“Dipalo tsa makgetlho a ka one batho ba senkang dilo tse di amanang le lefoko, ‘porn’ [ditshwantsho tse di hepisang] mo Internet ka Google di oketsegile go menagane gararo fa e sa le ka 2004.”—THE ECONOMIST, BORITANE.

“Fa lekgarebe [la kwa Russia] le nyalwa, . . . go na le kgonagalo ya diperesente di ka nna 60 ya gore monna wa gagwe o tla mo itaya, kgotsa gore ba tla lwa ka diatla.”—MOSKOVSKIYE NOVOSTI, RUSSIA.

“Moitsesaense kgotsa ngaka e le nngwe mo go tse supa kwa UK e bone badirikayone ba fetola tshedimosetso ka boomo kgotsa ba tlhama tshedimosetso e e tsietsang fa ba ntse ba dira dipatlisiso kgotsa e le gore ba ye go gatisa sengwe.”—BRITISH MEDICAL JOURNAL, BORITANE.

“Fa e sa le ka 1971 palo ya balwetse ba kankere kwa United States ba ba sa sweng ka ntlha ya bolwetse jono e oketsegile go menagane ganè go fitlha go dimilione tse 12 . . . Koketsego eno ya palo ya balwetse ba ba sa sweng ka ntlha ya bolwetse jono e ka tswa e bakwa thata ke gore bolwetse bo lemogiwa go sa le gale fa motho a tlhatlhobiwa ka bonako mme a bo a newa kalafi e e botoka le tlhokomelo e e botoka morago ga moo.”—UC BERKELEY WELLNESS LETTER, U.S.A.

Pele fela go ketekwa Keresemose ya 2011, go ile ga runya ntwa magareng ga baruti le baitlami ba ka nna 100 ba madumedi a a ganetsanang kwa kagong ya Church of the Nativity, kwa Bethelehema. Lefotenentekolonele mongwe wa mapodise a re: “E ne e le bothata jo e seng jwa sepe . . . jo bo diregang ngwaga le ngwaga. Ga go ope yo o ileng a tshwarwa ka gonne botlhe ba ba neng ba lwa e ne e le batho ba Modimo.”—REUTERS NEWS SERVICE, U.S.A.

Mola o Mogolo wa Dijalo go Ralala Afrika

Porojeke nngwe ya mokgatlho wa Pan-Africa e e simolotsweng ke lekgotla la African Union ka 2007 e diretswe go emisa go anama ga dikaka ka go jala mola o mogolo wa dijalo. Go tloga kwa Senegal kwa Bophirima go ya kwa Djibouti kwa Botlhaba, dinaga di le 11 di jala dimela di le dintsintsi tse di sa tswang go tlhoga tsa mefuta e e tshwanelang lefelo leo, boikaelelo e le go dira mola o mogolo wa dijalo wa boleele jwa dikilometara di le 7 600 le bophara jwa dikilometara di le 15. Porofesa Aliou Guissé wa ikholoji ya dimela kwa Cheikh Anta Diop University e e kwa Dakar, kwa Senegal a re: “Re tshwanetse go jala mefuta ya dimela tse batho ba ka se kang ba batla go di kgaolela go dira dikgong.” Go solofelwa gore mo godimo ga moo mafelo a a jadilweng gape gore a nne dikgwa, a tla nna mafelo a tshireletso ya ditshedi le dimela mme ka jalo a neye ditšhaba tsa mafelo ao lotseno lo lo sa feleng.

Ke Eng fa re Edimola?

Baitsesaense ga ba kgone go tlhalosa gore ke eng fa mongwe le mongwe mo lefatsheng a edimola—gantsi ka makgetlho a le mmalwa ka letsatsi. Tota le masea a a mo popelong a a edimola. Mme ditlhong, bontšhe, dinoga le ditlhapi le tsone di a edimola. Go na le dikgopolo di le dintsi tse gantsi di ganetsanang mme ga go epe e e kgotsofatsang babatlisisi botlhe. Baitsesaense ba le bantsi ba akanya gore go edimola, mo gantsi go tsayang metsotswana e le merataro, go oketsa okosejene e e yang mo bobokong. Makasine wa Science News wa re, go ntse go le jalo “go fitlha jaanong babatlisisi ga ba ise ba bone bosupi jo bo tshegetsang kgopolo eno.” Go lebega dipatlisiso tsa bosheng tse di dirilweng mo magotlong di bontsha gore “go edimola go ka tswa go dira tiro e e jaaka ya selaolamogote, go fodisa boboko jo bo gotetseng thata.” Mme tota ga go ope yo o itseng.