Dr. Paola Chiozzi o na le dingwaga di feta 20 a dira kwa Yunibesithing ya Ferrara kwa Italy e le moithuti wa dimolekhule tsa ditshedi. Tsogang! e ile ya mmotsolotsa ka tiro ya gagwe ya saense le ka tumelo ya gagwe.

Re tlhalosetse ka ga gago.

Rre e ne e le mothudi wa ditlhako mme mmè ene o ne a bereka mo polasing. Nna ke ne ke batla go nna moitsesaense. Malomo a mantle, dinonyane le ditshenekegi tse ke neng ke di bona kwa gae di ne di nkgatlha. Ke ne ke akanya gore di dirilwe ke mongwe yo o fetang batho ka botlhale.

A seo se raya gore ga o bolo go dumela mo Mmoping?

Nnyaa. Tota e bile ke ne ka simolola go belaela gore a go na le Modimo ke sa ntse ke le ngwana. Rre o ne a swa ka tshoganyetso ka ntlha ya bolwetse jwa pelo mme ke ne ka ipotsa go re, ‘Ke ka ntlha yang fa Mmopi wa dilo tse dintsi jaana tse dintle a ne a ka letlelela pogo le loso?’

A o ile wa bona dikarabo fa o ntse o ithuta saense?

E seng di tloga fela. Fa ke ne ke nna moithuti wa dimolekhule tsa ditshedi ke ile ka simolola go ithuta ka loso—go swa mo go tlwaelegileng ga disele tse di mo mmeleng wa rona. Seo se farologane thata le go swa ga disele tse di itekanetseng di bolawa ke go tlhaela okosejene, mo go bakang go ruruga le dintho tse di kekelang. Go tla go fitlha dingwaga di se kae fela tse di fetileng, baitsesaense ba ne ba sa tseye matsapa ape a a kalo ka kgang eno le fa e le botlhokwa mo botsogong jwa rona.

Go swa go go tlwaelegileng ga disele go botlhokwa ka tsela efe?

Mmele wa rona o bopilwe ka disele di le dintsintsi tse o ka di bonang fela ka maekorosekoupo. Mo e ka nnang disele tsotlhe di tshwanetse go swa le go emisediwa ka tse dingwe. Mofuta mongwe le mongwe wa disele o na le lobaka lo lo sa tshwaneng lwa go tshela; dingwe di emisediwa ka tse dingwe nako le nako morago ga dibeke di se kae mme tse dingwe nako le nako morago ga dingwaga di se kae. Thulaganyo ya mmele wa rona ya go swa ga disele ka nako e e rileng e tshwanetse go laolwa sentle gore go se ka ga nna le disele tse dintsi thata kgotsa tse di tlhaelang.

 Go ka nna le bothata bofe?

Dipatlisiso dingwe di bontsha gore fa disele di sa swe jaaka di tshwanetse, seo se ka felela ka ramatiki e e bakang go ruruga ga malokololo kgotsa kankere. Kafa letlhakoreng le lengwe fa disele di swa pele ga nako, seo se ka baka Parkinson’s disease (bolwetse jo bo golafatsang ditshika jo bo dirang gore motho a rorome) kgotsa Alzheimer’s disease (bolwetse jwa boboko jo bo dirang gore motho a latlhegelwe ke tlhaloganyo e bile a se ka a kgona go bua sentle). Dipatlisiso tse ke di dirang di tsamaisana le go batla ditsela tsa go alafa malwetse ano.

Go ithuta ka go swa ga disele go go amile jang?

Go bua boammaaruri fela, go ne ga dira gore ke eme tlhogo. Go bonala sentle gore thulaganyo eno e e gakgamatsang e tlhamilwe ke mongwe yo o batlang gore re nne le botsogo jo bo molemo. Ka jalo, ke ne ke sa ntse ke na le potso e e reng, Ke ka ntlha yang fa batho ba boga le go swa? Ke ne ke sa kgone go bona karabo.

