Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go 'menu' wa bobedi

Fetela go diteng

Basupi ba ga Jehofa

Setswana

Tsogang!  |  May 2014

Matsholo a go Batla Baloi Kwa Yuropa

Matsholo a go Batla Baloi Kwa Yuropa

DINGWAGA di le makgolo a se kae tse di fetileng kwa Yuropa, go boifa boloi go ne ga felela ka gore go simolole matsholo a go batla baloi le go ba bolaya. Bontsi jwa matsholo ano a ne a direga kwa Fora, kwa Jeremane, kwa bokone jwa Italy, kwa Switzerland le kwa Dinageng Tse di Kwa Tlase—Belgium, Luxembourg le Netherlands. “Go ne ga swa batho ba le dikete di le masomesome kwa Yuropa le kwa dinageng tse di busiwang ke Yuropa” mme “ba bangwe ba le dimilionemilione ba ne ba tlhokofadiwa, ba tshwarwa, ba botsolodiwa, ba tlhoiwa, ba pegwa molato ba bo ba tshelela mo poifong,” go ya ka buka ya Witch Hunts in the Western World. * Poifo eno e e feteletseng e simologile jang? E ne e tlhotlhelediwa ke eng?

Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi le Buka ya The Hammer of Witches

Sengwe se se neng se tlhotlheletsa kgang eno thata e ne e le Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi. Buka ya Der Hexenwahn (Tlhoafalo e e Feteletseng ka Boloi) e tlhalosa gore kgotlatshekelo eno e ne e tlhomilwe ke Kereke ya Roma Katoliki mo lekgolong la bo13 la dingwaga “go sokolola bakgelogi le go thibela ba bangwe gore ba se ka ba kgeloga.” E ne e dira jaaka sepodise sa kereke.

Ka Sedimonthole 5, 1484, Mopapa Innocent VIII o ne a gatisa lokwalo kgotsa setlankana sa mopapa se se neng se kgala boloi. Gape o ne a tlhoma batho ba le babedi ba ba neng ba sekisa batho—Jakob Sprenger le Heinrich Kramer (yo gape a itseweng ka leina la gagwe la Selatine, Henricus Institoris)—gore ba lwantshe bothata jono. Banna ba babedi bano ba ne ba gatisa buka ya setlhogo se se reng, Malleus Maleficarum, ke go re, The Hammer of Witches (Hamore ya Baloi). Bakatoliki mmogo le Baporotesetanta ba ne ba tsaya buka eno e le yone e laolang mo kgannyeng ya boloi. E ne e na le dipolelo tse di itlhametsweng tse di buang ka baloi mme di theilwe mo ditlhamaneng, e naya mabaka a bodumedi le a semolao kgatlhanong le boloi e bile e naya kaelo malebana le go lemoga le go fedisa baloi. Buka ya The Hammer of Witches e ile ya tlhalosiwa e le “buka e e setlhogo  go gaisa le . . .  e e senyang go gaisa mo dibukeng tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa mo lefatsheng.”

Buka ya The Hammer of Witches e ile ya tlhalosiwa e le “buka e e setlhogo go gaisa le . . . e e senyang go gaisa mo dibukeng tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa mo lefatsheng”

Fa motho a latofadiwa ka boloi go ne go sa batliwe bosupi bope jwa gore o molato. Buka ya Hexen und Hexenprozesse (Baloi le Ditsheko Tsa Baloi) ya re ditsheko “di ne di direlwa fela gore molatofadiwa a dumele molato ka go tlhotlhelediwa, go gatelelwa kgotsa go patelelwa.” Go tlhokofatsa batho go ne go tlwaelegile.

Ka ntlha ya buka ya The Hammer of Witches le setlankana se se neng se gatisitswe ke Mopapa Innocent VIII, matsholo a magolo a go batla baloi a ne a simolola mo Yuropa. Mo godimo ga moo, matsholo ano a ne a thusiwa ke boranyane jo bosha jwa thekenoloji, e leng metšhine ya go gatisa, e e neng e thusa go anamisa matsholo ano a a feteletseng go fitlha le kwa moseja ga Atlantic kwa Amerika.

Go ne Go Latofadiwa Bomang?

Palo e e fetang diperesente di le 70 kgakala ya batho ba ba latofadiwang e ne e le basadi, segolobogolo batlholagadi, ba gantsi ba neng ba se na ope yo o ka ba buelelang. Batho ba ba latofadiwang ba ne ba akaretsa bahumanegi, bagodi le basadi ba ba neng ba naya batho kalafi ya melemo ya ditlhatshana, segolobogolo fa e ne e sa bereke. Go ne go se na ope yo o seng mo kotsing—bahumi kgotsa bahumanegi, banna kgotsa basadi, batho ba maemo a a kwa tlase kgotsa ba maemo a a kwa godimo.

