Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Itshireletse mo Bokebekweng!

Itshireletse mo Bokebekweng!

“Gantsi fa go sena go fifala, ditsala tsa me di ne di mphelegetsa ka maoto go ya gae. Mme mo maitseboeng mangwe ke ne ke lapile thata jaana mo ke neng ka tsamaya ka thekisi.

“Mokgweetsi ga a ka a nkisa gae. Go na le moo o ne a nkisa kwa nageng a bo a leka go mpetelela. Ke ne ka goela kwa godimo thata, mme o ne a ntlogela. Fa a boela kwa go nna, ke ne ka goa ke bo ke tshaba.

“Mo nakong e e fetileng ke ne ke a tle ke ipotse ke re, ‘Tota go goa go ka thusa ka eng?’ Mme ke lemogile gore go a thusa!”—KARIN. *

MO DINAGENG di le dintsi bokebekwa bo ka direga nako nngwe le nngwe. Ka sekai, moatlhodi mongwe wa kwa nageng nngwe o ne a re: “Boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko ke gore, mongwe le mongwe kgabagare o diragalelwa ke bokebekwa.” Bokebekwa bo ka tswa bo sa anama thata kwa mafelong a mangwe. Le fa go ntse jalo, ga go botlhale go itlhokomolosa bokebekwa, ka gonne go itshela moriti o tsididi go ka go tsenya mo kotsing.

Go sa kgathalesege gore a o tshela mo lefelong le bokebekwa bo leng bontsi mo go lone kana nnyaa, o ka itshireletsa jang wena le batho ba o ba ratang? Tsela e nngwe ke ka go dirisa molaomotheo ono o o fitlhelwang mo Baebeleng: “Ba ba botlhale ba bona kotsi e sa ntse e le kwa pele mme ba bo ba e tila mme dieleele di nna di tsamaya di bo di wela mo mathateng.” (Diane 22:3, New Century Version) Mapodise a akantsha gore batho ba itshireletse mo bokebekweng ka go ipaakanya go sa le gale.

Go gobala le go latlhegelwa ke dithoto ga se tsone fela ditlamorago tsa bokebekwa. Batho ba le bantsi ba ba amilweng ke bokebekwa ba amega le mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Ka jalo, ruri go botlhokwa go dira sotlhe se re ka se kgonang go itshireletsa! O ntse o akantse ka seo, ela tlhoko dilo tse o ka di dirang go itshireletsa mo mefuteng e menè ya bokebekwa—go kgothosiwa, go sotliwa ka tsa tlhakanelodikobo, go direlwa bokebekwa jwa mo Internet le go utswelwa tshedimosetso ya botho.

 GO KGOTHOSIWA

Ke eng? Go kgothosiwa ke go tseelwa dilo ka dikgoka kgotsa ka go tshosediwa.

Go ama batho jang? Morago ga ditiragalo tse di tlhomaganeng tsa go kgothosiwa ka dibetsa kwa Boritane, mosekisi mongwe o ne a re le fa batho ba ba ileng ba kgothosiwa ba ka tswa ba ne ba sa gobala, botlhe ba ne ba boga mo maikutlong. O ne a re: “Bontsi jwa bone ba re ba nna ba tlhobaela e bile ba tlhorega boroko mme mo e ka nnang botlhe ba re matshelo a bone a letsatsi le letsatsi a amilwe thata ke se se ba diragaletseng.”

O ka dira eng?

  • Magodu a dirisa tshono nngwe le nngwe e a e bonang; ela tlhoko sengwe le sengwe se se diregang mo o leng gone

    Ntsha matlho dinameng. Magodu a dirisa tshono nngwe le nngwe e a e bonang. A rata go tlhasela batho ba ba sa belaeleng sepe. Ka jalo nna o lebeletse batho ba ba go lebileng, ela tlhoko sengwe le sengwe se se diregang mo o leng gone mme o se ka wa dira dilo tse di jaaka go nwa bobe kgotsa go dirisa diokobatsi ka tsela e e seng yone tse di tla dirang gore o se ka wa kgona go akanya sentle kgotsa o palelwe ke go dira ditshwetso tse di molemo. Buka nngwe ya tshedimosetso ya tsa boitekanelo ya re: “Fa motho a nwa bojalwa kgotsa a dirisa diokobatsi o ketefalelwa ke go akanya sentle le go bona maemo a a ka nnang kotsi.”

