Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Tshedimosetso ka Malwetse a Tlhaloganyo

Tshedimosetso ka Malwetse a Tlhaloganyo

Claudia yo o neng a sa tswa go bolelelwa gore o na le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo (bipolar disorder) le jwa go tlhobaela thata morago ga tiragalo e e utlwisang botlhoko (post-traumatic stress disorder) a re: “E ne e kete ke tla palelwa ke go hema. Go lebana le ditlhong tsa bolwetse jwa tlhaloganyo go ne go nkimela.”

Monna wa ga Claudia e bong Mark a re: “Go ntsere lobaka gore ke amogele boemo jono. Mme ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go ema mosadi wa me nokeng.”

O NE o ka ikutlwa jang fa wena kgotsa motho yo o mo ratang a bolelelwa gore o na le bolwetse jwa tlhaloganyo? Se se itumedisang ke gore bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka alafega. Mma re tlotle ka dilo di le mmalwa tse re tshwanetseng go di itse gore re tlhaloganye malwetse a tlhaloganyo botoka. *

 Dintlha ka Malwetse a Tlhaloganyo

“Malwetse a tlhaloganyo a tshwara batho ba bantsi thata mo lefatsheng e bile a ama ba ba atamalaneng le bone. Motho a le mongwe mo go ba le banè o tla amiwa ke bolwetse jono. Go tshwenyega thata mo maikutlong ke nngwe ya dilo tse di bakang bolwetse jwa tlhaloganyo. Schizophrenia le bipolar ke mangwe a malwetse a a kotsi e bile a ka ama batho ka tsela e e utlwisang botlhoko. . . . Le fa gone malwetse a tlhaloganyo a ama batho ba bantsi, a fitlhegile, a a itlhokomolosiwa e bile ga a ratege.”—Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo.

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo wa re batho ba bantsi ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo ga ba batle kalafi ka gonne a ba tlhabisa ditlhong.

Le fa malwetse a tlhaloganyo a alafega, mokgatlho wa National Alliance on Mental Illness wa re diperesente di ka nna 60 tsa bagolo le diperesente di ka nna 50 tsa basha ba dingwaga di ka nna 8 go ya go 15 ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo mo United States, ga ba a bona kalafi mo ngwageng o o fetileng.

 Go Lemoga Malwetse a Tlhaloganyo

Malwetse a tlhaloganyo ke eng? Baitse ba re bolwetse jwa tlhaloganyo ke fa motho a palelwa ke go akanya sentle, go laola maikutlo a gagwe le tsela e a dirang dilo ka yone. Gantsi bolwetse jono bo dira gore motho a palelwe ke go dirisana sentle le batho ba bangwe le go dira dilo tsa botlhokwa mo botshelong.

Bolwetse jwa tlhaloganyo ga bo bakwe ke bokoa bongwe jo motho a ka tswang a na le jone kgotsa botho jwa gagwe

Matshwao a mangwe a bolwetse jwa tlhaloganyo a tsaya lobaka e bile ga a bonale ka bonako go ikaegile ka motho, bolwetse le maemo a gagwe. Bo ka ama batho botlhe go sa kgathalesege, dingwaga, lotso, setšhaba, bodumedi kgotsa maemo a bone a thutego le lotseno. Bolwetse jwa tlhaloganyo ga bo bakwe ke bokoa bongwe jo motho a ka tswang a na le jone kgotsa botho jwa gagwe. Fa batho ba ka bona kalafi e e tshwanetseng, ba ka nna le botsogo jo bo molemo le jo bo itumedisang.

Go Alafa Malwetse a Tlhaloganyo

Dingaka tse di berekang ka malwetse a tlhaloganyo di ka kgona go alafa malwetse a mantsi a tlhaloganyo ka katlego. Ka jalo, kgato ya ntlha e e botlhokwa ke go tlhatlhobiwa ke ngaka e e nang le bokgoni jwa go alafa malwetse a tlhaloganyo.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba ka solegelwa molemo ke bokgoni joo fa fela ba amogela kalafi e e ba siametseng. Seno se ka nna sa tlhoka gore motho a se ka a okaoka go bolelela ba bangwe ka bolwetse jwa tlhaloganyo. Kalafi e ka akaretsa go bua le dingaka tse di berekang ka malwetse a tlhaloganyo tse di ka ba thusang go tlhaloganya bolwetse jono, go rarabolola mathata a bone le go ba bontsha botlhokwa jwa go nna ba dirisa melemo e ba e neilweng. Ka jalo, ka nako ya fa o kopane le ngaka, go botlhokwa thata gore o tsamaye le mongwe wa lelapa kgotsa tsala e e ka go emang nokeng.

Batho ba bantsi ba ile ba ithuta go lebana le malwetse a tlhaloganyo morago ga go tlhaloganya maemo a bone botoka le go dirisa kalafi e ba e neilweng ke dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo. Mark yo go builweng ka ene kwa tshimologong a re: “Pele mosadi wa me a lwala, re ne re sa itse mo go kalo ka malwetse a tlhaloganyo. Mme re ile ra ithuta go lebana le boemo bongwe le bongwe jo bo tlhagang le go itlwaetsa maemo a rona. Fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra solegelwa molemo ke tshegetso ya dingaka mmogo le ba malapa le ditsala.”

Kgato ya ntlha e e botlhokwa ke go tlhatlhobiwa ke ngaka e e nang le bokgoni jwa go alafa malwetse a tlhaloganyo

 Claudia o dumalana le seo. A re: “Kwa tshimologong fa ke itsisiwe ka bolwetse jono e ne e kete ke tsenngwa mo kgolegelong. Le fa gone bolwetse jwa me bo re thibela go dira dilo dingwe, ke ile ka ithuta gore re ka kgona go lebana le maemo a a thata. Ka jalo, ke lebana le bolwetse jwa me ka go dirisana le dingaka, ka go nonotsha botsala le ba bangwe le ka go dira se ke se kgonang.”

Baebele e ka Thusa

Baebele ga e rute gore go rata dilo tsa semoya go ka alafa malwetse. Le fa go ntse jalo, malapa a le mantsi mo lefatsheng a gomoditswe le go nonotshiwa ke se Baebele e se rutang. Ka sekai, Baebele e re tlhomamisetsa gore Mmopi yo o lorato o gomotsa ba ba “pelo e phatlogileng” le ba “moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

Le fa Baebele e se buka ya kalafi, e re naya dikgakololo tsa kafa re ka lebanang ka gone le kutlobotlhoko le maemo a a re tshwenyang. Gape Baebele e ka re naya tsholofelo ka isagwe ka nako ya fa go tla bo go se na malwetse le botlhoko mo lefatsheng. Lefoko la Modimo le re solofetsa jaana: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.”—Isaia 35:5, 6.

^ ser. 5 Mo setlhogong seno re tla dirisa lereo “bolwetse jwa tlhaloganyo” le le akaretsang malwetse otlhe a tlhaloganyo le a a ka amang tsela e motho a itshwarang ka yone.

^ ser. 32 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi epe fela e ba e tlhophang ga e kgatlhanong le melaometheo ya Baebele.

^ ser. 40 Bona le setlhogo se se reng “Ditsela Tsa go Laola Kgatelelo ya Maikutlo” mo makasineng wa Tsogang! wa Motsheganong 2014.