Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Constantine

Constantine

Constantine ke ene mmusimogolo wa ntlha kwa Roma go ipolela gore ke Mokeresete. Ka go dira jalo, o ne a nna le tlhotlheletso e kgolo mo hisitoring ya lefatshe. O ne a amogela bodumedi jono jo pele bo neng bo bogisiwa mme a dira gore go nne le madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Ka jalo, go ya ka The Encyclopædia Britannica, se go neng go twe ke Bokeresete e ne ya nna “kemedi e e maatla go gaisa tsotlhe ya setšhaba le dipolotiki” e e kileng ya nna le tlhotlheletso mo hisitoring.

KE ENG fa o tshwanetse go kgatlhegela go itse ka mmusimogolo wa kwa Roma wa bogologolo? Fa e le gore o kgatlhegela Bokeresete, o tshwanetse go itse gore maano a ga Constantine a dipolotiki le a bodumedi a amile jang ditumelo le dilo tse di dirwang ke dikereke di le dintsi go tla go fitlha mo motlheng wa rona. A re boneng gore a a amile jang.

DIKEREKE—DI NE TSA KWADISIWA SEMOLAO DI BO DI DIRISIWA KA TSELA E E SA TSHWANELANG

Ka 313 C.E., Constantine o ne a busa Mmusomogolo wa Roma kwa Bophirima, fa Licinius le Maximinus bone ba ne ba busa kwa Botlhaba. Constantine le Licinius ba ne ba dira gore batho botlhe ba obamele ka kgololesego, go akaretsa le Bakeresete. Constantine o ne a sireletsa Bokeresete a dumela gore bodumedi bo ka kitlanya mmusomogolo wa gagwe. *

Ka jalo, Constantine o ne a gamaregisiwa ke go lemoga gore dikereke di ne di kgaogantswe ke dikgogakgogano. E re ka a ne a tlhoafaletse gore go nne le tumalano e le nngwe, o ne a batla go simolola se go neng go twe ke thuto e e “boammaaruri” mme a bo a dira gore e latelwe. E le gore bobishopo ba amogelwe ke Constantine, ba ne ba tshwanelwa ke go fetola dilo tse ba di dumelang, mme ba ba neng ba dira jalo ba ne ba sa duedisiwe lekgetho e bile ba newa taolo e ntsi. Mokwalahisitori e bong Charles Freeman a re, “Go bona mofuta o o ‘siameng’ wa thuto ya Bokeresete go ne go sa bulele motho ditsela tsa legodimo fela mme go ne go mo naya matlotlo a mantsi mo  lefatsheng.” Ka jalo, baruti ba ne ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo dikgannyeng tsa lefatshe. Mokwalahisitori A. H. M. Jones a re: “Jaanong Kereke e ne e na le mosireletsi, mme gape e ne e na le morena.”

“Jaanong Kereke e ne e na le mosireletsi, mme gape e ne e na le morena.”—A.H.M. Jones, mokwalahisitori

BOKERESETE JWA MOFUTA MANG?

Go dirisana ga ga Constantine le bobishopo go ne ga dira gore go nne le bodumedi jwa melaometheo ya Bokeresete mmogo le ya boheitane. Go ne go ka se nne ka tsela e sele ka gonne boikaelelo jwa mmusimogolo e ne e le go nna le bodumedi jo bo amogelang dikgopolo tse di farologaneng, e seng go nna le bodumedi jo bo rerang boammaaruri. Aitsane e ne e le mmusi wa mmusomogolo wa boheitane. Mokwalahisitori mongwe o ne a re, e le gore a itumedise ditlhopha tsoopedi tsa bodumedi o ne a “dira ka boomo gore go se ka ga bonala gore o eme kae fa a dira dilo le mo pusong ka kakaretso.”

Le fa Constantine a ne a re ke Mokeresete, leoto le lengwe la gagwe le ne le setse kwa boheitaneng. Ka sekai, o ne a dirisa tepodinaledi le go laola ka bola—ditiro tsa boloi tse Baebele e di kgalang. (Duteronome 18:10-12) Kwa kagong e e bidiwang Arch of Constantine e e kwa Roma, o bontshiwa a ntshetsa medimo ya boheitane setlhabelo. O ne a tswelela a tlotla modimo wa letsatsi ka go tsenya setshwantsho sa modimo yoo mo mading a tshipi le go rotloetsa lekoko la modimo wa letsatsi. Moragonyana, Constantine o ne a ba a letla gore torotswana nngwe kwa Umbria, Italy, e age tempele e e agela ene le ba lelapa la gagwe le go tlhoma baperesiti gore ba direle koo.

Constantine o ne a nnela go busetsa morago letlha la gagwe la kolobetso ya go nna “Mokeresete” go fitlha malatsi a le mmalwa fela pele ga loso lwa gagwe ka 337 C.E. Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore o ne a le busetsa kwa morago jalo gore a tswelele a engwa nokeng mo dipolotiking ke Bakeresete mmogo le ditlhopha tsa baheitane mo mmusomogolong. Eleruri pego ya botshelo jwa gagwe le go kolobediwa ga gagwe morago ga nako e telele jalo go dira gore batho ba belaele gore o ne a bua boammaaruri go le kana kang fa a re o dumela mo go Keresete. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se re ka tlhomamisegang ka sone: Kereke e Constantine a neng a dira gore e nne kafa molaong e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo dipolotiking le mo bodumeding, mme ya tlhanogela Keresete ya amogela lefatshe. Jesu o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14) Go ne ga tswa madumedi a mantsintsi mo kerekeng eno—e jaanong e neng e setse e le ya selefatshe.

Seno sotlhe se re ama jang? Se kaya gore ga re a tshwanela go dumela dithuto tsa kereke nngwe le nngwe fela mme re tshwanetse go di sekaseka go ya ka Baebele.—1 Johane 4:1.

^ ser. 6 Go ile ga ganetsanwa thata ka gore a Constantine o ne a le peloephepa mo ditumelong tsa gagwe tsa Bokeresete, lebaka lengwe e le ka ntlha ya “se e neng e lebega e le go letlelela makoko a a belaetsang a boheitane, tota le go ela kwa bowelong jwa puso ya gagwe,” go ya ka se se bolelwang ke tshupiso nngwe.