“Ke ne ka fekeediwa ke maikutlo a khutsafalo ke sa lebelela e bile ke sa itse gore a bakwa ke eng. Ke ne ka lela ke ipotsa gore a ke latlhegelwa ke tlhaloganyo.”—Rondro, * wa dingwaga di le 50.

“Fa o tsoga mo mosong o fitlhela ntlo ya gago e tlhakatlhakane. Fa o batla dilo tsa gago ga o di bone. Dilo tse go neng go le motlhofo go di dira mo dingwageng tse di fetileng jaanong di lebega di le boima thata, mme ga o itse gore ke ka ntlha yang fa go le jalo.”—Hanta, wa dingwaga di le 55.

BASADI bano ba ne ba sa lwale. Go na le moo, ba ne ba lebane le menopause [phetogo ya tlholego ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi] e e diragalelang mosadi fa a sa tlhole a kgona go tshola bana. Fa o le mosadi, a o setse o atamela nako eo? A o setse o le mo go yone? Le fa seemo sa gago e ka tswa e le sefe, fa wena le baratiwa ba gago lo itse go le gontsi ka phetogo eno, go tla nna motlhofo gore o lebane le dikgwetlho tsa yone.

Phetogo ya Menopause

Phetogo ya menopause e akaretsa nako e motho o a bong a tsena mo menopause ka yone le nako ya fa a le mo menopause ka boyone. * Le fa go ntse jalo, tsela e lefoko “menopause” le dirisiwang ka yone, gantsi le kaya phetogo eo yotlhe.

Basadi ba le bantsi ba tsena mo menopause fa ba le mo dingwageng tsa bo40 mme ba bangwe ba tsena fa ba setse ba le mo dingwageng tsa bo60. Gantsi modikologo wa go bona kgwedi o fela ka iketlo. E re ka dihoromone di simolola go tlhagisiwa ka selekanyo se se sa tshwaneng, mosadi a ka tlolwa ke dikgwedi, a ka bona kgwedi ka dinako tse di sa tlwaelegang kgotsa kgwedi ya gagwe ya nna bokete. Ke basadi ba se kae fela ba ba kgaotsang go bona kgwedi ka tshoganyetso kgotsa ka gangwe fela.

Buka ya Menopause Guidebook ya re: “Mosadi mongwe le mongwe o tlelwa ke menopause ka ditsela tse di sa tshwaneng.” Gape ya re: “Letshwao le le tlwaelegileng thata le le sa itumediseng le motho a nnang le lone fa a nna le menopause ke hot flash (go tlelwa ke mogote ka tshoganyetso)” mo go ka latelwang ke go utlwa a sitwa. Matshwao ao a ka tlhora boroko kgotsa a fetsa maatla. Matshwao ano a a sa itumediseng a tsaya lobaka lo lo kana kang? Go ya ka The Menopause Book, “basadi bangwe ba tlelwa ke di-hot flash  makgetlho a le mmalwa ka lobaka lwa ngwaga kgotsa di le pedi ka nako ya fa ba tsena mo menopause. Ba bangwe di ba tshwenya ka dingwaga di le dintsi, mme diperesente tse di kwa tlase thata di bega gore ba na le go tlelwa ke di-hot flash botshelo jotlhe jwa bone.” *

Ka ntlha ya go fetofetoga ga dihoromone, mosadi gape a ka tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa a fetofetoga maikutlo, mo go dirang gore a lele motlhofo le gore a se ka a kgona go tlhoma mogopolo mme a lebale thata. The Menopause Book ya re, le fa go ntse jalo, “ga se gantsi mosadi ope a ka diragalelwang ke dilo tseno tsotlhe di feletse.” E bile bangwe ba lebana le mathata le matshwao a a sa itumediseng a se kae fela kgotsa ga ba lebane le one gotlhelele.

Tsela ya go Lepalepana le Yone

Go dira diphetogo tse dinnye mo tseleng e o tshelang ka yone go ka fokotsa mangwe a matshwao ano a a sa itumediseng. Ka sekai, basadi ba ba gogang motsoko ba ka fokotsa makgetlho a ba tlelwang ke di-hot flash ka one ka go tlogela motsoko. Basadi ba le bantsi ba solegelwa molemo le ke go dira diphetogo mo go se ba se jang, jaaka go lekanyetsa kgotsa go tlogela bojalwa, kafeine le dijo tse di nang le ditswaiso kgotsa sukiri tse di ka bakang di-hot flash. Gone ke boammaaruri gore go botlhokwa go ja sentle, mo go kayang go ja dijo tse di nang le dikotla le go ja mefuta e e farologaneng ya dijo.

Go ikatisa mmele le gone go ka thusa go fokotsa matshwao a menopause. Ka sekai, go ka fokotsa go felelwa ke boroko mme ga tokafatsa thata go fetofetoga ga maikutlo, ga nonotsha marapo ga ba ga tokafatsa botsogo ka kakaretso. *

Bua ka Gone ka Tshosologo

Rondro yo o nopotsweng pelenyana a re: “Ga o a tshwanela go swa senku. Fa o bua le baratiwa ba gago ka tshosologo, ba ka se tshwenyege thata fa ba lemoga se se go diragalelang.” Tota e bile ba ka nna pelotelele le go go tlhaloganya botoka. Temana ya 1 Bakorintha 13:4 ya re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.”

Basadi ba le bantsi ba thusiwa le ke thapelo, go akaretsa le ba ba hutsafadiwang ke gore ba ka se tlhole ba kgona go tshola bana. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “[Modimo] o re gomotsa mo mathateng otlhe a rona.” (2 Bakorintha 1:4, The New English Bible) Selo se sengwe se se gomotsang ke go itse gore menopause ke selo sa nakwana. Morago ga yone, basadi ba ba tswelelang ba tlhokometse botsogo jwa bone sentle ba ka nna le maatla gape mme ba tswelela ba tshela sentle dingwagangwaga.

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

^ ser. 6 Dingaka di tlhalosa fa menopause e le fa mosadi a sa bona kgwedi ka lobaka lwa dikgwedi di le 12.

^ ser. 8 Dilo tse dingwe tse di ka bakang di-hot flash ke malwetse mangwe a a akaretsang bolwetse jwa thyroid, go tshwaediwa ke megare mmogo le melemo mengwe. Go ka nna molemo go tlhomamisa gore dilo tseo ga se tsone di bakang di-hot flash pele o tsaya gore di bakwa ke menopause.

^ ser. 12 Dingaka di ka thusa balwetse ba tsone go lepalepana le menopause ka go ba akantsha gore ba dirise dilo tse di farologaneng tse di jaaka dihoromone, melemo e e oketsang dikotla tse di bonwang mo dijong le kalafi e e okobatsang go tshwenyega thata mo maikutlong. Tsogang! ga e buelele melemo epe kgotsa mofuta ope wa kalafi.