Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baikal—Letsha le Legolo go a Gaisa Otlhe

Baikal—Letsha le Legolo go a Gaisa Otlhe

 Baikal—Letsha le Legolo go a Gaisa Otlhe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA RUSSIA

GO RALALA dingwaga, merafe ya Ba-Mongolia e e nnang mo kgaolong e e kgakala e gompieno e itsegeng e le borwa jwa Siberia ba tlotla letsha leno. Le fa matsha mangwe a na le bogodimo jo bogolo, Baikal ke letsha le le boteng go gaisa otlhe mo lefatsheng le le nang le metsi a a seng letswai e bile le na le metsi a mantsi go gaisa. Lengwe la maina a letsha leno le le sa ntseng le dirisiwa ke Baikal, go dumelwa gore leina leno le kaya “Letsha le le Humileng” kgotsa “Lewatle.” Tota e bile, ka gonne letsha leno le le “legolo jaana e bile le nna le fetofetoga,” mo e leng gore fa batsamayakadikepe ba ya kwa go lone ka dinako dingwe ba re “ba ya kwa lewatleng.”

Go umakiwa ga letsha la Baikal go gopotsa batho ba kwa Russia dilo tse itumedisang thata. Moitsesaense mongwe wa kwa Moscow o le bitsa “mminonyana o monate o mongwe le mongwe a o ithutileng a sa ntse a le monnye.” Le na le “dinoto” tse dintsi—ke lotshitshi lo lo kgatlhang, metsi a a phepa ka tsela e e gakgamatsang, le mefutafuta ya ditshedi tse di sa tlwaelegang tse di sa bonweng gope fela mo lefatsheng.

Go tswa mo lefaufaung, Letsha la Baikal le lebega jaaka leitlho le le pududu le le butsweng go le gonnye fela, letsha leno le boleele jwa dikilometara tse 636 le bophara jwa dikilometara tse 80. Nngwe tlhanong ya metsi a a se nang letswai a mo lefatsheng a fitlhelwa mo letsheng leno, go feta Matsha a Magolo a matlhano a kwa Amerika Bokone a kopantswe! Letsha la Baikal le boteng jwa dimetara tse di fetang 1 600. Fa le ne le ka kgadisiwa ka tshoganyetso, go ne go tla tsaya metsi otlhe a a elelang a dinoka tsotlhe mo lefatsheng ngwaga otlhe gore di tlatse letsha leno gape!

Go Thulana ga Dikontinente

Ba ba ithutang ka lefatshe ba akanya gore bogologolo, karolo nngwe ya kontinente e ne ya sutela kwa bokone mme ya thulana le kontinente ya Asia. Seno se ne sa baka gore dikarolo tse dikgolo tsa maje a kafa tlase a gosomane mme seno sa dira gore boalo jwa lefatshe bo ye kwa godimo mme ga bopega dithaba tsa Himalaya. Bangwe ba dumela gore go thulana gono ga dikontinente go bakile gape diphatlha tse di boteng kwa Siberia. Nngwe ya diphatlha tseno jaanong e bidiwa Baikal Rift. Fa nako e ntse e ya, mmu o o gogotsweng o ne wa tswa mo dithabeng tseno mme wa tlatsa phatlha eno ka motlhaba o o fetang dikilometara di le supa. Metsi a ne a e tlatsa go fitlha kwa godimo go dira Letsha la Baikal. Jaanong go na le dinoka tse di fetang 300 le melatswana e e tshelang mo letsheng leno, mme ke e le nngwe fela e e tswang mo letsheng leno.

Go farologana le matsha a bogologolo, letsha la Baikal ga le a ka la tladiwa ke mmu o o gogotsweng kgotsa la nna ditsobotla. Baitsesaense ba dumela gore lebaka la seno ke gore maje a a ikadileng le boalo jwa lefatshe kwa tlase ga letsha a ntse a katogana le go atolosa phatlha eo. Ka jalo go na le gore letsha leno le tlale, tota e bile le ntse le nna boteng le go feta ngwaga le ngwaga! Maje ano a a sutang a dira gape  gore metsi a a molelo a a tswang kafa tlase a tsapogele kwa godimo jaaka dipilara.

