Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

 Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ka 2006, “babegadikgang ba le 167 le bathusi ba bone,” ba ba akaretsang bakgweetsi le baranoledi ba bone, “ba ne ba bolawa fa ba bega dikgang.” Bontsi jwa bone ba ne ba bega ka bokebekwa, boferefere, kgotsa ka dintwa tsa selegae. Go ne ga bolawa ba ba ka nnang 133.—INTERNATIONAL NEWS SAFETY INSTITUTE, BELGIUM.

Go dirwa dibetsa tse di ka ntshang marumo a bogale jo bo mo magareng ga dibilione tse 10 le 14 ngwaga le ngwaga, “e leng marumo a a lekaneng go ka bolaya motho mongwe le mongwe mo lefatsheng gabedi.”—ROYAL MELBOURNE INSTITUTE OF TECHNOLOGY, AUSTRALIA.

A Dithoromo tsa Lefatshe di Bakiwa ke Batho?

Fa e sale ka lekgolo la bo19 la dingwaga, ditiro tse batho ba di dirang di bakile dithoromo tsa lefatshe tse di maatla tse di fetang 200, go bolela jalo lokwalodikgang lwa kwa Jeremane lwa Die Zeit. Meepo e bakile halofo ya dithoromo tseno. Dingwe tse di bakileng dithoromo go bonala e le go rafiwa ga digase tsa tlholego, oli, kgotsa metsi; go tshelwa ga lookwane mo megobeng; le go dirwa ga mabolokelo a metsi. Ka 1989 thoromo ya lefatshe ya Newcastle, kwa Australia, e baitsesaense ba kayang gore e bakilwe ke moepo wa malatlha, e tlogetse batho ba le 13 ba sule, ba le 165 ba gobetse, gape e bakile tshenyo ya diranta di le dibilione tse 25. Go fopholediwa gore ditshenyegelo tse di bakilweng ke thoromo eno di feta madi otlhe a moepo o duetseng badiri ka one fa e sa le o simolola go dira makgolo a mabedi a dingwaga a a fetileng.

Seemo sa Bokatoliki sa Kwa Fora

Ka 1994, diperesente tse 67 tsa batho ba kwa Fora ba ne ba ipolela gore ke Bakatoliki. Makasine wa Le Monde des Religions o bolela gore gompieno ke diperesente tse 51, tse di ipolelang gore ke Bakatoliki. Dipatlisiso di bontshitse gore halofo ya Bakatoliki ba kwa Fora ba ya kerekeng fela fa go na le ditiragalo tse di kgethegileng tse di jaaka manyalo. Le fa diperesente di le 88 di ipolela gore di itse Thapelo ya Rraarona ka tlhogo, diperesente tse 30 tsone ga di nke di rapela. Mo e batlang e nna halofo ya Bakatoliki ba na le Dibaebele kwa magaeng a bone, mme seno ga se bolele gore ba a e bala.

Bothata Jwa go sa Kgone go Bua Sentle mo Baneng

Makasine wa kwa Poland wa Wprost wa re: “Bana ba le bantsi ba simolola go bua go setse go le thari e bile ba itse mafoko a le mmalwa fela, ka gonne bagolo ga ba bue le bone.” Bommé ba dirisa palogare ya metsotso e le 30 fela ka letsatsi ba na le bana ba bone, fa borre bone ba dirisa “metsotso e supa fela.” Ka ntlha ya seno, ngwana a le mongwe mo go ba le batlhano “o nna le bothata jwa go bua ka ntlha ya go bo a tlhokomologilwe ke batsadi.” Michał Bitniok, yo e leng ngaka ya tsa puo e bile e le moitse wa dipuo kwa Yunibesithing ya Silesia o tlhagisa jaana: “Fa bana bano ba sa alafiwe ka bonako mme ba nna ba itlhokomolositswe, boemo jono bo ka ba bakela mathata kwa sekolong le fa ba setse ba godile.”

Go Dirisa Tumelabotlhodi Kwa Japane

Go latlhela matlakala mo go sa tshwanelang mo setsheng sa mmasepala ke bothata kwa Japane. Badiri ba pabalesego ba ba dirang motshegare ga ba kgone go thibela bothata jono. Batho ba latlha matlakala a bone bosigo. Jaanong go dirilwe torii, dikgoro tse dikhibidu tsa logong tse di dirilweng go tshwana le matseno a mafelo a kobamelo ya Se-Shinto, mme mebuso ya koo e dirisa tumelabotlhodi go thibela batho gore ba se ka ba latlhela matlakala fa go sa tshwanelang. Lokwalodikgang lwa IHT Asahi Shimbun lo tlhalosa jaana: “Kgopolo ya seno e bonolo. Batho ka kakaretso ba tsaya torii e le boitshepo, ka jalo ba dumela gore go latlhela matlakala gaufi le yone go tla ba tlisetsa bomadimabe.” Jaaka fa go ne go solofetswe batho jaanong ga ba sa tlhole ba latlhela matlakala gaufi le yone. Lokwalodikgang lono lo tswelela ka gore: “Go ela kgakalanyana le yone batho ba sa ntse ba latlhela matlakala.”