Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang re Boifa Loso?

Ke ka Ntlha Yang re Boifa Loso?

 Ke ka Ntlha Yang re Boifa Loso?

“Loso ke nngwe ya dilo tse di tshosang thata; ka gonne ke bokhutlo.”—Aristotle.

E NE e le mosadi yo o neng a tsewa ke ditsala tsa gagwe e le motho yo o ineetseng, e le modumedi wa mmatota. Bangwe ba ne ba bile ba mmitsa “pilara ya kereke ya gagwe.” O ne a rutilwe gore loso tota e ne e se bokhutlo, mme go na le moo, e ne e le tsela ya go fetela kwa botshelong jwa morago ga loso. Le fa go ntse jalo, fa go ne go bonala gore o tla tloga a swa, o ne a fekeediwa ke poifo. E re ka a ne a tshwenngwa ke dipelaelo tse a neng a na le tsone, o ne a botsa mogakolodi wa gagwe wa bodumedi a re, “E re ka go na le ditumelo di le dintsi jaana [malebana le gore go diragala eng fa motho a swa]; o itse jang gore ke tumelo efe e e siameng?”

Mo e ka nnang bodumedi le setšhaba sengwe le sengwe se amogetse kgopolo ya gore batho ba nna ba ntse ba tshela kgotsa ba tla tshela gape, fa ba sena go swa. Mo gare ga ditumelo tse dintsi tseno, ke efe e e leng boammaaruri? Batho ba le bantsi ba belaela gore a tota go na le botshelo morago ga loso. Wena o akanya jang? A o rutilwe gore botshelo jwa motho bo tswelela pele morago ga loso? A o dumela gore go ntse jalo? A o boifa loso?

Go Boifa go sa Nne Teng

Babatlisisi ba re go boifa loso ke “tlhobaelo ya loso.” Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana go ile ga kwalwa dibuka le dipego di le dintsi ka kgang eno. Mme le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba tlhopha go sa akanye ka loso. Le fa go ntse jalo, ka go bo loso e le selo se se diragalang, re a patelesega gore kgabagare re akanye ka lone. Botshelo jwa motho bo bokhutshwane—mo e ka nnang batho ba ba fetang 160 000 ba swa bobotlana letsatsi le letsatsi! Ga go na motho ope yo o se kitlang a swa, mme boammaaruri jono bo tshosa batho ba le bantsi.

Bomankge ba tlhalositse boikutlo jono jwa go tlhobaela ka loso ka mefuta e e farologaneng. Mefuta e e farologaneng eo e akaretsa go boifa botlhoko, go boifa dilo tse motho a sa di itseng, go boifa go tlhokafalelwa ke batho ba ba ba ratang, le go boifa ditlamorago tse batho ba ba salang ba tla lebanang le tsone.

Mme poifo e kgolo go di gaisa tsotlhe ke go boifa go sa tlhole o nna teng. Go sa kgathalesege gore ba dumela eng batho ba le bantsi ba tshosiwa ke kgopolo ya gore loso ke bokhutlo jo bo feletseng jwa botshelo. Mme saense e oketsa poifo eno. Tota e bile bontsi jwa ditsela tse mmele wa motho o dirang ka teng di kgona go tlhalosiwa ka tsela ya saense. Tota ga go na le moitsethutotshelo, mankge wa fisikisi kgotsa moitse wa dikhemikale yo o kileng a bona bosupi jwa gore go na le karolo nngwe e e tswang mo mmeleng wa motho fa a swa. Ka jalo, bontsi jwa baitsesaense ba  tlhalosa gore go swa ga motho ke tsela fela e botshelo jwa motho bo felelang ka yone.

Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba go bonalang ba dumela ka tlhoafalo thuto ya botshelo morago ga loso, totatota ba boifa gore ba tla felela ba sa tlhole ba le teng ka ntlha ya loso. Se se kgatlhang ke gore Kgosi ya bogologolo e bong Solomone o ne a bolela gore loso ke bokhutlo jo bangwe ba ka tsayang gore ke selo se se tshosang.

Mo Loroleng”—A ke Kwa Motho a Felelang Gone?

