Basupi ba ga Jehofa, ba ba gatisang makasine ono, ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking. (Johane 17:16; 18:36) Ka jalo, le fa gone setlhogo se se latelang se bega ka dikai dingwe tsa dikhuduego tsa selegae, ga se tlotlomatse setšhaba sepe go feta se sengwe e bile ga se tseye letlhakore mo kgannyeng epe fela ya sepolotiki.

KA December 17, 2010, Mohamed Bouazizi o ne a sa tlhole a kgona go itshoka. E ne e le monna wa dingwaga di le 26 yo o rekisang mo mebileng kwa Tunisia yo o neng a betilwe ke pelo ka gonne a sa kgone go bona tiro e e botoka. Gape o ne a itse ka badiredi ba puso ba ba boferefere ba ba neng ba batla pipamolomo. Mo mosong oo, batlhatlhobi ba ba berekelang puso ba ne ba gapa dipanana, dipere le diapole tse Mohamed a neng a di rekisa. Fa ba ne ba mo tseela sekale, o ne a gana; mme bangwe ba ba boneng tiragalo eno ba re mosadi mongwe wa lepodise o ne a mo faphola ka tlelapa.

Mohamed o ne a galefile e bile a ikutlwa a tlontlolotswe, mme o ne a ya kwa diofising tse di fa gaufi tsa puso a re o ya go ngongorega, le fa go ntse jalo ga go ope yo o neng a mo reetsa. Go begwa gore o ile a goa jaana a le fa pele ga kago eo: “Lo akanya gore ke tla itshedisa jang?” O ne a itshela ka leokwane le le tukisang a bo a kgwara letlhokwa la mmetšhise. O ne a swa ka ntlha ya dikgobalo tsa molelo oo, pele dibeke di le tharo di wela.

Selo se se ileng sa dirwa ke Mohamed Bouazizi ka gonne a ne a se na kgoro ya botso se ile sa ama batho ba kwa Tunisia le kwa mafelong a mangwe fela thata. Batho ba le bantsi ba tsaya gore se a se dirileng ke sone se bakileng dikhuduego tse di neng tsa felela ka go thankgolwa ga puso ya naga eo, e bile se bakile ditshupetso tse moragonyana di neng tsa anamela le kwa dinageng tse dingwe tsa Arabia. Palamente ya Yuropa e ne ya abela Bouazizi le batho ba bangwe ba le banè sekgele sa 2011 Sakharov Prize for Freedom of Thought (Sekgele sa Sakharov sa Kgololesego ya go Akanya sa 2011), mme lokwalodikgang lwa The Times lwa kwa London lo ne lwa mmitsa motho wa botlhokwa mo ngwageng wa 2011.

Fela jaaka sekai seo se bontsha, ditshupetso di ka nna le tlhotlheletso e kgolo. Le fa go ntse jalo, ke  eng se se bakang ditshupetso tse dintsintsi tsa bosheng jaana? A mme go na le sengwe se se ka dirwang mo boemong jwa go dira ditshupetso?

Ke Eng fa Ditshupetso di Oketsega Jaana?

Ditshupetso di le dintsi di bakwa ke dilo tse di latelang:

  • Go sa kgotsofalele dithulaganyo tsa setšhaba. Fa batho ba tsaya gore pusoselegae ya bone le ikonomi e ba naya se ba se tlhokang, ga se gantsi ba ka dira ditshupetso—ba latela thulaganyo e e leng gone go rarabolola mathata a bone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa batho ba akanya gore ditsamaiso tseno tsa puso di tletse bonweenwee le tshiamololo e bile di solegela batho ba se kae fela molemo, go nna motlhofo gore ba tsuologe.

  • Sengwe se se diregileng. Gantsi tiragalo nngwe e tlhotlheletsa batho go tsaya kgato, gore ba se tlhole ba didimala fela mme ba ikutlwe ba tshwanelwa ke go dira sengwe. Ka sekai, kgang ya ga Mohamed Bouazizi e ne ya felela ka gore go nne le ditshupetso tse dikgolo kwa Tunisia. Kwa India, molweladiphetogo mongwe e bong Anna Hazare o ile a itima dijo a bontsha go nna kgatlhanong le bonweenwee, mme seo se ne sa felela ka gore baemanokeng ba gagwe le bone ba dire ditshupetso kwa ditoropong di le 450.

Fela jaaka Baebele e sa bolo go bolela, re tshela mo “lefatsheng le mo go lone batho bangwe ba nang le taolo mme ba bangwe ba tshwanelwa ke go boga ka fa tlase ga taolo ya bone.” (Moreri 8:9, Good News Translation) Gompieno bonweenwee le tshiamololo di aname thata go feta mo metlheng eo. Eleruri gompieno batho ba lemoga sentle go feta pele kafa tsamaiso ya dipolotiki le ya ikonomi di ba swabisitseng ka teng. Di-smartphone, Internet le dikgaso tse di begang dikgang bosigo le motshegare jaanong di dira gore dilo tse di diregang kwa mafelong a a kgakala di tsose dikhuduego mo mafelong a mantsi.

