LETSATSI le letsatsi go nna le ditshono tse dintsi tse batho ba ka di dirisang go direla ba bangwe dilo tsa bopelontle. Le fa go ntse jalo, go ka lebega e kete ba le bantsi ba ikakanyetsa ba le bosi. O bona bosupi jwa seo mo e ka nnang gongwe le gongwe—mo tseleng e batho ba sa tlhabiweng ke ditlhong ka yone go tsietsa ba bangwe, kafa ba sa akanyetseng ba bangwe ka gone fa ba kgweetsa, kafa ba dirisang puo ya matlhapa ka gone le kafa ba phatlogang ka bogale ka gone.

Mokgwa wa go ikakanyetsa o le nosi o gone le mo malapeng a le mantsi. Ka sekai, banyalani bangwe ba tlhalana fela ka gonne mongwe wa bone a akanya gore o tshwanelwa ke mongwe yo o botoka. Tota le batsadi bangwe ba ka ruta bana ba bone go ikakanyetsa ba le bosi ba sa lemoge. Jang? Ka go naya bana ba bone sengwe le sengwe se ba se batlang ka yone nako eo, mme ba okaoka go ba naya kotlhao ya mofuta ope fela.

Go farologana le seo, batsadi ba bangwe ba bantsi ba ruta bana ba bone go akanyetsa ba bangwe pele mme seo se na le diphelelo tse di molemo. Gantsi bana ba ba akanyetsang ba bangwe ba nna le ditsala e bile ba nna le kamano e e nonofileng le ba bangwe. Gape gantsi e nna batho ba ba kgotsofetseng. Ka ntlha yang? Ka gonne, jaaka Baebele e bolela, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Fa o le motsadi, o ka thusa bana ba gago jang go bona melemo ya go akanyetsa ba bangwe le go tila go tlhotlhelediwa ke mokgwa o o ba dikologileng wa go ikakanyetsa o le nosi? Ela tlhoko dirai di le tharo tse di ka tsenyang moya wa go ikakanyetsa o le nosi mo baneng  ba gago mme o bone kafa o ka tilang dirai tseo ka gone.

1 Go Akgola mo go Feteletseng

Bothata. Babatlisisi ba lemogile mokgwa mongwe o o sa jeseng di welang: Basha ba le bantsi ba simolola go bereka ba na le boikutlo jwa gore ba na le tshwanelo ya go atlega, le fa ba sa dira go le kalo kgotsa ba sa dira sepe gore ba atlege. Bangwe ba akanya fela gore ba tla tlhatlosiwa ka bonako mo tirong tota le fa ba ise ba nne le bokgoni jwa go dira tiro eo. Ba bangwe ba tsaya gore ba kgethegile ka tsela nngwe le gore ba tshwanelwa ke go tshwarwa ka tsela e e tlhomologileng—mme go tswa foo ba ngomoga pelo fa ba lemoga gore batho ba bangwe ga ba ba tseye jaaka bone ba itsaya.

Se se bakang bothata. Ka dinako tse dingwe selo se se dirang gore motho a akanye gore o botlhokwa go feta kafa a leng ka gone ke tsela e a godisitsweng ka yone. Ka sekai, batsadi bangwe ba tlhotlheleditswe thata ke kgopolo e e sa tswang go anama bosheng ya gore go itlotla go botlhokwa. Kgopolo eno e ne e theilwe mo mabakeng a a neng a lebega a utlwala: Fa e le gore go akgola ngwana go le gonnye go molemo, go mo akgola thata go molemo le go feta. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go dumelwa gore go kgala ngwana ka tsela epe fela go tla mo kgoba marapo. E re ka batho go ralala lefatshe ba ne ba le mo letsholong la go kgothaletsa batho go itlotla, o ne o ka tsewa o le motsadi yo o sa siamang fa o kgala ngwana wa gago. Batsadi ba ne ba bolelelwa gore le ka motlha bana ga ba a tshwanela go dirwa gore ba itseele kwa tlase.

Ka jalo, borre le bommè ba le bantsi ba ne ba simolola go nnela go akgola bana ba bone ka tsela e e feteletseng, tota le fa bana bao ba ne ba sa dira sepe se ba tlhokang go se akgolelwa. Nako le nako fa bana ba fitlheletse sengwe, le fa se ka nna sennye jang, ba ne ba akgolwa; mme phoso nngwe le nngwe e ba e dirang e ne e tlodisiwa matlho, le fa e ka nna kgolo jang. Batsadi bao ba ne ba dumela gore se se ka thusang gore ngwana a itlotle ke go tlhokomologa sengwe le sengwe se se bosula se a se dirang le go mo akgolela sengwe le sengwe fela. Go dira gore bana ba ikutlwe ba le motlotlo go ne ga tsewa go le botlhokwa thata go feta go ba ruta go dira dilo tse tota ba neng ba ka nna motlotlo ka tsone.

