KGWETLHO

Fa o ntse o buisana le tsala ya gago lo lebane difatlhego, go tsena molaetsa mo founong ya gago. O tshwanetse go dirang?

  1. Go bala molaetsa o ntse o bua le tsala ya gago.

  2. Go raya tsala ya gago o re “ema pele” o bo o bala molaetsa wa founo.

  3. Go tlhokomologa molaetsa wa founo o bo o tswelela o tlotla le tsala ya gago.

A go botlhokwa gore o tlhopha go dirang? Karabo ke ee!

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go kwalela tsala molaetsa ka founo o ntse o tlotla le tsala e nngwe go tshwana le go tshameka motshameko o o o ratang mme o sa latele melao ya motshameko oo. O ka nna wa re, ‘Kana gone batho bano ke ditsala tsa me.’ Tota e bile ke gone mo o tshwanetseng go nna maitseo. E se gore jaanong o tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go feteletseng mo go nneng maitseo le go bua ka tsela e e bontshang tlotlo. Mme boammaaruri ke jo: Fa o se maitseo mo ditsaleng tsa gago, go ise go ye kae ba ka se tlhole ba batla go nna ditsala tsa gago.

Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ka gonne batho ga ba rate go dirisana le motho yo o se nang maitseo. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Beth * la re: “Go a tena gore e re o ntse o bua le tsala, ene a bo a lebelela founo ya gagwe kgapetsakgapetsa jaaka e kete o letetse sengwe se se botoka!” O akanya gore Beth o tla itshokela tsala e e ntseng jalo lobaka lo lo kana kang?

Fa o sekaseka mekgwa e o dirisang founo ya gago ya selula ka yone, akanya ka tiragalo e e ka fa tlase ga setlhogwana se se reng “Kgwetlho.” Go ya ka wena, ke tsela efe e e lebegang e le botoka? O ka tswa o lemoga gore A e bontsha go tlhoka maitseo. Mme gone, go tweng ka B le C? A ke go tlhoka maitseo gore o kgaosetse motlotlo e le fela gore o tlhole molaetsa wa founo? Kgotsa a ke go tlhoka maitseo gore o itlhokomolose molaetsa wa founo e le fela gore o tsweletse motlotlo?

Jaaka o bona, kgang ya maitseo e ka nna selo se se raraaneng. Mme Baebele e ka thusa. Ya re: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) O ka dirisa kgakololo eno mo kgannyeng ya melaetsa ya founo. Jang?

 SE O KA SE DIRANG

Romela melaetsa ka nako e e siameng fela. Lekawana lengwe le le bidiwang Richard la re: “Ka dinako tse dingwe ke na le go amogela molaetsa bosigo thata, mme e se le molaetsa wa sengwe se se botlhokwa, o bo o ntshenyetsa boroko fela!” Ipotse jaana: ‘A ke romelela batho melaetsa ka nako e ba ka tswang ba ikhuditse ka yone?’—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 3:1.

Bontsha maitseo mo go se o se kwalang. Batho ba buisana ka go dirisa mafoko, segalo sa lentswe, tebego ya sefatlhego le boitshikinyo jwa mmele. Ka maswabi, o ka se bone bontsi jwa dilo tseno fa o romela molaetsa ka founo. Ka jalo, o ka dira jang gore di bonale mo molaetseng? Lekgarebe lengwe le le bidiwang Jasmine le akantsha jaana: “Dirisa mafoko a a tlwaelegileng a a supang maitseo. Dirisa mafoko a a jaaka ‘O tsogile jang?’ ‘tsweetswee’ le ‘ke a leboga.’”—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 4:6.

Dirisa temogo. Akanya gape ka tiragalo e e ka fa tlase ga setlhogwana se se reng “Kgwetlho.” Fa e le gore o letetse molaetsa wa botlhokwa, o ka nna wa kopa gore lo kgaosetse motlotlo go se kae. Le fa go ntse jalo, gantsi o ka kgona go bona molaetsa moragonyana. Amy wa dingwaga tse 17 a re: “Founo ya gago e tla bo e sa ntse e le teng fa lo fetsa go tlotla le tsala ya gago, mme tsala ya gago e ka nna ya bo e sa tlhole e le teng fa o fetsa go kwala molaetsa ka founo.” O ka dirisa temogo ka tsela e e tshwanang fa o le kwa kokoanong. Jane wa dingwaga tse 18 a re: “O se ka wa nnela go kwala melaetsa ka founo. Go nna jaaka e kete o raya batho o re, ‘Ga ke lo kgathalele; e kete nka bo ke seyo fa.’”

Akanya pele o tobetsa konopo ya go romela. A go ka direga gore molaetsa wa gago o se ka wa tlhaloganngwa sentle? A matshwao a a romelwang go bontsha gore motho o ikutlwa jang a ka tlhalosa tsela e tota o ikutlwang ka yone? Amber wa dingwaga tse 21 a re: “Fa o dira motlae ka sengwe, tsenya letshwao la sefatlhego se se nyenyang. Batho ba utlwa botlhoko—le dikgotlhang di ka simologa—ka gonne ba tsere mafoko mangwe a e neng e le motlae masisi.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 12:18.

Go bonala sentle gore ruri go botlhokwa go bontsha maitseo fa o dirisa founo ya selula!

Se o ka akanyang ka sone: Lorato lo tlhotlheletsa motho go bontsha maitseo. Nonofo eo e bontshiwa jang? Baebele ya re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Wena o tlhoka go leka go nna le karolo efe ya lorato?

^ ser. 11 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.