Batho ba go neng go twe ke baloi ba ne ba pegwa molato wa dilo tse dintsi tse di bosula. Makasine wa kwa Jeremane wa Damals wa re go ne go twe “ba baka segagane e bile ba tlisa leroborobo la dikgopa le la diboko gore di senye peo le dikungo tsa lefatshe.” Fa sefako se itaya dijalo, fa kgomo e sa ntshe mashi, fa monna kgotsa mosadi a le moopa, e ne e le molato wa baloi!

Babelaelwa ba ne ba lekanngwa boima jwa mmele ka gonne go ne go akanngwa gore baloi ga ba boima thata kgotsa ga ba boima gotlhelele

Baloi ba ne ba bonwa jang? Babelaelwa bangwe ba ne ba bofiwa ba bo ba tsenngwa mo metsing a a tsididi a go neng go twe a segofaditswe. Fa ba nwela, go ne go twe ga ba na molato ba bo ba ntshiwa. Fa ba kokobala, ba ne ba tsewa e le baloi ba bo ba bolawa gone fela foo kgotsa ba isiwa tshekong. Ba bangwe ba ba belaelwang ba ne ba kalwa boima jwa mmele ka gonne go ne go akanngwa gore baloi ga ba boima thata kgotsa ga ba boima gotlhelele.

Teko e nngwe e ne e akaretsa go batla se go neng go twe ke “letshwao la ga Diabolo,” le e neng e le “letshwao le le bonalang sentle le le tlogetsweng ke Diabolo go bontsha gore o na le kgolagano le moloi yoo,” go ya ka buka ya Witch Hunts in the Western World. Badiredi ba bagolo ba ne ba senka letshwao leo “ka go beola molatofadiwa mmele otlhe ba bo ba tlhatlhoba karolo nngwe le nngwe ya mmele wa gagwe”—fa pele ga batho! Go tswa foo ba ne ba tsenya nnale mo patsweng epe fela e ba neng ba e bona, jaaka matshwao a motho a tsholwang a na le one, dikgoto le mabadi. Fa motho a tlhabiwa a bo a sa utlwe botlhoko kgotsa a sa tswe madi go ne go tsewa gore patswa eo ke letshwao la ga Satane.

Dipuso tsa Bakatoliki mmogo le tsa Baporotesetanta di ne di rotloetsa go batliwa ga baloi, mme mo mafelong mangwe babusi ba Baporotesetanta ba ne ba le setlhogo thata go feta ba Bakatoliki. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba simolola go akanyetsa dilo kwa teng. Ka sekai, ka 1631, Friedrich Spee, moruti wa Mo-Jesuit yo o neng a isitse ‘batho ba le bantsi ba go neng go atlhotswe gore ke baloi’ gore ba ye go jewa ka molelo ba tshela, o ne a kwala gore kafa ene a boneng ka teng, ga go ope wa bone yo o neng a le molato. Mme o ne a tlhagisa ka go re fa letsholo la go batla baloi le ne le ka tswelela, naga e ne e tla sala e se na batho! Fa go ntse go ya, dingaka di ne tsa simolola go lemoga gore dilo tse di jaaka go idibala di amana le botsogo e seng go laolwa ke madimona. Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, palo ya ditsheko e ne ya fokotsega ka bonako mme kwa bokhutlong jwa lone di ne di batla di fedile.

Motlha oo wa ditiragalo tse di bosula o re ruta eng? Thuto nngwe ya konokono ke eno: Fa batho ba ba neng ba iphaka gore ke Bakeresete ba ne ba simolola go ruta maaka a bodumedi le tumelobotlhodi mo boemong jwa dithuto tse di itshekileng tsa ga Jesu Keresete, ba ne ba bula sebaka sa ditiro tse dintsi tsa boikepo. Baebele e ne ya bolelela pele ka kgobo e e neng e tla tlisiwa mo Bokereseteng jwa boammaaruri ke batho ba ba ntseng jalo ba ba sa ikanyegeng, fa e ne e tlhagisa jaana: “Tsela ya boammaaruri e tla buiwa ka go kgojwa.”—2 Petere 2:1, 2.

^ ser. 2 Dinaga tse di busiwang ke Yuropa di ne di akaretsa dinaga tsa Amerika.