Go Latlhela Bofofu mo Teng ga Letsha la Baikal

Bangwe ba fitlhetse go tshosa go tsamaya ka mokoro go kgabaganya Letsha la Baikal, ka ntlha ya gore o tla bo o bona dimetara tse 50 kwa tlase o lebile metsi a a phepa jaaka e kete o mo moweng! Mefuta mengwe ya ditshedinyana tse di nang le dikgapetla tse di bidiwang epischura di dira jaaka sefo e e sefang bolele le dibakateria tse di tletseng mo matsheng a mangwe a mantsi. Tse dingwe tse di di thusang mo tirong eno ya go phepafatsa ke mefuta mengwe e mmalwa ya di-crayfish e e jang maswe a a ka nnang a bola mo letsheng leno. Ka jalo, metsi a letsha leno a phepa jaana mo e leng gore mo dingwageng tse di masomeamabedi a a fetileng, go ile ga tsewa sampole ya metsi ano go a tlhatlhoba kwa laboratoring, mme a ne a kgotlelwa ke galase e a neng a tshetswe mo go yone!

Mo godimo ga gore metsi a letsha leno a bo le a phepa, gape a tletse okosejene ka tsela e e sa tlwaelegang. Matsha mangwe a felelwa ke okosejene mo botennyeng jo bo rileng, seno se pateletsa ditshedi tse di mo teng gore di ye kwa metsing a a seng boteng thata jalo. Le fa go ntse jalo, mo Letsheng la Baikal, metsi a a elelang go tswa kwa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe mo letsheng leno a isa okosejene kwa botennyeng jwa letsha a bo a tswakanya metsi ao. Ka ntlha ya seno, le karolo e e boteng thata ya letsha leno e nyeuma ka ditshedi.

Ditlhatsana tse di leng kafa tlase ga metsi di gola sentle mo metsing ano a a tsididi, le a a phepa. Ditshedi tsa mo metsing tsa di-sponge tse di anamang jaaka dikorale, di sireletsa ditshedinyana tse dintsi tsa mo metsing. Ditshedinyana tse dintsi tse di ratang bothitho di kgobokana mo metsing a a bothitho a a tswang mo letsheng leno. Go tswa mo mefuteng e e fetang 2 000 ya ditshedi tsa metsi tse di tshelang mo letsheng, ke tse 1 500 fela tse di fitlhelwang mo letsheng leno.

Letsha la Baikal le itsege thata ka omul, tlhapi e tshweu e e monate e e tseelwang kwa godimo thata ke batshwaraditlhapi. Ditshedi dingwe tsa mo letsheng leno ga di a tlwaelega, e bile di a tshosa. Mofuta mongwe wa seboko se se sephaphathi se se golang go feta disentimetara tse 30 gape se ja le ditlhapi. Gape go na le ditshedi dingwe tse di nang le sele e le nngwe tse di tshelang mo gare ga dikarolwana tsa motlhaba! Letsha leno le itsege gape ka golomyanka—e leng tlhapi  e e tlhomologileng mo letsheng la Baikal. Gongwe e bile ke tlhapi e e sa tlwaelegang go di gaisa tsotlhe fano.

Tlhapi e nnye eno ya golomyanka e a galalela, e bile e nna le mebala e e phatsimang. E nna kwa tlase ga letsha mme e tsala bana. Nngwetharong ya mmele wa yone ke mafura a a tletseng ka vitamin A. E kgona go itshokela kgatelelo e e maatla ya metsi kwa tlase mo botennyeng jwa dimetara tse 200 go ya go 450; le fa go ntse jalo, fa e ka nna mo letsatsing mmele wa yone o a gakologa go bo go sala marapo le mafura fela. Golomyanka ke sejo se se rategang thata sa setshedi sengwe se se itsegeng thata sa Letsha leno la Baikal—e leng lenyebi la mo Baikal. Lenyebi leno ke lone fela le le tshelang mo metsing a a se nang letswai.