Ditshupetso di fitlheletse eng?

Batho ba ba buelelang dikhuduego ba ka nna ba re ditshupetso di fitlheletse dilo tse di latelang:

  • Di thusitse bahumanegi. Ka ntlha ya se go neng go twe ke dikhuduego tse di kgatlhanong le go duela rente kwa Chicago, Illinois, U.S.A., tse di diragetseng ka nako ya Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ka bo1930, badiredibagolo ba toropo ba ne ba emisa go leleka batho mo matlong mme ba rulaganya gore bangwe ba badiradikhuduego ba bone ditiro. Ditshupetso tse di tshwanang le tseo kwa New York City di ne tsa dira gore malapa a le 77 000 a a neng a lelekilwe mo matlong a busediwe mo go one.

  • Di rarabolotse go tlhoka tshiamiso. Batho ba ne ba gana go dirisa dibese ka 1955/1956 kwa Montgomery, kwa Alabama, U.S.A., mme kgabagare seo se ne sa felela ka gore go fetolwe melao ya tlhaolele e e neng e re batho ba nne go ya ka mmala wa bone mo dibeseng.

  • Di ne tsa emisa diporojeke tsa go aga. Ka December 2011, batho ba le dikete di le masomesome ba ne ba dira ditshupetso kgatlhanong le go agiwa ga madirelo a a neng a tla dirisa magala gaufi le Hong Kong ka gonne ba ne ba amegile ka kgotlelo, mme porojeke eo e ne ya emisiwa.

Tota le fa badiraditshupetso bangwe ba ka fitlhelela maikaelelo a bone, Bogosi jwa Modimo bo solofetsa tharabololo e e botoka

Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha badiraditshupetso ba fitlhelelang se ba se batlang. Ka sekai, baeteledipele ba ka nna ba otlhaela  batho go dira ditshupetso go na le go ba naya se ba se batlang. Bosheng jaana, moporesidente mongwe wa naga ya Botlhabagare o ne a bolela jaana malebana le ditshupetso tsa koo: “Go tshwanetse ga tsewa dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le tsone,” mme batho ba le diketekete ba ile ba swela mo dikhuduegong tseo.

Tota le fa badiraditshupetso ba fitlhelela maikaelelo a bone, ka metlha ditlamorago tsa ditshupetso di baka mathata a mangwe. Monna mongwe yo o neng a thusa go thankgola mmusi wa naga nngwe ya mo Afrika o ne a bolelela makasine wa Time jaana ka puso e ntšha: “Go ne ga rena kagiso mme ka bonako fela ga tlhakatlhakana.”

A go na le tsela e e botoka?

Batho ba le bantsi ba ba itsegeng thata ba akanya gore fa tsamaiso ya puso e gatelela, ba tshwanetse go dira ditshupetso. Ka sekai, moporesidente wa maloba wa kwa Czech Republic yo o tlhokafetseng e bong Václav Havel yo o ileng a fetsa dingwaga di le dintsi kwa kgolegelong ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tsa go lwela ditshwanelo tsa batho, o ne a kwala mafoko ano ka 1985: “Se [modiraditshupetso] a ka se dirang ke go ntsha botshelo jwa gagwe—a dira jalo fela ka gonne go se na tsela epe e nngwe ya go bontsha se tota a se dumelang.”

Mafoko a ga Havel a ne a tsamaisana le ditiro tse moragonyana di ileng tsa dirwa ke Mohamed Bouazizi le ba bangwe ka gonne ba  ne ba se na kgoro ya botso. Bosheng jaana kwa nageng nngwe ya kwa Asia, batho ba le bantsintsi ba ile ba ija ka molelo ba dira ditshupetso kgatlhanong le kgatelelo ya bodumedi le ya dipolotiki. Monna mongwe fa a tlhalosa ditiro tse di ntseng jalo tse di botlhoko thata, o ne a bolelela makasine wa Newsweek a re: “Ga re na ditlhobolo. Ga re batle go gobatsa batho ba bangwe. Seno ke sone fela se re ka se dirang.”

Baebele e naya tharabololo ya mathata a a jaaka tshiamololo, bonweenwee le kgatelelo. E bua ka puso e Modimo a e tlhomileng kwa legodimong e e tla emisetsang ditsamaiso tse di paletsweng tsa dipolotiki le tsa ikonomi tse di felelang ka ditshupetso. Boporofeti jo bo buang ka Mmusi wa puso eno jwa re: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—Pesalema 72:12, 14.

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo nayang tsholofelo ya mmatota ya gore go tla nna le lefatshe la kagiso. (Mathaio 6:9, 10) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo ditshupetsong. A mme kgang ya gore puso ya Modimo e ka fedisa dilo tse di bakang ditshupetso ke go ijesa dijo tsa ditoro fela? Go ka nna ga lebega go le jalo. Mme batho ba le bantsi ba simolotse go ikanya puso ya Modimo. Ke eng fa o sa sekaseke kgang eno ka bowena?