  • Sireletsa dithoto tsa gago. Tlhomamisa gore koloi ya gago le dikgoro le difensetere tsa ntlo ya gago di sireleditswe. O se ka wa letlelela motho yo o sa mo itseng go tsena mo ntlong ya gago. O se ka wa baya dilo tsa botlhokwa mo batho ba ka di bonang gone; o se ka wa dira mponeng ka tsone. Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” Magodu—go akaretsa le bana ba disenyi—gantsi a tlhasela batho ba ba ratang go dira mponeng ka dibenyane le dilwana tsa eleketeroniki.

  • Batla kgakololo. “Tsela ya seeleele e siame mo matlhong a gagwe, mme yo o reetsang kgakololo o botlhale.” (Diane 12:15) Fa e le gore o mo loetong, reetsa kgakololo ya batho ba ba ikanyegang, go akaretsa le ba molao. Ba ka go tsibosa ka mafelo a o sa tshwanelang go tsamaya mo go one le go go bontsha se o tshwanetseng go se dira go itshireletsa le go sireletsa dilwana tsa gago.

GO SOTLIWA KA TSA TLHAKANELODIKOBO

Ke eng? Go sotliwa ka tsa tlhakanelodikobo ga go kaye go betelelwa fela, mme go akaretsa le mefuta e mengwe ya tlhakanelodikobo e e akaretsang go tshosediwa kgotsa go patelediwa go tlhakanela dikobo o sa batle.

Go ama batho jang? Mongwe yo o kileng a betelelwa a re: “Selo se se utlwisang botlhoko ke gore ga go go ame fela ka nako ya fa o sotliwa. Tiragalo eno e nna e ntse e le mo mogopolong wa gago mme e go tlhorontsha ka lobaka lo loleele e bile e fetola le tsela e o lebang botshelo ka yone. Gape e fetola matshelo a batho ba o atamalaneng le bone.” Boammaaruri ke gore motho yo o sotlilweng ka tsa tlhakanelodikobo ga se ene a molato. Motho yo o sotlang yo mongwe ka tsa tlhakanelodikobo ke ene a molato.

O ka dira eng?

  • O se ka wa itlhokomolosa tsela e o ikutlwang ka yone. Lefapha la sepodise la kwa North Carolina, U.S.A le naya kgakololo eno: “Fa lefelo kgotsa motho yo o rileng a dira gore o ikutlwe o sa phuthologa kgotsa o sa nnisega—tsamaya. Fa o ikutlwa o batla go tsamaya o se ka wa letla ope a go pateletsa go nna.”

  • Bontsha go itshepa; tlhoma mogopolo. Batho ba ba sotlang ba bangwe ka tsa tlhakanelodikobo ba batla batho ba ba sa belaeleng sepe le ba ba ka se kgoneng go itshireletsa. Ka jalo, tsamaya ka tsela e e bontshang gore o a itshepa mme o nne o ntshitse matlho dinameng.

  • Tsaya kgato ka bonako. Goa. (Duteronome 22:25-27) Tshaba kgotsa o itwele ka go dira sengwe  se se sa lebelelwang. Mme fa go kgonega tshabela kwa lefelong le le babalesegileng o bo o founela mapodise. *

BOKEBEKWA JWA MO INTERNET

Ke eng? Bokebekwa jwa mo Internet bo akaretsa go tshabela go duela lekgetho, go tsaya dithuso tsa puso ka tsietso, go dirisa dikarata tsa sekoloto tsa batho ba bangwe le go utswela batho madi ka go ba rekisetsa dilo mo Internet di bo di sa romelwe. Gape bo akaretsa mekgwa mengwe ya tsietso e e jaaka dithulaganyo tsa boferefere tsa go beeletsa madi le difantisi tsa mo Internet.