Mo bukeng ya Moreri e e setseng e na le dingwaga di le 3 000 e ntse e le teng, Solomone o ne a re: “Batshedi ba itse gore loso lo tla tla mo go bone, mme baswi ga ba itse sepe mme ga ba tlhole ba na le tuelo epe ka gonne ba lebetswe. Lorato lwa bone, letlhoo la bone le bopelotshetlha jwa bone di fedile.” A bo a re gape: “Le fa e le eng se seatla sa gago se kgonang go se dira se dire ka maatla a gago otlhe, ka gonne ga go na tiro, kakanyo, kitso kgotsa botlhale kwa baswi ba yang gone.”—Moreri 9:6, 10, The Bible in Basic English.

Solomone o ne a tlhotlheleditswe gore a re: “Phelelo ya bana ba batho e tshwana le ya diphologolo. Jaaka fa e nngwe e swa le e nngwe e swa fela jalo. . . Motho ga a kwa godimo ga phologolo . . . Tsotlhe fela di ya felo go le gongwe, tsotlhe di tswa mo loroleng mme tsotlhe di tla boela mo loroleng gape.”—Moreri 3:19, 20, The Bible in Basic English.

Le fa mafoko ano a ne a kwadilwe ke Kgosi Solomone, a ne a tlhotlheleditswe ke Modimo mme ke karolo ya Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele. Dikwalo tseno, mmogo le tse dingwe tse dintsi mo Baebeleng, ga di tshegetse tumelo e e tlwaelegileng ya gore go na le sengwe mo teng ga motho se se tswang fa motho a swa mme se tswelela se tshela gongwe. (Genesise 2:7; 3:19; Esekiele 18:4) A Modimo o re bolelela gore ‘lorole,’ kgotsa go sa nne teng ke phelelo ya batho botlhe? Le e seng!

Baebele ga e rute gore go na le karolo epe ya motho e e tswang fa a swa. Le fa go ntse jalo, e re neela tsholofelo e e utlwalang sentle malebana le batho ba ba swang. Setlhogo se se latelang se tla bontsha gore ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go boifa gore loso ke bokhutlo jwa botshelo jwa batho.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

MMABA YO A SA KA KENG A TILWA

Loso ga lo bolo go bidiwa mmaba wa batho. Mme tota ke mmaba ka gonne re kgona go bona bosupi jwa seo gongwe le gongwe. Go ya ka dipalopalo dingwe, batho ba ba ka nnang dimilione di le 59 ba swa ngwaga le ngwaga—palogare ya batho ba le babedi ka motsotswana. Batho ba swa jang?

▪ Motho a le mongwe o swa ka ntlha ya ntwa mo metsotsong mengwe le mengwe e le 102.

▪ Motho a le mongwe o bolawa mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 61.

▪ Motho a le mongwe o ipolaya mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 39.

▪ Motho a le mongwe o swa mo kotsing ya dikoloi ka metsotswana mengwe le mengwe e le 26.

▪ Go swa motho a le mongwe ka ntlha ya mabaka a a amanang le tlala mo metsotswaneng mengwe le mengwe e meraro.

▪ Go swa ngwana a le mongwe yo o kafa tlase ga dingwaga di le tlhano mo metsotswaneng mengwe le mengwe e meraro.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

MATSAPA A LEFELA

Ka November 9, 1949, James Kidd, modiri wa moepo wa koporo wa dingwaga di le 70, o ne a nyelela mo dithabeng tsa Arizona, U.S.A. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, fa a sena go kaiwa semolao gore o sule, mo gare ga dilo tsa gagwe tse dingwe, go ne ga bonwa wili ya gagwe ya madi a a kana ka didolara di le diketekete e e neng e kwadilwe ka phensele. Kidd o ne a tlhalosa mo wiling ya gagwe gore madi a gagwe a dirisediwe go dira dipatlisiso tsa go bona “bosupi jwa saense jwa gore moya o tswa mo mmeleng fa motho a swa.”

Ka bonako morago ga foo, batho ba le 100 ba ba neng ba ipolela gore ke babatlisisi le baitsesaense ba ne ba kopa madi ao. Go ne ga nna le ditsheko tsa dikgwedi di le dintsi kwa kgotlatshekelo e bile go na le ba le bantsi ba ba neng ba bolela gore go na le moya o o sa bonaleng. Kgabagare, moatlhodi o ne a naya mekgatlho e mebedi e e ikanyegang ya dipatlisiso madi ao. Mo e ka nnang morago ga sebaka se se fetang sephatlho sa lekgolo la dingwaga, babatlisisi bao ba ne ba ise ba kgone go ntsha “bosupi jwa saense jo bo bontshang gore moya o tswa mo mmeleng fa motho a swa.”