Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Go Thusa Lelapa | Go Godisa Bana

Fa Ngwana a Botsa ka Loso

Fa Ngwana a Botsa ka Loso

KGWETLHO

Mosimanyana wa gago wa dingwaga di le thataro o go botsa jaana, “A o tlile go swa?” O sa ntse o gakgamaditswe ke potso ya gagwe, o ipotsa jaana: ‘A tota o tla tlhaloganya se ke tla mmolelelang sone? Ke tla simolola kae?’ *

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Bana ba akanya ka loso. Bangwe ba bone fa ba tshameka ba tle ba itire e kete ba tlhokafetse. Ka jalo, ga o a tshwanela go tsaya gore loso ke kgang e o ka se bueng le ngwana ka yone, tota e bile o tshwanetse go araba dipotso tse a di botsang tse di amanang le loso. Fa o bua le ene ka loso o phuthologile, o mo thusa gore a itse kafa a ka itshokelang loso lwa mongwe yo a mo ratang ka gone.

Go bua ka loso go ka se dire gore ngwana a nne a tshogile. Go na le moo go tla tlosa poifo. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa tshwanelwa ke go mo tlhalosetsa dilo tse dingwe tse di seng boammaaruri. Ka sekai, baitse bangwe ba re bana ba bantsi ba dingwaga di le thataro ba tsaya loso e le selo sa nakwana. Gantsi fa ba tshameka, yo mongwe o tla itira e kete o “tlhokafetse” mme ka bonako fela a bo a “tshela” gape.

Le fa go ntse jalo, fa ngwana a gola o lemoga gore loso ke selo se se masisi—mme seo se ka dira gore a ipotse dipotso, a tlhobaele kgotsa a nne le poifo segolobogolo fa go tlhokafala motho yo a atamalaneng le ene. Ka jalo, go botlhokwa gore o tlotle le ene ka kgang eno. Moitse wa malwetse a tlhaloganyo e bong Marion Haza a re: “Ngwana a ka simolola go tlhobaela fa a akanya gore ga a letlelelwa go tlotla ka loso kwa lapeng.”

Ga o a tshwanela go tshwenyega thata ka gore o tla mo raya o reng. Buka nngwe ya re bana ba batla go “bolelelwa boammaaruri ka tsela e ba ka e tlhaloganyang.” Ka jalo, tlhomamisega gore gantsi fa ngwana a botsa potso o a bo a batla go itse sengwe.

 SE O KA SE DIRANG

Dirisa tshono e e tlhagang go bua ka loso. Fa ngwana a bona nonyane kgotsa seruiwa sa mo lapeng se sule, mmotse dipotso tse di motlhofo gore a go bulele mafatlha. Ka sekai, o ka mmotsa jaana: “A phologolo eno e utlwa botlhoko? A e a sitwa? A e tshwerwe ke tlala? O itse jang gore motho kgotsa phologolo e sule?”—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 3:1, 7.

O se ka wa mo fitlhela sepe. Fa mongwe mo lapeng kgotsa wa losika a tlhokafala, tila go dirisa mafoko a a jaaka “O ile bo ya batho.” Seo se ka dira gore ngwana a akanye gore moswi o tla boa. Go na le moo, dirisa mafoko a a motlhofo le a a tlhamaletseng. Ka sekai, o ka nna wa re: “Fa Mmèmogolo a tlhokafala, mmele wa gagwe o ne wa kgaotsa go bereka. Re ka se tlhole re kgona go bua le ene mme re ka se mo lebale.”—Molaomotheo wa Baebele: Baefeso 4:25.

E re ka ngwana a ka tswa a akanya gore loso lo a tshwaetsana, mo tlhomamisetse gore lo ka se mo tshwaetse

Mmolelele gore ga se molato wa gagwe. A ka tswa a akanya gore se a se dirileng kgotsa se a se akanyang se dirile gore mongwe a tlhokafale. Go na le go mmolelela fela gore ga se molato wa gagwe, o ka nna wa mmotsa jaana, “Goreng o akanya gore ke molato wa gago?” Mo reetse ka tlhoafalo o sa nyatse tsela e a ikutlwang ka yone. E re ka ngwana a ka tswa a akanya gore loso lo a tshwaetsana, mo tlhomamisetse gore lo ka se mo tshwaetse.

Mo fate maikutlo. Bolelela ngwana ka batho ba o ba itseng ba ba tlhokafetseng go akaretsa ba masika ba a sa ba itseng. Seo se ka dira gore o gopole dilo tse di kgatlhang ka rakgadi, malome, mmèmogolo kgotsa rremogolo tse o ka mmolelelang tsone. Fa o bua le ngwana ka batho bano, o mo thusa go lemoga gore a ka bua kgotsa a akanya ka batho ba ba tlhokafetseng. Mme gone o se ka wa pateletsa ngwana go bua. Lo sa ntse lo ka tlotla ka kgang eno moragonyana fa maemo a lo letla. —Molaomotheo wa Baebele: Diane 20:5.

Kgaolo 34 le 35 mo bukeng ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e ka thusa bana ba gago go itse se Baebele e se rutang ka loso. Leba DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA

^ ser. 4 Le fa re bua ka ngwana wa mosimane, melaometheo e go buiwang ka yone mono e dira le mo basetsaneng.