Go Fetoga ga Dipaka

Mo e batlang e le dikgwedi tse tlhano mo ngwageng, Letsha la Baikal le nna le apesitswe ke aese. Go ela kwa mafelong a January aese eno e nna bokima jwa metara kgotsa go feta. E na le mela e e tshwanang le mekgabiso ya dikarolwana tse dinnye tse di mebalabala mme e bile e phatsima mo letsatsing jaaka galase. Gape aese eno e bonala e kete e tshesane—e bonala sentle jaana mo e leng gore batho ba ba tsamayang mo godimo ga yone ba kgona go bona maje kwa tlase ga letsha. Tota e bile aese eno e nonofile ka tsela e e gakgamatsang. Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, ka mariga a Ntwa ya Russia le Japane, masole a Russia a ne a aga seporo go kgabaganya aese mme a ne a kgona go tsamaisa matoroko a le 65 mo godimo ga aese eno!

Mo mafelong a April go ya go June, aese e simolola go thubega e phatloga ka modumo o mogolo. Modumo o o tswang mo letsheng o utlwala e kete ke “mmino wa aese” o o tlwaetsweng ke baagi ba lefelo leno. Moithutatlholego Gerald Durrell o ne a kwala gore aese e “dira modumo o o tsirimanyang jaaka tshipi e nnye ya simebala le jaaka dikatse tse di rorang.” Ka bonako fela fa go thutafala, phefo le makhubu a kgobokanyetsa mekoa ya aese kwa losing.

Fa metsi a a mo letsheng a simolola go bonala, dinonyane di simolola go tla gape. Dinonyane dingwe tsa mo Letsheng leno la Baikal, tse di jaaka dipper, di fetsa mariga otlhe di le fa godimo ga Noka ya Angara, e e leng yone fela karolo ya letsha e e sa nneng le aese.  Jaanong di tla bo di kopana le dinonyane tse dingwe tsa mo metsing tse di jaaka dipidipidi, magou ka mefutafuta ya one, le bokokolofute.

Baeti ba ba etelang letsha leno ka June ba tla bona le ditlhopha tsa di bera di ntse di tsamayatsamaya fa thoko ga metsi gore di tshware mae a dintsi a a thuthugang mo majeng. Dibera di gora ditshenekegi ka maleme a tsone, di sa tshwenngwe le ke modumo o o dirwang ke ditshenekegi tseno. Ke yone nako e diphologolo le dinonyane tse dintsi di yang kwa losing lwa letsha leno ka yone, di gogelwa ke dijo tse di tletseng mo letsheng.

Mo masimologong a dikgakologo le selemo, letsha leno le phophoma ka malele, a e leng dijo tsa makakaie a mannye mme e bile a dira gore metsi a lebege a le matala. Le fa go ntse jalo, gantsi metsi a Letsha la Baikal a matalatala, mme fa bogareng a boteng thata e bile a botala jo bo tseneletseng jaaka a lewatle.

Fa letsheng go na le dithota tsa motlhaba le mapawa a magolo. Mafelo a mantle a dikgogometso le mafatshe a a tsenang mo lewatleng a dira gore o nne le pono e e jesang kgake mo go se mokwadi mongwe a se biditseng “lefelo le le lebegang jaaka perela le le nnang le ntse le fetofetoga go ya ka bogolo jwa lone”—lefelo le le nnang le fetoga la metsi le loapi.

Moragonyana mo ngwageng, letsha leno le simolola go nna le ditsuatsue. Letlhabula le tlisa diphefo tse di maatla tse di jaaka kgwanyape tse ka dinako dingwe di fokelang mo letsheng leno. Ka bonako fela di ka fetlha metsi a a kokobetseng a letsha leno go nna makhubu a a tšhakgetseng a a ka fitlhang mo bogodimong jwa dimetara di le nnè go ya go di le thataro. Tota le ka dinako dingwe mo ngwageng, diphefo di ile tsa nwetsa dikepe tse dikgolo tse di pagamisang batho le tse di dirisiwang go tshwara ditlhapi.

