Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go ya Go Iketla Kwa Vanuatu

Go ya Go Iketla Kwa Vanuatu

 Go ya Go Iketla Kwa Vanuatu

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NEW CALEDONIA

A o ikutlwa o gateletswe mo maikutlong? A o tlhoka go intsha? Akanya o iketlile mo letsatsing le le bothito la setlhaketlhake sa boboatsatsi. Akanya o thuma mo metsing a botala jo bo sa tsenelelang, o ntse o tsamayatsamaya mo gare ga dikgwa tse ditala tsa pula kgotsa o kopana le merafe e e farologaneng ya koo. A go sa ntse go na le paradaise e e ntseng jalo mo lefatsheng gompieno? Ee! Mo setlhaketlhakeng se se kgakala sa Vanuatu.

E KA tswa e le golo gongwe magareng ga Australia le Fiji, Vanuatu ke setlhaketlhake se se bopegile jaaka tlhaka ya Y mme se dirwa ke mokoloko wa ditlhaketlhake tse dinnye di ka nna 80 kafa borwabophirima jwa Pacific. Go ya ka baithutajioloji, dipoleite tse di ikadileng le boalo jwa lefatshe di ne tsa thulana fano mme tsa bopa dithaba tse di kwa godimo tse gantsi di leng kafa tlase ga metsi. Thaba e kgolo go di feta tsotlhe e ne ya golela kwa godimo ga lewatle, mme ya bopa setlhaketlhake se se dithaba tse di motopo tsa Vanuatu. Gompieno, go suta ga poleiti e Vanuatu e leng mo go yone go dira gore go nne le go roroma go gonnye ga lefatshe mme seno se bake makgwamolelo a a thunyang a le robongwe. Bajanala ba ba pelokgale ba ka nna ba lebelela seretse se se molelo sa lekgwamolelo ba le gaufi le sone.

Dikgwa tsa pula tse di golang sentle e bile di le ditala di tletsetletse mo ditlhaketlhakeng tseno. Seno se bonala sentle mo setlhareng se se boitshegang sa banyan se matlhare a sone a kgonang go fitlha mo dikgaolong tse dintsi. Mefuta e e fetang 150 ya dithunya tsa orchid le mefuta e 250 ya ditlhare tsa fern e apesitse naga eno. Mabopo a a mantle le mafika a magolo a a makgawekgawe a bapile le metsi a a phepa a a nang le ditlhapi tse dintle tsa mebalabala le dikorale. Bajanala ba ba ratang tlhago ba ba tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba tla go thuma le di-dugong tse di ratang go tshameka mo Setlhaketlhakeng sa Epi. *

Bajabatho le Makoko a Bodumedi a a Gapang Dithoto

Baribolodi ba kwa Yuropa ba ne ba goroga lekgetlho la ntlha mo Vanuatu ka 1606. * Merafe e e boifisang e ne e agile mo setlhaketlhakeng seno, mme go ja batho go ne go tletsetletse. Ka nako eo, dikgwa tsa mosantalane, e leng legong le le tseelwang kwa godimo thata kwa Asia, le ne le apesitse naga eno. E re ka ba ne ba lemoga gore ba ka dira madi a mantsi, bagwebi ba kwa Yuropa ba ne ba simolola go rema ditlhare tseno. Morago ga moo ba ne ba simolola go gapa baagi ba lefelo leno.

Mokgwa ono wa go gapa batho e ne e le gore batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seno ba bereke mo dipolantasing tsa sukiri le katune kwa Samoa, Fiji, le Australia. Ka kgopolo ya gore badiri bano ba dumelane go tla go dira mo dipolantasing tseno ka dingwaga di le tharo. Tota boammaaruri ke gore, bontsi jwa bone ba ne ba gapilwe ka dikgoka. Fa kgwebo e fitlha kwa setlhoeng sa yone, kwa mafelong a dingwaga tsa bo1800, palo e e fetang halofo ya banna ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng dingwe tsa Vanuatu e ne e dira kwa dinageng tse di kwa moseja. Bontsi jwa bone ga bo a ka jwa boa. Palo e e batlang e tshwara 10 000 ya baagi ba Setlhaketlhake sa Phasifiki e ne ya swela kwa Australia, bontsi jwa bone bo ne jwa bolawa ke malwetse.

Malwetse a kwa Yuropa a ne gape a baka tshenyo e e seng kana ka sepe mo ditlhaketlhakeng tsa Vanuatu. Baagi ba ditlhaketlhake tseno ba ne ba sa kgone go itshireletsa mo malwetseng a a tshwanang le mmokwane, kholera, sekgwaripana, le malwetse a mangwe.  Buka nngwe e bolela jaana: “Mofikela o o tlwaelegileng o ne o bonala o tla ganyaola batho ba ditlhaketlhake tseno.”

