Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore Lelapa la Gago e Nne Lefelo le le Sireletsegileng

Dira Gore Lelapa la Gago e Nne Lefelo le le Sireletsegileng

“BA BA se nang lorato lwa tlholego.” Ka mafoko a a utlwisang botlhoko ao, Baebele e tlhalosa tsela e batho ba le bantsi ba motlha wa rona ba ntseng ka teng, mo nakong eno e go tweng ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1, 3, 4) Bothata jwa go sotliwa ga bana mo lelapeng bo neela bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore boporofeti joo bo boammaaruri. Tota e bile, lefoko la ntlhantlha la Segerika e leng aʹstor·gos le ka Setswana le ranolwang ka mafoko a a reng ‘ba se na lorato lwa tlholego,’ le akantsha go tlhaela ga lorato lo lo tshwanetseng la bo lo le teng mo gare ga maloko a lelapa, segolobogolo lorato lo lo fa gare ga batsadi le bana ba bone. * Mme gantsi lelapa ke lone lefelo le ngwana a sotliwang mo go lone.

Babatlisisi bangwe ba bolela gore bontsi jwa batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ke motsadi yo e leng monna. Ba losika ba bangwe ba banna le bone ba rata go sotla bana ka tlhakanelodikobo. Le fa gone batho ba ba tlhaselwang thata e le basetsana, basimane ba le bantsi le bone ba a sotliwa. Ga se gore basadi ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ga ba bantsi jaaka o ka tswa o akanya. Gongwe selo se gantsi se sa begiweng ke fa ngwana yo mmotlana a kgerisiwa kgotsa a sotliwa ka tlhakanelodikobo ke ngwana yo mogolwane kgotsa yo o nang le maatla go mo feta. Jaaka motsadi, ga go na pelaelo gore dilo tseno tsotlhe ke tse di ferosang sebete.

O ka dira jang gore go se ka ga nna le mathata a a ntseng jaaka ano mo lelapeng la gago? Tota mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse a ithuta botlhokwa jwa melaometheo e e thibelang boitshwaro jo bo ntseng jalo jwa go sotla bana. Lefelo le le molemolemo le o ka bonang kaelo e e ntseng jalo ke mo Lefokong la Modimo e leng Baebele.

Molao wa Modimo le Dikamano Tsa Batho

Gore lelapa e nne lefelo le le sireletsegileng, lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse go amogela melao ya Baebele ya boitsholo. Baebele ga e potapote fa e bua ka tlhakanelodikobo. E a tlhamalala mme le fa go ntse jalo e bua ka tsela e e nang le seriti. E bontsha gore Modimo o dirile gore kamano ya tlhakanelodikobo fa gare ga banyalani e nne mpho ya mmatota. (Diane 5:15-20) Le fa go ntse jalo, e kgala kamano ya tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang. Ka sekai, Baebele e kgala ka tlhamalalo go tlhakanela  dikobo le wa losika. Mo go Lefitiko kgaolo 18, go ilediwa dikamano tse di farologaneng tsa go tlhakanela dikobo le ba losika. Ela tlhoko thata mafoko ano: “Ope wa lona a se ka a atamela ope yo o gaufi le ene ka losika ka go bipolola bosaikategang [go tlhakanela dikobo le ene]. Ke nna Jehofa.”—Lefitiko 18:6.

Jehofa o ne a umaka go tlhakanela dikobo le wa losika e le nngwe ya “dilo tse di makgapha” tse motho a tla otlhaiwang ka loso ka ntlha ya tsone. (Lefitiko 18:26, 29) Go bonala sentle gore Mmopi o na le melao e e kwa godimo malebana le kgang eno. Gompieno, mebuso e le mentsi le yone e ikutlwa jalo, mme e tlhomile melao e e thibelang go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo mo lelapeng. Gantsi, go ya ka molao, fa ngwana a sotliwa ka tlhakanelodikobo ke motho yo mogolo go kaya gore o beteletswe. Ke ka ntlha yang fa go dirisiwa lefoko le le bogale jaana fa e le gore ga go a dirisiwa dikgoka?

Mebuso e mentsi e simolotse go lemoga se Baebele e sa bolong go se bua ka bana—gore ga ba kgone go akanya jaaka bagolo. Ka sekai, Diane 22:15 ya re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” Mme moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke . . . akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.”—1 Bakorintha 13:11.

Ngwana ga a kgone go tlhaloganya ka botlalo ditiro tsa tlhakanelodikobo, e bile ga a kgone le go akanyetsa gore ditlamorago e tla nna dife fa dingwaga di  ntse di tsamaya. Ka jalo, batho ba le bantsi ba dumela gore bana ga ba itse se ba se dirang fa ba dumela tlhakanelodikobo. Ka mafoko a mangwe, fa mogolo (kgotsa mosha yo mogolwane mo go ene) a tlhakanela dikobo le ngwana, motho yo mogolo a ka se ka a dira seipato sa gore ngwana ga a ka a gana kgotsa gore ngwana o ne a batla go go dira. Motho yo mogolo yoo o na le molato wa go betelela. Seno ke molato o motho a o otlhaelwang ka go ya kgolegelong. Molato wa go betelela ke wa motho yo o betelelang e seng wa motho yo o tlhasetsweng.

