Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Galileo

Galileo

Mo bogareng jwa lekgolo la bo14 le la bo16 la dingwaga, baitsesaense le baitsefilosofi ba Bayuropa ba ne ba lemoga gore tsela e ba tlhaloganyang lobopo ka yone e ne e sa dumalane le dithuto tsa Kereke ya Katoliki. Mongwe wa batho ba ba neng ba ithuta ka lobopo e ne e le Galileo Galilei.

PELE ga motlha wa ga Galileo batho ba bantsi ba ne ba dumela gore letsatsi, dipolanete le dinaledi di dikologa lefatshe. Eno e ne e le nngwe ya dithuto tse di rutiwang ke Kereke ya Katoliki.

Fa Galileo a ne a leba ka thelesekoupo, o ne a bona bosupi jo bo bontshang gore dithuto tsa saense tse di neng di aname mo nakong eo di ne di se boammaaruri. Ka sekai, fa a lebile letsatsi o ne a bona marontho a a mo go lone a a seng mogote thata, mme a lemoga gore letsatsi le dikologa mo le leng gone. Go ela dilo tlhoko jalo go ile ga oketsa kitso ya batho ka lobopo, le fa go ntse jalo, go ne go tla dira gore Galileo a ganediwe ke Kereke ya Katoliki.

SAENSE LE KEREKE

Masome a dingwaga pelenyana, moithutadinaledi wa Mo-Poland yo o bidiwang Nicolaus Copernicus o ne a ruta thuto ya gore lefatshe le dikologa letsatsi. Galileo o ne a bala dibuka tsa ga Copernicus tse di tlhalosang ka metsamao ya masedi a magodimo a bo a batla bosupi jo bo dumalanang le thuto eo. Kwa tshimologong, Galileo o ne a okaoka go itsise batho se a se lemogileng ka gonne o ne a tshaba gore o tla kgobiwa le go sotliwa. E re ka a ne a sa kgone go didimala fela ka se a se boneng ka thelesekoupo  ya gagwe, kgabagare o ne a itsise batho se a se fitlheletseng. Baitsesaense bangwe ba ne ba galefisiwa ke dipatlisiso tseo, mme go ise go ye kae baruti ba thibela maloko a bone go reetsa Galileo.

Ka 1616, “moithutabodumedi yo o neng a di goga kwa pele mo motlheng oo” e bong Cardinal Bellarmine o ne a itsise Galileo ka molao o mosha wa Katoliki o o neng o ganetsa dikgopolo tsa ga Copernicus. O ne a mo pateletsa go dumalana le molao oo, mme go ne ga feta dingwaga Galileo a sa bue phatlalatsa gore lefatshe le dikologa letsatsi.

Ka 1623, tsala ya ga Galileo e bong Mopapa Urban VIII o ne a simolola go busa. Mme ka 1624, Galileo o ne a kopa mopapa gore a phimole molao o o neng o tlhomilwe ka 1616. Go na le go dira jalo, Urban o ne a kgothaletsa Galileo go tlhalosa dikgopolo tseo tse di sa dumalaneng tsa ga Copernicus le Aristotle a sa tseye letlhakore.

Go tswa foo, Galileo o ne a kwala buka ya setlhogo se se reng Dialogue on the Great World Systems. Le fa gone mopapa a ne a laetse Galileo gore a se ka a tsaya letlhakore, buka ya gagwe e ne e dumalana le ditshwetso tsa ga Copernicus. Go ise go ye kae, baba ba ga Galileo ba ne ba re buka eo e ne e tlontlolola mopapa. E re ka Galileo a ne a latofadiwa ka gore ke motlhanogi le go tshosediwa ka go kalediwa, o ne a patelediwa go tlogela dithuto tsa ga Copernicus. Ka 1633, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Roma e ne ya mo atlholela go tswalelwa mo ntlong ya gagwe ya bo ya thibela go gatisiwa ga dibuka tsa gagwe. Ka January 8, 1642, Galileo o ne a tlhokafalela kwa legaeng la gagwe kwa Arcetri, gaufi le Florence.

Mopapa John Paul II o ne a lemoga gore Kereke ya Katoliki e ne e latofaditse Galileo ka maaka

Ka makgolo a dingwaga, dingwe tsa dibuka tsa ga Galileo di ne tsa nna mo lenaaneng la dibuka tse Bakatoliki ba neng ba thibetswe go di bala. Mme ka 1979, kereke e ne ya akanyetsa gape tshwetso e e neng e dirilwe ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Roma dingwaga di ka nna 300 pelenyana. Kgabagare ka 1992, Mopapa John Paul II o ne a lemoga gore Kereke ya Katoliki e ne e latofaditse Galileo ka maaka.