopheles.

  2. Dipharasaete di tlhasela disele tsa sebete sa motho yo o lomilweng ke monang di bo di ikoketsa.

  3. Fa disele tsa sebete di phatloga, di ntshetsa dipharasaete mo diseleng tse dikhibidu tsa madi di bo di nna di ikoketsa.

  4. Fa disele tsa madi tse dikhibidu di phatloga di ntshetsa dipharasaete mo diseleng tse dingwe tse dikhibidu tsa madi.

  5. Go tshwaediwa ke dipharasaete le go phatloga ga disele tse dikhibidu tsa madi go nna go tswelela. Motho yo o tshwaetsegileng o nna a bona matshwao a malaria nako le nako fa disele tse dikhibidu di phatloga.

 3 O KA ITSHIRELETSA JANG?

Fa o nna mo lefelong le le itsegeng ka malaria . . . 

  • Dirisa nnete ya bolao kgotsa ya menang. E tshwanetse ya bo

    • e tshasitswe sebolayaditshenekegi.

    • e se na diphatlha e bile e sa gagoga.

    • e teneditswe ka fa tlase ga materase.

  • Dirisa seporei se se bolayang ditshenekegi.

  • Tsenya digalase tse di sireletsang mo dikgorong le mo difensetereng kgotsa o dirise difetlhaphefo go leleka menang.

  • Apara diaparo tsa mebala e e galotseng tse di bipang mmele wa gago otlhe.

  • Fa go kgonega, tila mafelo a a ratiwang ke menang a a jaaka tlhaga le mo go emeng metsi.

  • Fa o tshwerwe ke malaria, batla kalafi ka bonako.

Fa o rulaganya go etela lefelo le le itsegeng ka malaria . . . 

  • Batla tshedimosetso ya bosheng pele o tsaya loeto. Mefuta ya dipharasaete tsa malaria e farologana go ya ka mafelo, ka jalo o tshwanetse go dirisa mofuta wa kalafi o o tshwanelang. Gape go tla bo go le molemo gore o botse ngaka gore ke dilo dife tse o tshwanetseng go di ela tlhoko tse di amanang le botsogo jwa gago.

  • Fa o ntse o etile, dirisa dikgakololo tse di mo setlhogong seno tse di malebana le ba ba nnang mo lefelong le le itsegeng ka malaria.

  • Fa o ka tshwaetsega, batla kalafi ka bonako. Ela tlhoko gore matshwao a ka bonala morago ga beke kgotsa di le nnè fa o sena go tshwaetsega.