Bo ama batho jang? Bokebekwa jwa mo Internet bo jela batho—le setšhaba ka kakaretso—dibilione tsa diranta. Ka sekai, Sandra o ne a amogela e-mail e a neng a ithaya a re e tswa kwa bankeng ya gagwe, e e neng e mo kopa gore a ntšhafatse tshedimosetso ya gagwe ya botho ya go banka mo Internet. Metsotso fela fa a sena go romela tshedimosetso ya gagwe ya botho o ne a gakgamadiwa ke go bona gore madi a a kana ka $4 000 (U.S.) [R32 000] a ne a ntshitswe mo akhaontong ya gagwe mme a rometswe kwa bankeng ya naga e sele. Ka yone nako eo, Sandra o ne a lemoga gore o ne a tsieditswe.

O ka dira eng?

  • Nna kelotlhoko! O se ka wa tsiediwa ke di-Web site tse di lebegang e kete ke tsa mmatota. Gape se lebale gore ditheo tsa semolao tsa madi di ka se go kope gore o romele tshedimosetso ya sephiri ka e-mail. Fa o reka kgotsa o beeletsa madi o dirisa Internet, tlhomamisa pele gore khampani e o batlang go dirisana le yone e itiretse leina le le ntseng jang. Diane 14:15 ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Ka jalo nna kelotlhoko fa o dirisana le dikhampani tsa kwa dinageng di sele. Fa mathata a tlhaga, go ka nna thata go a rarabolola.

  • Sekaseka khampani le melao ya yone. Ipotse jaana: ‘Dikago tsa khampani eno di kwa kae? A dinomoro tsa yone tsa mogala di a bereka? A fa ke reka sengwe ke tla tshwanelwa ke go duela madi a mangwe a ke sa bolelelwang ka one? Ke tla amogela otara ya me leng? A nka kgona go e busa kgotsa go busediwa madi a me?’

  • Nna kelotlhoko fa selo se le tlhwatlhwa e e kwa tlase thata ka tsela e e gakgamatsang. Batho ba ba bogagaru le ba ba batlang dilo tsa mahala ke bone ba gantsi ba tsiediwang ke magodu a mo Internet. Ditsela tse batho ba raelwang ka tsone di ka akaretsa go solofediwa madi a mantsi le fa tota o sa dira tiro ya sepe, go adimiwa madi kgotsa go newa karata ya sekoloto le fa maemo a gago a tsa madi a sa go letle, kgotsa go solofediwa morokotso o montsi le fa o beeleditse madi a mannye. Federal Trade Commission (FTC) ya United States ya re: “Iphe nako ya go sekaseka gore a peeletso nngwe le nngwe e o e newang e kafa molaong. Fa o solofediwa go boelwa ke madi a mantsi thata, go ka tswa go na le bothata. O se ka wa letla morekisi a go pateletsa go dira peeletso o ise o tlhomamise gore a e kafa molaong.”

GO UTSWELWA TSHEDIMOSETSO YA BOTHO

Ke eng? Go utswa tshedimosetso ya botho go akaretsa go tsaya tshedimosetso ya mongwe ya botho ka boferefere gore go tsiediwe batho kgotsa gore go dirwe mofuta mongwe wa bokebekwa ka yone.

Go ama batho jang? Magodu a ka dirisa tshedimosetso ya gago ya botho go dira dikarata tsa sekoloto, go adima madi kgotsa go bula diakhaonto tse disha mme a bo a dira dikoloto tse dintsi ka leina la gago! Le fa kgabagare o ka phimola dikoloto tseo, leina la gago lone le ka tswelela le senyegile ka dingwagangwaga. Mongwe yo o kileng a utswelwa tshedimosetso ya botho a re: “Go tsenngwa mo lenaaneng la batho ba ba sa tshwanelegeng go dira dikoloto go ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa gago—e bile go tseelwa madi go botoka.”

O ka dira eng?

  • Sireletsa tshedimosetso ya gago ya botlhokwa. Fa e le gore o dirisa Internet go banka kgotsa  go reka dilwana, fetola ditlhaka tsa gago tsa sephiri (password) ka metlha, segolobogolo fa o dirisitse khomputara e e dirisiwang ke batho botlhe. Mme jaaka go builwe pelenyana, o se ka wa ikanya e-mail nngwe le nngwe e e batlang tshedimosetso ya gago ya botlhokwa.