Se Baebele e se bolelang. Baebele ya re go akgola go siame, fa go tshwanela. (Mathaio 25:19-21) Mme go akgola bana fela ka go bo o batla gore ba ikutlwe ba le motlotlo go ka dira gore ba ipone ba le se tota ba seng sone. Go a tshwanela go bo Baebele e re: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.” (Bagalatia 6:3) Go a utlwala go bo Baebele e bolelela batsadi jaana: “O se ka wa gana ka kwatlhao mo ngwaneng, gonne fa o mmetsa ka thupa ga a ketla a a swa.” *Diane 23:13, Baebele e e Boitshepo.

Se o ka se dirang. Nna le mokgele wa go kgalema fa go tlhokega le go akgola fa tota go tshwanela. O se ka wa nnela go akgola ngwana fela gore a ikutlwe a le motlotlo. Gantsi seo se ka se atlege. Buka ya Generation Me ya re: “Go itshepa ga mmatota go bakwa ke go tokafatsa bokgoni jwa gago le go ithuta dilo, e seng go bolelelwa gore o mogaka mme o sa dira sepe.”

“O se ka wa itseela kwa godimo go feta kafa go tshwanetseng ka teng. Go na le moo, nna boingotlo.”—Baroma 12:3, Good News Translation

 2 Tshireletso e e Feteletseng

Bothata. Basha ba le bantsi ba ba simololang go bereka ba lebega ba sa ipaakanyetsa go lebana le mathata. Bangwe ba utlwa botlhoko le fa ba tshwaiwa phoso go le gonnye fela. Bangwe ba ngongoregela sengwe le sengwe mme ba ka amogela fela tiro e e tsamaisanang le dilo tse dikgolo tse ba di lebeletseng. Ka sekai, Dr. Joseph Allen mo bukeng ya Escaping the Endless Adolescence, o bua ka lekawana lengwe le ka nako ya potsolotso ya go batla tiro le ileng la re: “Ke bona e kete dikarolo dingwe tsa tiro di na le go lapisa pelo mme nna ga ke batle go lapisega.” Dr. Allen o kwala jaana: “Go lebega a ne a sa tlhaloganye gore ditiro tsotlhe di na le dilo dingwe tse di lapisang ka tsone. Go tlile jang gore a tshware dingwaga tse 23 a sa itse seo?”

Se se bakang bothata. Mo dingwageng tsa bosheng, batsadi ba le bantsi ba ile ba ikutlwa ba patelesega go sireletsa bana ba bone mo mathateng ape fela a ba lebanang le one. O dira eng fa morwadio a paletswe ke tlhatlhobo? A o tsenelela mo kgannyeng eo o bo o laela morutabana wa gagwe gore a mo okeletse maduo? A re re morwao o neilwe thekete ka gonne a tlodile molao wa tsela. A o a mo e duelela? O dira eng fa ngwana wa gago a kgaogane le mongwe yo a neng a ratana le ene? A o pega motho yo a neng a ratana le ene molato jaaka e kete ngwana wa gago ene ga a dira sepe se se phoso?

Le fa gone e le ga tlholego go sireletsa bana ba gago, go ba sireletsa mo go feteletseng go ka ba naya kgopolo e e phoso—gore ga ba a tshwanela go rwala maikarabelo a dilo tse ba di dirang. Buka ya Positive Discipline for Teenagers ya re: “Mo boemong jwa go ithuta gore ba ka kgona go tswelela le botshelo le fa ba utlwile botlhoko kgotsa ba swabisitswe, ba bo ba ithuta mo go se se ba diragaletseng, bana [ba ba ntseng jalo] ba gola ba ikakanyetsa ba le bosi fela, ba akanya gore batho ba bangwe go akaretsa le batsadi ba bone ba tshwanetse go ba direla sengwe.”

Se Baebele e se bolelang. Mathata a tla nna a le teng mo botshelong. E bile tota Baebele ya re: “Dilo tse di bosula di diragalela mongwe le mongwe!” (Moreri 9:11, Easy-to-Read Version) Seo se akaretsa le batho ba ba siameng. Ka sekai, moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a itshokela mathata a mefuta yotlhe ka nako ya bodiredi jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go lebana le mathata go ne ga mo solegela molemo! O ne a kwala jaana: “Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one. . . . Ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.”—Bafilipi 4:11, 12.

