Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Tsholofelo Ka ba Ba se Nang Magae le Bahumanegi

Tsholofelo Ka ba Ba se Nang Magae le Bahumanegi

Joe e ne e le lesole ka lobaka lo loleele kwa United States. Mathata a gagwe le a lelapa a dirile gore a tlhoke legae ka dingwaga di ka nna 18. Ngwaga mongwe o ne a simolola go etela laeborari ya setšhaba ya mo lefelong la bone e bile o ne a tle a tlotle le mosadi mongwe yo o berekang koo. Metlotlo eo e ne ya fetola botshelo jwa gagwe.

Lekawana lengwe la kwa Argentina e bong Martín, le ne le batla go itse Modimo. Le ne le se na tsholofelo mo botshelong. Fa le ntse le batla go itse gore le tshelela eng, le ne la tswa mo lelapeng la ya go nna kwa lotshitshing. Mme ga le a ka la bona karabo, go na le moo le ne la tshwenyega thata mo maikutlong. Le ne la kopa Modimo jaana le lela: “Fa e le gore o teng, tsweetswee dira gore ke go itse.” Diphelelo e nnile dife? Mma re bone.

GO NA le mabaka a a farologaneng a a dirang gore batho ba tlhoke magae. Fela jaaka Joe, bangwe ba tlhoka magae ka ntlha ya mathata a ba lebanang le one. Ba bangwe bone jaaka Martín, ba bona go le molemo go kgaotsa go tshela ka tsela e ba tlwaetseng go tshela ka yone e ba e tsayang e se na mosola. Mme ba bangwe ba tlhoka magae ka ntlha ya khumanego, masetlapelo a tlholego, dikgoka mo lelapeng, go dirisa bojalwa kgotsa diokobatsi ka tsela e e feteletseng, bolwetse jwa tlhaloganyo, go sa nne le madi a a lekaneng a go reka ntlo kgotsa go tlhoka tiro.

Le fa go ne go akanngwa gore dinaga tse di tlhabologang, tse di amilweng ke ntwa kgotsa mathata a ikonomi ke tsone tse di nang le bothata jwa go tlhoka magae, porofesa wa thutotlhaloganyo e bong Paul Toro a re “ke bothata jo bo masisi mo dinageng tse dintsi tse di tlhabologileng.” * Bothata jono bo ka tswa bo gakadiwa ke gore mekgatlho ya puso e thusa malapa a a amogelang lotseno lo lo rileng le fa lo le kwa tlase le ke gore batho ba amogela madi a a sa lekaneng.

Batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka isagwe. Le fa go ntse jalo, go akanya ka se Baebele e se buang ka isagwe—e leng se re tla tlotlang ka sone—go ne ga  thusa bangwe gore ba fokotse go tlhobaela. Gape Baebele e ka re thusa gone jaanong ka go re naya melaometheo e e molemo e re ka tshelang ka yone—melaometheo e e ka tokafatsang maemo a rona a itsholelo le tsela e re lebang dilo ka yone fela jaaka Joe le Martín ba lemogile.

BAEBELE E FETOTSE BOTSHELO JWA GAGWE

Cindi yo gantsi a neng a mmona kwa laeboraring e a neng a bereka kwa go yone a re: “Joe o ne a lebega a le botlhale, a le maitseo e bile a ikokobeditse.” E re ka Cindi e le Mosupi wa ga Jehofa o ne a mo naya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! a bo a mo laletsa kwa pokanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Fa a le koo o ne a tshwarwa ka tlotlo le ka bopelontle, ka jalo a simolola go ya ka metlha. Gape o ne a dumela fa monna mongwe mo phuthegong a kopa go ithuta Baebele le ene.

Thuto ya Baebele e thusitse Joe gore a itlotle

Joe o ne a gomodiwa ke se a neng a se ithuta mo Baebeleng a bo a simolola go se dirisa le fa seo se ne se tlhoka gore a dire diphetogo tse dikgolo. Ka sekai, o ne a ithuta gore botshelo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo e Modimo a re neileng yone e e tshwanetseng go tlotliwa le gore go goga motsoko go leswafatsa mmele. (Pesalema 36:9) Ka jalo, o ne a tlogela motsoko gore a tshele go dumalana le molaomotheo o o mo go 2 Bakorintha 7:1 o o reng: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama.” Ke boammaaruri gore, tshwetso e Joe a e dirileng e ne ya tokafatsa botsogo jwa gagwe ya bo ya mmolokela madi.

E re ka Joe a ile a akanya thata ka kgakololo ya Baebele ya gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go itlamela ka dilo tse re di tlhokang, o ne a simolola go batla tiro. * (1 Bathesalonika 4:11, 12) Moreri 2:24 ya re: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” Fa re dira tiro ya rona ka boikanyegi re a itumela, re a itlotla e bile re kgona go abela ba ba tlhokang.—Baefeso 4:28.

Cindi a re fa go lemotshega gore Joe o a ikanyega, “bangwe mo phuthegong ba ne ba mo thusa go ikwadisetsa ntlo le go bona dilo dingwe tse a di tlhokang.” Joe o ne a tswelela a dira diphetogo mme fa nako e tsamaya a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Gone jaanong o kgona go bua ka se se mo diragaletseng fa a kgothatsa ba bangwe go batla botlhale jwa Modimo jo bo mo Baebeleng.—Diane 3:13, 14.

