Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | STEPHEN TAYLOR

Porofesa wa Matlotlo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Porofesa wa Matlotlo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Porofesa Stephen Taylor ke morutisi e bile ke modiradipatlisiso kwa Yunibesithing ya Thekenoloji ya kwa Sydney, Australia. O dira dipatlisiso ka dimmaraka tsa matlotlo le gore di ka atlega jang. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa gore dipatlisiso tsa gagwe di amile jang se a se dumelang.

Re tlhalosetse gore o godile jang.

Ke godisitswe ke batsadi ba ba tsenang kereke ba ba ikanyegang e bile ba dira ka natla. Ba ne ba nkgothaletsa gore ke bone thutego e e kwa godimo, ka jalo ka ithutela go nna rramatlotlo kwa Yunibesithing ya New South Wales. Ke ne ka lemoga gore ke rata go dira dipatlisiso mme ka swetsa ka gore ke nne morutisi le modiradipatlisiso.

O dira dipatlisiso ka eng?

Ke ne ke kgatlhegela go itse thata gore dimmaraka tsa matlotlo di dira jang. Dimmaraka tseno di letlelela batho go reka le go rekisetsa dikhampani dishere, go tswa foo dikhampani di dirisa madi ao go tsweledisa dikgwebo tsa tsone pele. Nngwe ya dipatlisiso tse ke di dirang ke gore dikhampani di ikaegile ka eng fa di baya ditlhwatlhwa tsa tsone.

A o ka re direla sekai?

Go lebeletswe gore gangwe le gape dikhampani di romele pego ya poelo ya tsone. Babeeletsi ba leba dipego tseno fa ba batla go bona gore khampani e na le madi a a kana kang. Mme mefuta mengwe ya go bega poelo ga e a tlhomama. Batshwayadiphoso ba ka nna ba re dikhampani ga di ntshe pego e e boammaaruri ya poelo ya tsone. Babeeletsi ba tlhoka tshedimosetso efe gore ba itse gore khampani e boammaaruri go le kae? Balekanyetsi bone ba tshwanetse go nna le tshedimosetso efe go tlhomamisa gore dimmaraka tsa madi di dira sentle? Nna le badirikanna re leka go batla dikarabo tsa dipotso tseo.

 Re bolelele ka bodumedi jwa gago.

Ke ne ke nna ke ya Kerekeng ya Presbyterian le batsadi ba me mme fa ke le mo dingwageng tsa bolesome ka kgaotsa go ya. Ke ne ke dumela mo Mmoping e bile ke tlotla Baebele mme ke tsaya gore bodumedi ga bo kgone go rarabolola mathata a botshelo. Ke ne ke tsaya kereke e le lefelo la go kopana le batho go itlosa bodutu. Fa ke le kwa Yuropa, ke ne ka etela dikereke tse dintsi tse dikgolo mme ka ipotsa gore ke eng fa di humile jaana fa lefatshe lone le aparetswe ke khumanego. Ke ne ke sa tlhaloganye seno mme ka belaela bodumedi thata.

Ke eng se se go fetotseng mogopolo?

Mogatsake e bong Jennifer, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa a bo a ya dipokanong tsa bone mme ka swetsa ka gore ke tsamaye le ene ke bone gore go direga eng koo. Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore ga ke itse sepe ka Baebele. Ke ne ke gakgametse tota! Ka jalo ka simolola go ithuta Baebele le Basupi.

Tsela e Basupi ba rutang ka yone e ne ya nkgatlha fela thata. Ba ne ba botsa potso, ba ntsha bosupi le go bo sekaseka, go tswa foo ba dira tshwetso e e utlwalang, e leng tsela e ke neng ke e dirisa fa ke dira dipatlisiso! Ka 1999, dingwaga di le mmalwa Jennifer a sena go kolobediwa, le nna ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

A kitso ya gago ya tsa madi e dirile gore o ikanye Baebele le go feta?

Ee, go ntse jalo. Ka sekai, Molao o Modimo a neng a o neile Iseraele wa bogologolo o ne o rarabolola mathata a tsa madi a a sa ntseng a palela ba tsa ikonomi gompieno. Molao o ne o laela Baiseraele gore ba beele sengwe kwa thoko go thusa bahumanegi (lekgetho le inshorense), go adima batlhoki madi kwantle ga morokotso (go adimisa madi) le go busetsa naga kwa go beng ba yone mo ngwageng mongwe le mongwe wa bo50 (tshwanelo ya setsha). (Lefitiko 19:9, 10; 25:10, 35-37; Duteronome 24:19-21) Dithulaganyo tseno le tse dingwe di ne di thusa batho ka ditsela tse tharo: Di ne di ba thusa gore (1) ba nne le madi fa go na le mathata a madi, (2) ba tswe mo lehumeng, e bile (3) di dira gore go nne le tekatekano mo go tsa madi—mme dithulaganyo tseno di ne di dirisiwa dingwaga di le 3 000 pele go nna le thuto ya matlotlo!

Gape Baebele e gatelela botlhokwa jwa gore batho ba nne le boitsholo jo bo tla tokafatsang ikonomi. Ka sekai, e ruta batho gore ba ikanyege, ba nne kutlwelobotlhoko le gore ba nne pelotshweu. (Duteronome 15:7-11; 25:15; Pesalema 15) Se se kgatlhang ke gore mathata a bosheng a tsa ikonomi a dirile gore dikolo le ditheo dingwe tsa kgwebo di simolole go kgothaletsa balaodi ba dikgwebo le ba madi gore ba gatelele botlhokwa jwa go latela melao mengwe ya boitsholo. Mme ke tsaya gore melao ya Baebele ya boitsholo e gaisa kgakala melao eo ya kgwebo.

Bodumedi jwa gago bo go thusitse jang?

Go ithuta Baebele ke “poelo” e e di gaisang tsotlhe e ke e dirileng

Jennifer a re ke tekatekano go feta pele. Ke ne ke batla gore dilo di dirwe sentle ke sa fetofetoge le maemo. Gongwe seno ke sone se se dirileng gore ke kgone go latela melaometheo ya tsa madi! Go dirisa melaometheo ya Baebele go nthusitse gore ke nne tekatekano le go feta. Jaanong ke itumetse go feta pele le lelapa la me le itumetse. Re itumelela go bolelela ba bangwe ka botlhale jo bo mosola jwa Baebele. Go ithuta Baebele ke “poelo” e e di gaisang tsotlhe e ke e dirileng.