Naga e e Nang le Dikarolo Tse Dintsi

Maemo a bosa a a maswe a kwa Siberia a ka dira gore Letsha leno la Baikal le lebege e kete ke lefelo le le tsididi, la bogolo jo bo boitshegang e bile le ikemetse le le nosi, mme tota boammaaruri ke gore letsha leno le dikologilwe ke diphologolo le dikarolo tse di farologaneng tsa naga e ntle. Dithaba tse dikgolo tse nnê tse di dikologileng letsha leno ke legae la dikgama tse di bidiwang reindeer le podi ya dithaba ya kwa Siberia e e leng mo kotsing ya go ka nyelediwa.

Kwa tlase ga letsha leno go na le dipoa. Dingwe tsa dipoa tseno tse di nang le bojang di ka nna tsa bidiwa go twe ke ditshingwana tsa Siberia tsa malomo ka ntlha ya mefutafuta ya malomo a naga a a fitlhelwang foo. Gareng ga mefuta ya dinonyane e e fitlhelwang mo dipoeng tseno go na le nonyane ya mogolodi e ntle le nonyane ya mofuta wa kgori, e e leng nonyane e kgolo thata go di feta kwa Asia.

Se se botlhokwa mo Letsheng leno la Baikal ke sekgwa sa teng, se se kitlaneng e bile se le setala ka dinako tsotlhe. Sekgwa sa pula sa kwa Brazil se tsena gabedi mo sekgweng seno sa kwa Siberia ka bogolo. Go tshwana le sekgwa sa kwa Brazil, sekgwa seno se na le seabe se se botlhokwa mo go direng gore maemo a tikologo le tlelaemete a nne a le mo seemong se se siameng. Go nna mefuta e e rileng ya dinonyane mo sekgweng seno, go akaretsa le mofuta wa lephoi le le bidiwang capercaillie, le e reng fa le bontsha lorato le fa le opela le bo le dira mathaithai a mantle. Pidipidi e ntle ya Baikal, e e leng mo tsebeng ya 17, le yone e fitlhelwa gantsi mo letsheng leno.

Seamusi sengwe se se itsegeng thata mo Baikal ke Barguzin e leng mofuta mongwe wa magogwe. E kile ya bo e tsomiwa thata ka ntlha ya boboa jwa yone mme le gale di boetse gape di a ata ka ntlha ya tlhokomelo ya batlhokomedi ba tlhago. Go ile ga agiwa Barguzin Nature Reserve ka 1916, fa losing lwa Letsha la Baikal e le maiteko a go sireletsa phologolo eno e ntle. Gone jaanong go na le mafelo a le mararo a diphologolo, dinonyane le dimela di sirelediwang mo go one a a fa thoko ga losi lwa letsha leno, a bapile le dirapa tsa diphologolo tse tharo tse batho ba ka yang kwa go tsone.

Go Tlhatlhanya ka Bogolo Jwa Popo

Letsha la Baikal ke lengwe la mafelo a a itlhaolang ka bontle jwa one a setheo sa UNESCO, e bile ke lefelo le le ratiwang ke bajanala. Go tla bajanala ba ba fetang 3 000 ngwaga le ngwaga go tswa mo lefatsheng ka bophara. Setlhogo sengwe se se malebana le go eta sa re, “Baikal ke lefelo le baithutatlholego ba ratang go tla mo go lone, gape ke lefelo le le siametseng go iketla. E re ka e na le mabopo a mantle, mafelo a a siametseng go palama dithaba, go leba dinonyane, le go tsamaya ka sekepe, Baikal e mo seemong se sentle sa go nna nngwe ya mafelo a a kgatlhisang thata kwa Asia.”

