KGWETLHO

Molao wa mo lapeng ke gore difouno tsa selula di timiwe ka 9:00 p.m. kgotsa pele ga foo, mme mo bekeng eno o tshwere morwadio ka makgetlho a mabedi a romela melaetsa ka founo ya selula mo gare ga bosigo. O beetse morwao nako ya gore a fitlhe mo lapeng pele ga 10:00 p.m., mme maabane bosigo—e se lekgetlho la ntlha—o fitlhile morago ga 11:00 p.m.

Gone ke boammaaruri gore ngwana wa gago o tlodile molao. Mme sa ntlha o tshwanetse go itse gore ke ka ntlha yang fa go lebega e kete o nyatsa melao ya gago. Se se itumedisang ke gore le fa a ka lebega a le bodipa, tota a ka tswa a sa nna jalo.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Melao e e sa tlhomamang. Basha bangwe ba itlhokomolosa melao go bona gore ke eng se ba ka se dirang ba bo ba sa dirwe sepe. Ka sekai, fa motsadi a rile go tlola molao mongwe go tla nna le ditlamorago tse di rileng, mosha a ka tlola molao oo ka boomo a batla go bona gore a seo se tla diragadiwa. A basha ba ba ntseng jalo ba felela e le diganana tse di padileng? Nnyaa. Ntlha ke gore, basha ba ka nna ba se ka ba latela molao fa batsadi ba sa ba otlhaya jaaka ba rile ba tla ba otlhaya kgotsa fa ba sa tlhalosa melao ka tsela e e utlwalang sentle.

Melao e e gagametseng thata. Batsadi bangwe ba leka go laola basha ba bone ka go ba beela melao e mentsintsi. Fa basha ba tlola melao eo, batsadi ba a galefa ba bo ba tlhoma melao e mengwe gape mo godimo ga eo. Le fa go ntse jalo, gantsi seo se dira fela gore maemo a etegele. Buka ya Parent/Teen Breakthrough ya re: “Fa o leka ka natla go laola mosha, le ene o tla leka ka natla go gana taolo ya gago. Go laola go ka tshwantshiwa le go leka go tshasa botoro e e tsididi mo borothong: seo se dira fela gore borotho bo sasamologe mme go gatelela botoro ga go thuse ka sepe.”

Go kgalema ka tsela e e tshwanetseng go ka thusa. Go “kgalema” go kaya go ruta, mme ga go kaye go utlwisa botlhoko. Ka jalo, o ka ruta ngwana wa gago wa mosha jang go ikobela melao ya gago?

 SE O KA SE DIRANG

Itlhalose sentle. Basha ba tshwanetse go bolelelwa gore ke eng se se lebeletsweng mo go bone le gore ditlamorago tsa go se reetse e tla nna eng.—Molaomotheo wa Baebele: Bagalatia 6:7.

Kakantsho: Kwala lenaane la melao ya mo gae. Go tswa foo, ipotse jaana: ‘A ke tlhomile melao e mentsi thata? A e mennye thata? A mengwe ya yone ga e tlhole e tlhokega? A ke tshwanetse go e fetola go ya kafa ngwanake a bontshitseng go nna le maikarabelo ka teng?’

Diragatsa lefoko la gago. Basha ba ka tlhakana tlhogo fa mo bekeng e e fetileng ba ne ba tlogetswe fela morago ga go tlola molao, mme mo bekeng eno ba bo ba otlhaelwa molato o o tshwanang.—Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 5:37.

Kakantsho: Leka go dira gore kotlhao ya go tlola molao o o rileng e tsamaisane le se ngwana a se dirileng. Ka sekai, fa mosha a tla morago ga nako e a e beetsweng, kotlhao e e tshwanetseng e ka nna go dira gore a tle pele ga nako e o neng o e mmeetse pele.

Nna tekatekano. Itshupe o le motsadi yo o tekatekano ka go naya ngwana wa gago wa mosha kgololesego e e oketsegileng fa a itshwere sentle.—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 4:5.

Kakantsho: Tlotla le ngwana wa gago wa mosha ka melao e o e tlhomang. Gape o ka nna wa re a akantshe gore go tlola melao e e rileng go ka tshwanelwa ke kotlhao efe. Go motlhofo gore basha ba ikobele melao e ba thusitseng gore e tlhomiwe.

Bopa botho jwa gagwe. Mokgele wa gago ga se go dira gore ngwana wa gago a ikobele melao fela mme ke go mo thusa go nna le segakolodi se se berekang sentle—bokgoni jwa go itse se se molemo le se se bosula. (Bona lebokoso la “Thusa Ngwana wa Gago go Nna le Dinonofo Tse di Siameng.”)—Molaomotheo wa Baebele: 1 Petere 3:16.

Kakantsho: Batla thuso mo Baebeleng. Ke yone fela e e neelang “kotlhao e e nayang temogo” mme botlhale jwa yone bo ka “naya ba ba se nang maitemogelo botlhale, bo [ka] naya lekau [kgotsa lekgarebe] kitso le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 1:1-4