    Magodu a a utswang tshedimosetso ya botho ga a dirise dikhomputara fela. A leka mekgwa yotlhe e e leng gone go tsaya ditlankana tsa botlhokwa tse di jaaka diseteitemente tsa banka, dibuka tsa ditšheke, dikarata tsa dikoloto le dinomoro tsa social security (dinomoro tse puso e di dirisang go duela batho ba ba mo maemong a a rileng). Ka jalo boloka ditlankana tseno di babalesegile mme o gagole ditlankana tsotlhe tsa botlhokwa pele o di latlha. Mme fa o lemoga gore setlankana sengwe se latlhegile kgotsa se utswilwe, bega kgang eo ka bonako.

  • Nna o beile diakhaonto tsa gago leitlho. FTC ya re: “Go nna o ntshitse matlho dinameng go thusa thata mo go lwantsheng . . . go utswelwa tshedimosetso ya botho. Go lemoga go sa le gale gore o ka tswa o utsweditswe tshedimosetso ya botho go ka thusa fela thata.” Ka jalo, lekola diakhaonto tsa gago ka metlha mme o nne o etse tlhoko dilo tse di sa tlwaelegang tse di diregang mo diakhaontong tsa gago. Fa go kgonega, kopa khopi ya pego ya gago ya dikoloto mo mokgatlhong o o ikanyegang mme o bone gore ke diakhaonto le dikarata tsa sekoloto dife tse di butsweng ka leina la gago.

Gone ke boammaaruri gore gompieno ga go sepe se re ka tlhomamisegang gore se thibela bokebekwa gotlhelele. Tota le batho ba ba kelotlhoko thata ba ile ba direlwa bokebekwa. Le fa go ntse jalo, ka metlha re solegelwa molemo ke go dirisa botlhale le temogo e e fitlhelwang mo Baebeleng. “O se ka wa bo tlogela, mme bo tla go boloka. O bo rate, mme bo tla go dibela.” (Diane 4:6) Gape se se itumedisang ke gore Baebele e solofetsa gore bokebekwa bo tla fedisiwa.

Bokebekwa bo Tla Tloga bo Fela

Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Modimo o tla fedisa bokebekwa? Ela tlhoko dintlha tseno:

  • Modimo o batla go fedisa bokebekwa. “Nna, Jehofa, ke rata tshiamiso, ke tlhoile bonokwane le tshiamololo.”—Isaia 61:8.

  • O na le maatla a go fedisa bokebekwa. “O kwa godimo thata ka maatla. Mme O siame, o tekatekano e bile o molemo.”—Jobe 37:23, New Life Version.

  • O solofeditse go fedisa baikepi le go boloka basiami. “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa.” “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:9, 29.

  • O solofeditse batho ba gagwe ba ba ikanyegang botshelo mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso. “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

A mafoko ano a go ama pelo? Fa go ntse jalo, tsweetswee iphe nako ya go sekaseka Baebele mme o ithute mo go oketsegileng ka maikaelelo a Modimo ka batho. Ga go na buka epe e nngwe e e nang le botlhale jo bo mosola jaaka yone. Gape ga go na buka e nngwe e e re nayang tsholofelo ya mmatota ya isagwe e e se nang bokebekwa. *

Modimo o re solofetsa lefatshe le lesha la kagiso, le le tla bong le se na bokebekwa

^ ser. 5 Maina a fetotswe.

^ ser. 22 Bontsi jwa batho ba ba sotlilweng ka tsa tlhakanelodikobo ba itse batho ba ba ba tlhasetseng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo sa “Nka Itshireletsa Jang mo Bathong ba ba Sotlang Bana ka Tlhakanelodikobo?” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 1, tsebe 228. Buka eno e teng mo atereseng eno ya Internet www.jw.org/tn.

^ ser. 44 Tshedimosetso e e oketsegileng ya dithuto tsa botlhokwa tsa Baebele e ka fitlhelwa mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Iponele kgatiso eno mahala mo Basuping ba ga Jehofa kgotsa o e bale mo atereseng ya Internet ya www.jw.org/tn.