Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maungo a a Monate A a Sa Duelelweng a Sekgwa

Maungo a a Monate A a Sa Duelelweng a Sekgwa

 Maungo a a Monate A a Sa Duelelweng a Sekgwa

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

KWA dinageng tsa Scandinavia kwa Yuropa, malapa a le mantsi a rata go ya kwa sekgweng go ya go kgetla meretlwa ya naga. Ka sekai, kwa Finland, batho ba ba ratang go ya kwa sekgweng ba na le tetla, e e letlelelang mongwe le mongwe go itsamaela ka kgololesego mo sekgweng—tota le fa e le setsha sa mongwe—fa fela ba sa senye sepe kgotsa go atamela thata mo matlong a batho. Tetla ya gore mongwe le mongwe a ka itsamaela mo a batlang teng ga se molao o o kwadilweng mme ke ngwao ya bogologolo ya Ba-Scandinavia. O letlelela motho go kgetla malomo a naga, di-mushroom le meretlwa gongwe le gongwe fela kwa di melang teng.

Finland e na le mo e ka nnang mefuta e le 50 e e farologaneng ya meretlwa ya naga, e bontsi jwa yone e ka jewang. Mefuta e meraro ya meretlwa e e tlwaelegileng thata ke moretlwa wa bilberry, cloudberry le di-lingonberry. *—Bona lebokoso le le fa tlase.

Meretlwa ya mebala e e farologaneng le meutlwalo e e farologaneng e natetsha dijo e bile e na le dikotla. Buka ya Luonnonmarjaopas (Kaelo ya go Itse Meretlwa ya Naga) e bolela jaana: “Meretlwa ya kwa dinageng tsa Scandinavia e e golang mo diureng tse di telele tsa nako ya selemo, e na le mebala e e tseneletseng le monko o o monate mme e bile di na le diminerale le dibitamene di le dintsi.” Mo godimo ga moo, meretlwa e na le faeba e e thusang gore selekanyo sa sukiri e e mo mading e se ka ya fetofetoga e bile e fokotsa selekanyo sa kholeseterole. Meretlwa e na le metswako ya flavones le phenol tse go dumelwang gore e thusa motho go nna le botsogo jo bo siameng.

A go kgetla meretlwa kwa sekgweng go na le mosola mongwe? Jukka mongwe yo o kgetlang meretlwa ka metlha a re: “Go thusa thata mo ditshenyegelong ka gonne meretlwa e ja madi a mantsi kwa mabenkeleng. Mme fa o ikgetlela o a itse gore e foreshe.” Mosadi wa gagwe e bong Niina o tlhalosa melemo e mengwe ya gone jaana: “Fa re ya go kgetla moretlwa, go re naya tshono ya go nna le pikiniki e e monate kwa sekgweng.”

Niina o oketsa jaana: “Mme fa go na le bana ba ba tsamayang le wena, go botlhokwa gore o nne o ba tlhokometse ka kelotlhoko gore ba se ka ba ja meretlwa e e sa tlwaelegang kgotsa go timela.” O tlhoka go nna kelotlhoko ka gonne meretlwa mengwe e botlhole.

Jaaka bontsi jwa batho ba kwa dinageng tsa Scandinavia, Jukka le Niina ba rata thata tikologo ya sekgwa. Niina a re:  “Ke rata sekgwa, ke lefelo le le monate le le ritibetseng, le le phepa le go nnang le moya o o phepa gone. Le lapolosa mogopolo wa me. Mme gape bana ba a itumela fa ba le koo.” Jukka le Niina ba ile ba lemoga gore tidimalo ya sekgwa ke lefelo le le siameng la go tlhatlhanya le go nna le metlotlo ya lelapa.

Meretlwa e monate thata e bile e na le dikotla thata fa e le foreshe e sa tswa go kgetlwa. Mme meretlwa e e foreshe ga e nne e le foreshe nako e telele. Gore motho a kgone go itumelela meretlwa ka mariga, e tshwanetse ya bolokiwa gore e se ka ya senyega. Mo nakong e e fetileng batho ba ne ba boloka meretlwa mo teng ga selara, mme gone jaanong di bolokiwa mo teng ga forisara. Meretlwa e mentsi e dirisediwa go dira jeme le jusi.

Mokwadi mongwe wa kwa Sweden mo bukeng ya Svenska Bärboken (Buka ya Moretlwa ya Kwa Sweden) a re: “A bo go itumedisa jang ne fa ka nako ya mariga a a tsididi motho a bo a ntsha mabotlolo ale a jeme a a neng a bolokilwe ka nako ya selemo, di dira gore motho a eletse gore selemo se tle.” Meretlwa e dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka nako ya sefitlholo di monate fa o di jela ka yokate, granola, kgotsa ka motogo. Meretlwa e e kgetliwang kwa sekgweng e dirisediwa go dira phuding e e monate le dikuku. Setshwaiso kgotsa jeli e e dirilweng ka meretlwa ke sengwe se se ka jewang le dijo tse di farologaneng.