Se o ka se dirang. O ntse o akanyetsa gore bana ba gago ba godile go le kana kang, leka go latela molaomotheo ono wa Baebele: “Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5, Contemporary English Version) Fa morwao a newa thekete ka gonne a tlodile molao wa tsela, go ka nna molemo go mo tlogela a e duela ka madi a a a fiwang kgotsa ka madi a a a amogetseng. Fa morwadio a paletswe ke tlhatlhobo, gongwe seo se ka mmula matlho gore nako e e tlang a ipaakanyetse ditlhatlhobo sentle. Fa morwao a kgaogana le mongwe yo a neng a ratana le ene, mo gomotse—mme ka nako e e tshwanetseng mo thuse go akanya ka dipotso tse di jaaka, ‘Fa ke leba kwa morago, a ke bona tiragalo eno e senotse dilo dingwe tse ke tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone?’ Bana ba ba tsayang matsapa go rarabolola mathata a bone ba kgona go lepalepana  le mathata e bile ba a itshepa—dinonofo tse ba ka se nneng le tsone fa mongwe a nna a ba namola mo mathateng.

“A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela.”—Bagalatia 6:4

3 Go ba Naya Dilo Tse Dintsi Thata

Bothata. Fa go ne go botsolodiwa basha bangwe, diperesente di le 81 tsa bone ba ne ba re mokgele wa botlhokwatlhokwa mo dithakeng tsa bone ke ‘go huma’—ba go tsaya go le botlhokwa go gaisa go thusa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go gwalalela go huma ga go lere kgotsofalo. Tota e bile, dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba tlhomileng mogopolo thata mo go nneng le dikhumo ga ba a itumela e bile ba tshwenyegile mo maikutlong go feta ba bangwe. Gape ba tshabelelwa ke makoa a mo mmeleng le mathata a tlhaloganyo.

Se se bakang bothata. Bana ba bangwe ba godisediwa mo malapeng a a ratang dikhumo. Buka ya The Narcissism Epidemic ya re: “Batsadi ba batla go itumedisa bana ba bone, mme bana ba batla go rekelwa dilo. Ka jalo batsadi ba a di ba rekela. Mme bana ba a itumela le fa gone e le ka nakwana fela. Go tswa foo, ba batla tse dingwe gape.”

Gone ke boammaaruri gore babapatsi ga ba bolo go gakalela go ja ntsoma batho bano ba ba ratang go reka. Ba buelela dikgopolo tse di jaaka, ‘O tshwanelwa ke se se molemolemo’ le ‘Ka gonne o botlhokwa.’ Basha ba le bantsi ba dumetse kgopolo eno mme jaanong ba mo dikolotong, ga ba kgone go duelela dilo tse go tweng di a ba “tshwanela.”

Se Baebele e se bolelang. Baebele ya re madi a a tlhokega. (Moreri 7:12) Le fa go ntse jalo, e tlhagisa gore “lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” Gape ya re: “Ka go gagamalela lorato lono bangwe . . . ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:10) Baebele e re kgothaletsa gore re se ka ra gwalalela dikhumo mme re kgotsofale fa re na le dilo tsa botlhokwa mo botshelong.—1 Timotheo 6:7, 8.

“Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:9

Se o ka se dirang. Fa o le motsadi, sekaseka tsela e o lebang madi ka yone le dilo tse di a rekang. Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele mme o thuse le bana ba gago go dira se se tshwanang. Buka ya The Narcissism Epidemic e e nopotsweng pelenyana e akantsha jaana: “Batsadi ba ka simolola go tlotla le bana ka dikgang tse di jaaka, ‘Ke leng go leng molemo go reka dilwana tse di digilweng ditlhwatlhwa? Ke leng go seng molemo go dira jalo?’ ‘Seelo sa morokotso ke eng?’ ‘Ke leng mo o neng wa reka sengwe ka gonne mongwe a re o tshwanetse go se reka?’”

Ela tlhoko gore o se ka wa dirisa dithoto go itebatsa mathata a lelapa la gago le tlhokang go a rarabolola. Buka ya The Price of Privilege ya re: “Go itebatsa mathata ka dithoto ke mokgwa o le ka motlha o ka se kang wa atlega. Mathata a tlhoka go rarabololwa ka gore a akanyediwe sentle, ka temogo le ka go utlwela botlhoko e seng ka go reka ditlhako le dibeke.”

^ ser. 11 Baebele ga e buelele go sotla bana mo mmeleng kgotsa mo maikutlong. (Baefeso 4:29, 31; 6:4) Boikaelelo jwa go kgalemela ke go ruta, e seng gore batsadi ba ntshetse bogale mo baneng.