Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | LENYALO

Kafa o ka Ineelang ka Gone

Kafa o ka Ineelang ka Gone

KGWETLHO

Wena le molekane wa gago ga lo dumalane ka sengwe. Boammaaruri ke gore, go na le dilo tse tharo tse o ka di dirang:

  1. O ka nna wa gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya gago.

  2. O ka nna wa dira se molekane wa gago a se batlang.

  3. Loobabedi lo ka ineela.

O ka nna wa re: ‘Ga ke rate go ineela. Go lebega go se ope wa rona yo o tla bonang se a se batlang!’

Tlhomamisegang gore fa lo dira dilo sentle, go ineela go tla lo itumedisa. Mme pele re sekaseka gore lo ka ineela jang, go na le dilo di le mmalwa tse lo tshwanetseng go di itse.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go ineela go tlhoka gore lo dirisane mmogo. Pele o tsena mo lenyalong, o ka tswa o ne o tlwaetse go dira ditshwetso o le nosi. Jaanong dilo di fetogile, wena le molekane wa gago lo tshwanetse go dira gore lenyalo la lona le tle pele ga dilo tse lo di kgatlhegelang. Go na le go tsaya seo e le mokgweleo, akanya ka melemo ya gone. Mosadi mongwe e bong Alexandra a re: “Batho ba babedi ba ka ntsha dikakantsho tse di ka ba thusang go rarabolola bothata ka tsela e e molemo go gaisa kakantsho ya motho a le mongwe.”

Go ineela go tlhoka gore lo akanyetsane. Mogakolodi mongwe wa manyalo e bong John M. Gottman a re: “Ga o a tshwanela go dumela sengwe le sengwe se molekane wa gago a se buang, mme o tshwanetse go mo akanyetsa. Fa molekane wa gago a go bolelela bothata bongwe mme o tshikinya tlhogo o sa dumalane (kgotsa o akanya ka jone), go raya gore lo ka se kgone go bo rarabolola.” *

Go ineela go tlhoka gore lo intshe setlhabelo. Ga go na motho yo o batlang go nna le molekane yo o batlang gore ka metlha dilo di dirwe ka tsela ya gagwe. Dilo di nna motlhofo fa balekane ka bobedi ba ikemiseditse go intsha setlhabelo. Mosadi mongwe e bong June a re: “Ka dinako dingwe ke a ineela gore ke itumedise mogatsake, mme le ene o dira jalo ka dinako dingwe. Lenyalo le tshwanetse go nna jalo—go direlana dilo e seng go nna o direlwa dilo.”

 SE O KA SE DIRANG

Simolola sentle. Gantsi puisano e felela ka tsela e e simolotseng ka yone. Fa lo simolola ka go tlhabana ka mafoko, lo ka nna lwa se ka lwa rarabolola mathata ka kagiso. Ka jalo, dirisang kgakololo eno ya Baebele: “Aparang . . . bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Dinonofo tseno di tla dira gore wena le molekane wa gago lo se ka lwa ngangisana mme lo rarabolole mathata a lona.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 4:6.

Batla se lo dumalanang ka sone. Fa go ineela go felela ka go ngangisana, wena le molekane wa gago lo ka tswa lo tlhomile mogopolo mo dilong tse lo sa dumalaneng ka tsone. Go na le moo, batlang se lo dumalanang ka sone. Go bona se lo dumalanang ka sone, lekang seno:

Mongwe le mongwe a Itirele lenaane le le nang le dikholomo tse pedi. Mo kholomong ya ntlha, kwala dilo tse o sa dumalaneng le tsone. Mo kholomong ya bobedi, kwala dilo tse o ka ineelang mo go tsone. Morago ga moo, tlotlang ka se lo se kwadileng. Lo ka nna lwa lemoga gore dilo tse dintsi tse lo sa dumalaneng ka tsone tota ga se tsa sepe. Fa go le jalo, go ka se nne thata go ineela. Le fa lo sa dumalane, go kwala dilo tseno go tla thusa wena le molekane wa gago go leba dilo sentle.

Akanya ka dilo tse dingwe tse di ka lo thusang. Dilo tse dingwe di ka nna motlhofo go di rarabolola. Mme mo dilong tse go seng motlhofo go di rarabolola, monna le mosadi ba ka akanya ka dilo tse dingwe tse di ka thusang tse gongwe ope wa bone a neng a sa akanya ka tsone. —Molaomotheo wa Baebele: Moreri 4:9.

Ikemisetse go fetola tsela e o lebang dilo ka yone. Baebele ya re: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Fa banyalani ba ratana e bile ba tlotlana, ba ikemisetsa go akanyetsana—le e leng go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone. Monna mongwe e bong Cameron a re: “Go na le dilo dingwe tse o neng o ka se di dire—mme ka ntlha ya tlhotlheletso ya molekane wa gago—o iphitlhela o setse o di rata.”—Molaomotheo wa Baebele: Genesise 2:18.

^ ser. 12 Go tswa mo bukeng ya The Seven Principles for Making Marriage Work.