Batho ba le bantsi ba reka meretlwa mo mabenkeleng. Mme akanya fela o le mo sekgweng ka letsatsi le le monate, o hema moya o o phepa mme o itumelela kagiso le tidimalo fa o ntse o batla meretlwa e e botshe e e nang le mebala e e galolang. Eno ruri ke tsela e e monate ya go bona dijo tse di monate tsa mahala! Seno se re gakolola mafoko ano a mopesalema: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Mo setlhogong seno, re dirisa lefoko “moretlwa” ka tsela e le tlwaetsweng go tlhaloganngwa ka yone, le kaya maungo a mannye a a sukiri a a nang le dithapo. Mme go ya ka thutodimela lefoko “moretlwa” le kaya fela maungo a a boleta a gantsi a nang le dithapo tse dintsi. Go ya ka tlhaloso eno, dipanana le ditamati le tsone ke meretlwa.

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

BILBERRY (Vaccinium myrtillus)

Moretlwa ono o o botshe o o itsegeng thata o bidiwa gape go twe ke whortleberry. Gantsi go dirwa setshwaiso, phuding, jeme kgotsa jusi ka di-bilberry. Mme gape di dirisiwa mo dikukung di le dintsi tse di jaaka phaye ya di-bilberry. Meretlwa e e foreshe e monate thata ka mashi. Le fa go ntse jalo, o se ka wa leka go ja di-bilberry tse di monate tseno mo sephiring, ka gonne di-bilberry di dira gore molomo le dipounama tsa motho di nne pududu. E bidiwa gape go twe ke gossip berry (moretlwa o o sebang).

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

CLOUDBERRY (Rubus chamaemorus)

Moretlwa ono o gola thata mo mafelong a a kgakala a a jaaka ditsobotla. Kwa Finland o tlwaelegile thata kwa ntlheng ya bokone. Cloudberry e e tletseng ka dibitamene tsa A le C e na le matute e bile e na le dikotla. E na le bitamene C e e menaganeng ka makgetlho a le mararo kgotsa a le manè go gaisa namune. Di-cloudberry di tsewa di le tlhwatlhwakgolo mo e leng gore ka dinako tse dingwe go twe ke gouta ya ditsobotla. Meretlwa e e botshe eno e oketsa monate wa diphuding tse di farologaneng mme gape go ka dirwa senō sengwe se se monate sa bojalwa jo bo tlhakantsweng le sukiri.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Reijo Juurinen/Kuvaliiteri

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

LINGONBERRY (Vaccinium vitis-idaea)

Moretlwa ono, o amana thata le o o bidiwang cranberry, o tumile thata kwa Finland le kwa Sweden. Setshwaiso sa lingonberry kgotsa jeli ya teng e nna sengwe se se monate se go ka jelwang dilo tse dingwe ka sone. Moretlwa o o nang le mmala o o bohibidu jo bo tseneletseng o dirisiwa gape go dira sopo, phuding, jusi le dikuku. Di- lingonberry ga di senyege ka bonako, ka gonne di na le asiti ya tlholego e e thusang gore di se ka tsa senyega. Esiti e ntsi e e leng mo go yone e dira gore e nne le moutlwalo o o bogale o go ka nnang ga go tsaya nako gore o o tlwaele.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Ga go Monate ka Metlha!

Go kgetla meretlwa e ka nna selo se se monate le se se itumedisang. * Mme ga go motlhofo ka metlha. Pasi le Tuire ke banyalani ba kwa Lapland ba ba kgetlang meretlwa go e dirisa mo lelapeng le go e rekisa. Ka dinako tse dingwe fa ba kgetla meretlwa, ba farafariwa ke lesogodi la ditshenekegi tse di tenang tse di jaaka mentsana le diboba. Tuire o bua a sisimoga mmele a re: “Di tena tota. Ka gonne di tsena mo molomong le mo matlhong.” Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore o ka kgona go itshireletsa ka go apara diaparo tse di tshwanetseng le go dirisa dibolayaditshenekegi.

Go tsamaya mo kgaolo e kgolo ya sekgwa le gone go ka nna boima—segolobogolo fa o tsamaya mo lefelong la ditsobotla. Mmu o o lebegang o le thata e ka tswa e le seretse se motho a ka nwelang mo go sone. Mme gape go ya ka Pasi le Tuire, go kgetla meretlwa ka boyone e ka nna tiro e e lapisang. Go nna o khubame ka diura di le dintsi go ka gobatsa mokwatla le maoto a gago.

Go bona meretlwa le gone ga go motlhofo. Pasi a re: “Go tlhokega bopelotelele go nna o ntse o batla lefelo le le siameng la meretlwa.” Tuire o oketsa jaana: “Gantsi go batlana le lefelo le le siameng go re lapisa thata go feta go kgetla meretlwa ka boyone.” Go phepafatsa meretlwa morago ga go e kgetla le gone ke tiro e e oketsegileng.

Ka ntlha ya dikgwetlho tseno, bangwe ba na le go tlogela meretlwa eno gore e jewe ke diphologolo tsa naga. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang go kgetla meretlwa ba ba jaaka Pasi le Tuire, ba tswelela pele ngwaga le ngwaga ba ralala dikgwa le ditsobotla. Mo go bone monate wa go kgetla meretlwa ya sekgwa o feta thata matsapa a a nnang teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 27 Ga se meretlwa yotlhe e e jewang ke batho. Mefuta mengwe ya yone e botlhole. Pele ga o simolola go kgetla meretlwa ya sekgwa, ithute go itse gore ke efe e e jewang.