Eldar Nebolsin wa kwa Uzbekistan, ke motshamekapiano yo o tseetsweng kwa godimo mo dinageng tse dintsi. O ile a tshameka piano a le nosi a diragatsa le diokhestra kwa London, Moscow, St. Petersburg, New York, Paris, Rome, Sydney, Tokyo le Vienna. Eldar o goletse kwa Soviet Union e le molatolamodimo. Mme moragonyana o ne a swetsa ka gore batho ba bopilwe ke Mmopi yo o lorato. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka mmino wa gagwe le ka tumelo ya gagwe.

Go tlile jang gore o nne rammino?

Batsadi ba me ka bobedi ke batshameki ba piano. Ba ne ba simolola go nthuta go e tshameka ke na le dingwaga di le tlhano. Moragonyana ke ne ka ithuta kwa sekolong sa mmino sa baithuti ba ba setseng ba gatetse pele kwa Tashkent.

Re bolelele ka dikgwetlho tsa go tshameka le okhestra.

Ga go na okhestra epe e e tshwanang le e nngwe. Nngwe le nngwe e tshwana le seletswa se segolo sa mmino se go nnang jaaka e kete mogogi wa okhestra ke ene a se tshamekang. Gongwe kgwetlho e kgolo e motho yo o tshamekang piano a le esi a lebanang le yone ke go tsamaisana sentle le mogogi wa okhestra. Go tshwana le fa ditsala tse pedi di tsere dikgang—go na le gore mongwe wa bone a etelele motlotlo pele a le esi, yo mongwe o tshwanetse go emela yo mongwe. Gantsi lo ikatisa gangwe fela kgotsa gabedi gore lo kgone go dirisana mmogo jalo.

O fetsa nako e kana kang o ikatisa?

Bobotlana diura di le tharo mo letsatsing—mme ga ke dirise nako eo go ikatisetsa dipina tse di thata fela. Gape ke ithuta kafa pina e ke e ipaakanyetsang e tlhamilweng ka teng—mme gone ke sa e tshameke. Selo se sengwe gape se ke se dirang ke go reetsa dipina tse dingwe tsa motlhami yoo, e leng selo se se nthusang thata go tlhaloganya pina e ke e ithutang.

O bona ka eng gore motho ke setswerere sa piano?

Fa a kgona go dira gore go nne jaaka e kete piano e a opela. Mma ke tlhalose. Piano ke sengwe sa diletswa tse di itewang gore di dire modumo. Fa o sena go tobetsa noto, modumo o a fokotsega—mo go farologanang le diletswa tsa mmino tse di budulelwang kgotsa mantswe a batho, a a kgonang go tshwara noto kgotsa le e leng go  oketsa modumo. Kgwetlho e batho ba ba letsang piano ba lebanang le yone ke go dira gore modumo wa noto o se ka wa fokotsega. Ba dira seno ka go tsamaisa menwana le malokololo a diatla go se kae, ba tla ba gata terapa ka leoto la moja, mme seo se dira gore molodi wa noto o tswelele lobakanyana mme o ntse o fetofetoga. Fa batho ba ba letsang piano ba kgona go dira dilo tseno tse di thata, ba ka kgona go letsa piano gore e lele jaaka folutu, phala kgotsa le e leng okhestra. Gape ba ka dira gore e utlwale jaaka seletswa se se di gaisang tsotlhe tsa mmino—lentswe la motho.

Go bonala sentle gore o rata mmino fela thata.

Go ya ka nna mmino ke puo e e tlhalosang ka tlhamalalo le go tsosa maikutlo a go leng thata kgotsa go sa kgonegeng go a tlhalosa ka mafoko.

Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele go itse ka Modimo?

Kwa gae go ne go nna go na le dibuka tse dintsi tse rre a neng a tla le tsone go tswa kwa Moscow. Buka e e neng ya nkgatlha thata e ne e na le dipolelo tsa Baebele tse di buang ka tshimologo ya hisitori ya Baiseraele mmogo le dilo tse di ba diragaletseng. Buka e nngwe gape e ke neng ka e bona ke ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. * Ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e e utlwalang sentle e e tlhalosang dithuto tsa Baebele ka yone. Fa ke ne ke fudugela kwa Spain ka 1991 go ya go ithutela mmino, ke ne ka tsamaya ka yone mme ka e bala makgetlho a le mmalwa. Ke ne ka bona tumelo e e sa thewang mo maikutlong fela mme gape e na le mabaka a a utlwalang le bosupi jo bo tlhatswang pelo.

Thuto e e neng ya nkgatlha thata e ne e le tsholofetso ya Baebele ya gore batho ba ka tshelela ruri mo lefatsheng. E ne e utlwala tota! Mme gone ke ne ke ise ke kopane le Basupi ba ga Jehofa ka nako eo. Le fa go ntse jalo, ke ne ka swetsa ka gore fa nka kopana le bone ke tla kopa gore ba nthute Baebele.

O kopane jang le Basupi?

Malatsi a le mmalwa ke sena go dira tshwetso eo, ke ne ka bona basadi ba le babedi, mongwe le mongwe wa bone a tshwere Baebele ka seatla. Ke ne ka akanya jaana, ‘Ba tshwana le batho ba ke badileng ka bone mo bukeng ya me. Ba a rera fela jaaka Bakeresete ba ne ba rera mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele.’ Go ise go ye kae, ke ne ke ithuta Baebele le Mosupi mongwe. Gompieno selo se ke se itumelelang thata ke go thusa batho go ithuta ka Mmopi wa rona.  

Ke eng se se dirileng gore wena, motho yo e neng e le molatolamodimo, o dumele mo Mmoping?

Ke mmino ka boone. Mo e ka nnang batho botlhe ba itumelela mmino ka tsela e diphologolo di ka se o itumeleleng ka yone. Mmino o ka bontsha boitumelo, go itshepa, bonolo le maikutlo ape fela a mangwe. Ka tlholego fela re itshikinya go ya ka morethetho wa mmino. A mme re tlhoka mmino gore re tshele? A o na le seabe mo thutong ya gore “go tshela fela ba ba nonofileng” jaaka batho ba ba dumelang gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ba ruta? Ga ke akanye jalo. Go ya ka nna, ga go utlwale go swetsa ka gore boboko jwa motho, jo bo kgonang go tlhama le go itumelela mmino o o jaaka wa ga Mozart le Beethoven, bo nnile gone fa ditshedi di ne di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe. Tlhaloso e e utlwalang sentle le go feta ke gore boboko jwa rona bo dirilwe ke Mmopi yo o botlhale le yo o lorato.

Baebele e tshwana le mmino o o tlhamilweng ka botswerere mme e na le molaetsa o o amang maikutlo o o kwaletsweng batho botlhe

Ke eng se se dirileng gore o dumele gore Baebele e tswa ka Modimong?

Baebele e dirilwe ka dibuka tse dinnye di le 66, tse di kwadilweng ke banna ba ka nna 40, mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 1 600. Ke ne ka ipotsa go re, ‘Ke mang yo o ka tswang a rulagantse gore go kwalwe buka eno e e dirilweng ka botswerere?’ Karabo e le nngwe fela e e utlwalang ke gore ke Modimo. Ke bona Baebele e tshwana le mmino o o tlhamilweng ka botswerere mme e na le molaetsa o o amang maikutlo o o kwaletsweng batho botlhe.

^ ser. 15 Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? go ithuta Baebele le batho. E gone mo atereseng eno ya Internet www.jw.org/tn.