Letsha leno ke lefelo le le molemo la go tlhatlhanya ka botlhale jo bogolo jwa Modimo le ka popo ya gagwe e kgolo. Ke mang yo o ka bopang dilo tseno tse di tlhomologileng tsa tlholego tse di thusang gore go nne le botshelo mo letsheng leno fa e se Modimo? Fa o eme mo losing lwa letsha leno la Baikal, le wena o ka bua mafoko a a tshwanang le a mokwadi wa Baebele yo o neng a bolela jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!”—Baroma 11:33.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

LENYEBI LE LE TSHELANG FELA MO METSING A A PHEPA

Letsha la Baikal ke legae la manyebi a a diketekete a a jang ditlhapi tse di nnang mo metsing a a boteng a letsha leno. Ga go na ope yo o itseng gore go tlile jang gore manyebi ano a tle go tshela mo Siberia mme e seng gope mo lefatsheng. Tshika e e gaufi le one, e nna bokgakala jwa dikilometara tse 3 220.

Manyebi ano, a na le matlho a magolo a a bapileng, mo sefatlhegong se se sephaphathi, mme e bile ke manyebi a mannye thata mo lefatsheng, a dimetara tse 1,4 ka boleele. Gantsi a fitlhelwa a arametse letsatsi mo majeng a magolo a le ditlhopha tse di itumetseng, a sa lomane le go kgorometsana jaaka e le tlwaelo ya manyebi a mangwe. Ee tota, manyebi ano a ka tswa e le a a botsalano go gaisa mo lefatsheng.

Moitsethutotshelo mongwe o lemogile gore manyebi ano “a bonolo go feta tota le manyebi a go tweng ke di-ringed seal, ga a lome fa a tshwerwe ka matloa ke borasaense fa ba dira dipatlisiso.” Buka nngwe e tlhalosa gore bathumi ba ba thumang kafa tlase ga metsi ba ne ba thuma gaufi thata le manyebi a a neng a robetse mo metsing. Ba tlhalosa gore manyebi ano ga a ka a tsoga tota le fa ba ne ba a kgoma le fa ba a pitikolola.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dr. Konstantin Mikhailov/Naturfoto-Online

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

LEFELO LA BOTSHWARWA

Go tloga ka 1951 go ya go 1965, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba isiwa botshwarwa kwa kgaolong ya Letsha la Baikal, ka gonne ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone. Ka 1951, Praskovya Volosyanko o ne a isiwa kwa Olkhon, e leng setlhaketlhake se segolo go gaisa sa kwa Baikal. Ene le Basupi ba bangwe ba ba neng ba tshwerwe, ba ne ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi ka letloa. Le fa go ntse jalo, o ne a amega mo mofuteng mongwe wa tiro ya go “tshwara ditlhapi” ka go dirisa Baebele ya gagwe go bolelela baagi ba bantsi ba Olkhon dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.

Ka 1953, Praskovya le Basupi bangwe ba barataro ba ne ba golegwa ka ntlha ya tiro ya bone ya go rera, mme o ne a atlholelwa dingwaga tse 25 mo kgolegelong. Morago ga go gololwa o ne a ya go direla ka boikanyegi kwa phuthegong ya Usol’ye-Sibirskoye, e e mo kgaolong ya Irkutsk pele ga a tlhokafala ka 2005. Gone jaanong go na le mo e ka nnang diphuthego tse 30 tsa Basupi ba ga Jehofa tse di golang sentle kwa Baikal le mo toropong e e gaufi ya Irkutsk.

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

RUSSIA

Letsha la Baikal

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Letsha la Baikal le Dithaba tsa Sayan

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Eric Baccega/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Pidipidi ya kwa Baikal

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dr. Erhard Nerger/Naturfoto-Online

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dr. Konstantin Mikhailov/Naturfoto-Online

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

© Eric Baccega/age fotostock; Boyd Norton/Evergreen Photo Alliance