Ka maswabi, bontsi jwa batho ba ba dirang tlolomolao e e ntseng jalo gompieno ga ba otlhaiwe. Ka sekai, kwa Australia, go ile ga fopholediwa gore diperesente di le 10 fela tsa batho ba ba molato ba ba bonwang molato mme ke ba le mmalwa fela ba ba otlhaiwang. Dinaga tse dingwe le tsone di nnile le dipego tse di tshwanang. Le fa gone go le thata gore mebuso e sireletse lelapa la Mokeresete, go dirisa melaometheo ya Baebele go ka thusa thata.

Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore Modimo yo o ileng a dira gore melaometheo eo e kwalwe mo Lefokong la gagwe ga a fetoga. O bona sengwe le sengwe se re se dirang, tota le dilo tse batho ba le bantsi ba sa kgoneng go di bona. Baebele ya re: “Dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.”—Bahebera 4:13.

Modimo o re bona molato fa re tlola melao ya gagwe mme re utlwisa batho ba bangwe botlhoko. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o a re segofatsa fa re latela melao ya gagwe e e siameng malebana le botshelo jwa lelapa. Mengwe ya yone ke eng?

Lelapa le le Utlwanang ka Lorato

Baebele e re bolelela gore, “lorato ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Jaaka fa go tlhalositswe mo Baebeleng, lorato ga se boikutlo fela jo motho a nnang le jone. Lo bonala ka tsela e lo tlhotlheletsang motho ka yone—lo tlhotlheletsa boitsholo jwa motho mme lo thibela motho go dira dilo tse di rileng. (1 Bakorintha 13:4-8) Mo lelapeng, go bontsha lorato go raya go naya leloko lengwe le lengwe la lelapa seriti, go le bontsha tlotlo le bopelonomi. Go raya go leba leloko lengwe le lengwe jaaka Modimo a le leba. Modimo o naya mongwe le mongwe mo lelapeng seabe se se tlotlegang le se se botlhokwa.

Rre jaaka tlhogo ya lelapa, ke ene a tshwanetseng go tlhoma sekao sa go bontsha lorato. O tlhaloganya gore jaaka rre wa Mokeresete, ga a na tetla ya go nna mogateledi, go dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa tshwanelang mo mosading wa gagwe le mo baneng ba gagwe. Go na le moo, o latela sekao sa ga Keresete sa botlhogo. (Baefeso 5:23, 25) Ka jalo o tshwara mosadi wa gagwe ka bonolo le ka lorato mme o pelotelele e bile o pelonomi mo baneng ba gagwe. O ba sireletsa ka dinako tsotlhe mme o dira sotlhe se a ka se kgonang go dira gore go se ka ga nna le sepe se se ba amogang kagiso ya bone, go tlhoka molato ga bone, boikutlo jwa go ikanya batho le tshireletsego ya bone.

Ka mo go tshwanang, mosadi yo o nyetsweng jaaka mmè o na le seabe se se botlhokwa le se se nang le seriti. Baebele e dirisa maikutlo a tlholego a go sireletsa bana a bommè a diphologolo di nang le one go bontsha kafa Jehofa le Jesu ba kgonang go sireletsa batho ka gone. (Mathaio 23:37) Mmè le ene o tshwanetse go sireletsa bana ba gagwe ka tsela nngwe le nngwe e a ka e kgonang. Ka go bontsha lorato, ga a etsaetsege go tlhomamisa gore bana ba gagwe ba sireletsegile thata go na le kafa ene a sireletsegileng ka teng. Batsadi ga ba letle gore maatla a dirisiwe ka tsela e e sa tshwanelang, go kgerisana kgotsa go tshosetsa motsadi yo mongwe e bile ga ba kitla ba dira jalo mo baneng ba bone; mme ga ba letle bana ba bone ka bobone go dirisa mekgwa e e ntseng jalo gare ga bone.

Fa leloko lengwe le lengwe la lelapa le tshwara ba bangwe ka tlotlo le ka tsela ya seriti, go tla nna le puisano e e molemo. Mokwadi mongwe e bong William Prendergast o bolela jaana: “Batsadi botlhe ba tshwanetse go buisana le bana ba bone letsatsi le letsatsi, ka metlha le ka tsela e e lorato.” O oketsa jaana: “Go bonala seno e le tsela e e molemolemo ya go rarabolola bothata jwa go sotla bana ka tlhakanelodikobo.” Ee, Baebele e kgothaletsa puisano e e ntseng jalo ya ka metlha le e e lorato. (Duteronome 6:6, 7) Fa lelapa le dirisa kaelo eno, legae e nna lefelo le mongwe le mongwe mo lelapeng a ka kgonang go bua a gololesegile e bile a sa boife mo go lone.

Gone ke boammaaruri gore re tshela mo lefatsheng le le boikepo mme go ka se kgonege gore go sotliwa gotlhe ga bana mo thibelwe. Le fa go ntse jalo, go nna le lelapa le le sireletsegileng go ka thusa thata. Fa leloko lengwe la lelapa le utlwisitswe botlhoko ka kwa ntle ga lelapa, o tla itse sentle gore a ka ya kae go bona kgomotso le kutlwelobotlhoko. Lelapa le le ntseng jalo ke botshabelo, lefelo le le sireletsegileng mo lefatsheng leno la mathata. E kete Modimo a ka segofatsa maiteko a lo a dirang a go nna le lelapa le le ntseng jalo!

^ ser. 2 Lefoko leno la Segerika le ile la tlhalosiwa e le go nna “setlhogo mo go ba losika.” Thanolo nngwe ya Baebele e ranola temana eno ka gore: “Ba . . . tla bo ba sa rate ba malapa a bone ka tsela e e tlwaelegileng.”