O BONE SE A SE TSHELELANG

Martín o ne a simolola go batla go itse gore o tshelela eng fa a le dingwaga di le 20. A re: “Ke ne ka batla karabo mo bodumeding le mo filosofing ka bo ka simolola go dirisa diokobatsi ka tsholofelo ya gore maemo a tla nna botoka mme ka itaya sefololetse.” O ne a nna ka nakwana kwa California, mo U.S.A., go tswa foo a ya kwa Hawaii. A re: “Ke ne ke ithaya ke re ke mo paradaiseng. Mme lefelo leo le lentle ga le a ka dira gore ke ikutlwe botoka. Ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong ka bo ka leka go ipolaya.” Ke ka yone nako eo a neng a lela thata a kopa Modimo jaana, “Fa e le gore o teng, tsweetswee dira gore ke go itse.”

Gone jaanong Martín o leba botshelo ka tsela e e siameng

Martín o ne a gakologelwa gore o bone letshwao le le reng “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.” O ne a swetsa ka gore a ye kwa pokanong nngwe ya bone. A re: “Ke ne ka ya ka moriri le ditedu tse ditelele  le diaparo tse ke neng ke na le dikgwedi ke di apere. Le fa go ntse jalo, ke ne ka amogelwa ka lorato.” Martín o ne a dumela go ithuta Baebele e bile o ne a tswa kwa lotshitshing a ya kwa toropong ka metlha go ya go ithuta Baebele.

Kgabagare Martín o ne a bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa gagwe. Seno se ne sa dira gore a se ka a tshwenyega thata mo maikutlong mme a bone boitumelo jo Jesu a neng a bua ka jone fa a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

“Batho ba ne ba gakgamadiwa ke diphetogo tse ke neng ke di dira”

Go ise go ye kae, go ne ga bonala gore Martín o ne a fetola tsela e a lebang dilo ka yone fa a simolola go dirisa melaometheo ya Baebele e e thusitseng Joe, yo o umakilweng pelenyana. Martín o ne a tokafatsa tsela e a lebegang ka yone e bile Basupi ba ne ba mo thusa go bona tiro le lefelo la bonno. O ne a re: “Batho ba ne ba nkitse ke le monna yo o se nang legae yo o nnang kwa toropong, mme jaanong ba ne ba gakgamadiwa ke diphetogo tse ke neng ke di dira.”

Moragonyana, Martín o ne a boela kwa Argentina a bo a kolobediwa gone go nna Mosupi wa ga Jehofa. Jaanong o itumelela go thusa ba bangwe ba ba batlang go bona dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa ka botshelo.

FA GO TLHOKA MAGAE LE KHUMANEGO GO SA TLHOLE GO LE TENG

Motlhanka wa bogologolo wa Modimo e bong Jeremia o ne a tshela ka nako ya mathata. Mmaba yo o setlhogo o ile a thopa naga ya bone mme a isa bontsi jwa batho ba gagabo botshwarwa le go ba dira makgoba. (Dikhutsafalo 1:3) Le fa Jeremia a ile a falola o ne a latlhegelwa ke sengwe le sengwe. O ne a rapela jaana a hutsafetse: “Gakologelwa pogisego ya me le go tlhoka ga me legae.”—Dikhutsafalo 3:19.

 Le fa Jeremia a ne a boga jalo, ga a ka a kgobega marapo. Ka ntlha yang? O ne a itse gore Jehofa ga a kitla a mo tlogela. (Jeremia 1:8) Gape o ne a itse Dikwalo tse di neng di bua ka nako e khumanego le go boga di tla bong di fedile di bo di emisediwa ke kagiso le polokesego tsa mmatota.—Pesalema 37:10, 11.

Diphetogo tseo di tla tlisiwa ke puso e e itekanetseng e e bidiwang Bogosi Jwa Modimo, e seng batho. (Daniele 7:13, 14) Kgosi ya Bogosi joo ke Jesu Keresete yo o neng a utlwela batho ba ba humanegileng botlhoko fa a ne a le mo lefatsheng. (Luke 7:22; 14:13) Fa a busa, “mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso . . . O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—Pesalema 72:7, 12, 14.

“Ba tla aga matlo ba nne mo go one.”—Isaia 65:21

Jesu o ne a ruta thata ka Bogosi Jwa Modimo. (Luke 4:43) Gape o ne a ruta batho go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Botshelo bo tla bo bo ntse jang fa Bogosi Jwa Modimo bo busa? Baebele e re bolelela dilo tse di kgatlhang tse di tla diregang. Ka sekai, e bua jaana ka batho ba ba tla busiwang ke Bogosi Jwa Modimo:

  • “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. . . . Batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.

  • “Ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”—Mika 4:4.

Go nna le tsholofelo eo go ka re nonotsha fa re lebana le diteko. Gape melaometheo ya Baebele e ka re thusa go tshela botshelo jo bo botoka le jo bo kgotsofatsang gone jaanong fela jaaka Joe, Martín le batho ba bangwe ba bantsi ba lemogile. Ka jalo, Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo o re tlhomamisetsa jaana: “Yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.” (Diane 1:33) E kete seo se ka go diragalela!

^ ser. 6 Dikgotlhang, dintwa le go bogisiwa, go dirile gore batho ba le dimilione ba tswe mo magaeng a bone mme ba nne bafaladi mo dinageng tse dingwe kgotsa mo dinageng tsa bone. Go ne ga tlotliwa ka bothata jono mo makasineng wa Tsogang! wa February 8, 2002.

^ ser. 11 Batho bangwe ga ba kgone go bereka ka gonne ba golafetse, ba lwala kgotsa ba godile thata. Mme Modimo o kgala ope fela yo o ‘sa batleng go dira.’—2 Bathesalonika 3:10.