Mme o ne o tlhomamisegile gore thulaganyo ya go swa ga disele e ne e tlhamilwe.

Ee. Thulaganyo eno yotlhe e raraane ka tsela e e jesang kgakge mme tsela e e dirilweng ka matsetseleko ka yone e bontsha botlhale jwa maemo a a kwa godimo. Ke dumela gore ke botlhale jwa Modimo. Ke dirisa dimaekorosekoupo tse di bogale go ithuta ka mekgwa e mentsi e e raraaneng e e dirang gore thulaganyo eno e tswelele. Mekgwa mengwe e ka dira gore disele di simolole go swa mo metsotsong e se kae fa go tlhokega. Disele di nna le seabe mo go sweng ga tsone. Thulaganyo eno e tlhamilwe sentle mo e leng gore eleruri e jesa kgakge.

E re ka mo e batlang e le disele tsa rona tsotlhe di emisediwa ka metlha ka tse disha, ga go pelaelo gore go ka kgonega gore re tshelele ruri

O ne o na le dipotso ka Modimo le ka pogo. O ne wa bona dikarabo jang?

Ka 1991 ke ne ka etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le babedi mme ka ba botsa gore ke ka ntlha yang fa re swa. Ba ne ba mpontsha karabo eno mo Baebeleng: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo.” (Baroma 5:12) Fa motho wa ntlha a ka bo a ile a utlwa Modimo, a ka bo a ile a tshelela ruri. Ka yone nako eo, ke ne ka lemoga gore seno se ne se dumalana le se ke se ithutileng fa ke dira dipatlisiso. Tota e bile ke bona gore Modimo o ne a sa ikaelela gore batho ba swe. E re ka mo e batlang e le disele tsa rona tsotlhe di emisediwa ka metlha ka tse disha, ga go pelaelo gore go ka kgonega gore re tshelele ruri.

Ke eng se se go tlhomamiseditseng gore Baebele ke Lefoko la Modimo?

Ke ile ka ithuta se Baebele e se bolelang ka Modimo mo go Pesalema 139:16: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” E re ka ke le moithuti wa dimolekhule tsa ditshedi, ke ithuta tshedimosetso e e mo dijining e e kwadilweng mo diseleng tsa rona. Mopesalema o ne a itse jang ka go kwalwa goo? Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng go tswa mo Baebeleng ke ne ka tlhomamisega gore e tlhotlheleditswe ke Modimo.

O thusitswe jang go tlhaloganya se Baebele e se rutang?

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a ithaopa go ithuta Baebele le nna. Kgabagare ke ne ka ithuta gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo. Gape ke ne ka ithuta gore jaaka Baebele e bolela, Modimo o ikaeletse go “kometsa loso ka bosaengkae.” (Isaia 25:8) Go tla nna motlhofo gore Mmopi wa rona a dire gore dithulaganyo tse di molemo tsa mebele ya rona di dire sentle gore re kgone go tshela re sa swe.

O dirisitse kitso ya gago ya Baebele jang go thusa ba bangwe?

Ke ne ka nna Mosupi wa ga Jehofa ka 1995, mme go tloga ka nako eo ke ntse ke leka go dirisa tshono nngwe le nngwe go bolelela ba bangwe dilo tse ke di ithutileng mo Baebeleng. Ka sekai, mongwe yo ke berekang le ene o ne a utlwa botlhoko fela thata fa kgaitsadie a ne a ipolaya. Kereke ya gagwe e ruta gore Modimo ga a ke a itshwarela batho ba ba ipolayang. Mme ke ne ka mmontsha kafa Baebele e re nayang tsholofelo ya tsogo ka teng. (Johane 5:28, 29) O ne a gomodiwa thata ke go utlwa gore Mmopi o amega ka rona. Mo dinakong di tshwana le tseo ke bona gore go bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele go ntlisetsa kgotsofalo ya mmatota go feta saense!