Barongwa ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba goroga mo Vanuatu ka 1839 mme ka bonako fela ba ne ba fetoga dijo—go bolelwa fa ba ile ba jewa. Bontsi jwa bao ba neng ba ba latela le bone ba ne ba fetoga mojo wa manong. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya dikereke tsa Porotesetanta le Katoliki di ne tsa simolola go tlala mo ditlhaketlhakeng tseno. Gompieno batho ba ba fetang 80 ba Vanuatu ba ipolela fa ba le maloko a kereke nngwe. Le fa go ntse jalo, mokwadi Paul Raffaele o tshwaela jaana: “Baagi ba le bantsi ba sa ntse ba tlotla baloi ba mo motseng, ba ba dirisang matlapana a a nang le meya a boselamose a a ka kgonang go dira gore motho mongwe a go rate, a dira gore kolobe e none, kgotsa go bolaya mmaba.”

Mme gape Vanuatu ke nngwe ya mafelo a a nang le makoko a bodumedi a maatla a a gapang batho. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, halofo ya milione ya masole a United States a ne a kgabaganya Vanuatu go ya kwa ntweng kwa Pasifike. Batho ba setlhaketlhake seno ba ne ba itumelela go bona dithoto tse dintsi, tse masole ano a tlileng le tsone. Fa ntwa e sena go fela, Baamerika ba ne ba simolola go phutha dilo tsa bone mme ba tsamaya. Dilwana le didirisiwa tse di neng di setse tse di ka jang dimilione tsa diranta di ne tsa latlhelwa mo lewatleng. Ditlhopha tsa bodumedi, tse di neng di bidiwa makoko a bodumedi a a gapang dithoto, a ne a aga boemakepe le boemadifofane ba bo ba epa mosima ka didirisiwa tsa masole tse e seng tsa mmatota go ngoka baeti gore ba boe. Tota le gompieno, makgolokgolo a baagi ba Setlhaketlhake sa Tanna ba sa ntse ba rapela John Frum—“Mesia wa kwa Amerika yo e keteng sepoko,” yo ba akanyang gore letsatsi lengwe o tla boa a ba tlisetse dikhumo tse dintsi.

Go Farologana ga Ditso

Dipuo le dingwao tsa setšhaba seno se se nnang mo setlhaketlhakeng seno di farologane gotlhelele. Buka nngwe ya tshedimosetso ya re: “Vanuatu e na le palo e kgolo thata ya dipuo tse di farologaneng go feta dinaga tsotlhe mo lefatsheng.” Bobotlana go na le mo e ka nnang dipuo di le 105 le maleme a le mmalwa a a buiwang go ralala ditlhaketlhake tseno. Se-Bislama—e leng puo e e dirisiwang ke batho botlhe—Seesemane, Sefora tsotlhe tseno ke dipuo tsa semmuso.

Le fa go ntse jalo, go ralala ditlhaketlhake tseno, go na le sengwe se se sa fetogeng: Meetlo e e laolang matshelo a batho ka botlalo. Mo moletlong wa lotsalo wa bogologolo kwa Setlhaketlhakeng sa Pentecost lefatshe lotlhe le ne le tlhotlhelediwa go dira bungee jumping. Ngwaga le ngwaga ka nako ya thobo ya yam, banna le basimane ba ne ba tlola go tswa mo ditoreng tse di dirilweng ka logong tsa bogodimo jwa dimetara di le 20 go ya go 30. Dikala tsa morara ke tsone fela tse di neng di bofelelwa mo mangwejaneng a bone gore ba se ke ba swa. Ka go kgoma lefatshe ka ditlhogo, batho bano ba ba itatlhelang fa fatshe ba solofela gore ba tla dira gore dijalo tsa ngwaga o o tlang di “ungwe thata.”

Kwa Setlhaketlhakeng sa Malekula, ke gone jaanong mo dingwageng tsa bosheng jaana batho ba koo ba simololang go amogela batho ba dinaga di sele. Go na le merafe ya Big Nambas le Small Nambas mo setlhaketlhakeng seno. Batho bano ba ba kileng ba bo ba le bajabatho go begiwa gore ba jele motho wa bofelo ka 1974. Ka mo go tshwanang, ngwao ya bone ya go bofa masea a basimane ditlhogo go di dira “dintle” gore di nne motopo le gone go ne ga fela mo dingwageng tse di fetileng. Gompieno morafe wa Nambas o botsalano thata e bile ba itumelela go tlotlela baeti ka setso sa bone.

Batho mo Paradaiseng

Batho ba le bantsi ba etela Vanuatu e le go ya go iketla malatsinyana koo. Mme Basupi ba ga Jehofa bone ba gorogile koo dingwaga di ka nna 70 tse di fetileng go thusa batho ba koo ka dilo tsa semoya. Maiteko a Basupi ba ga Jehofa mo ‘karolong eno e e kgakalakgakala ya lefatshe’ a nnile le matswela a a molemo. (Ditiro 1:8) (Bona lebokoso “O ne A Tshwakgotswe ke Kava Morago a Nna Mokeresete.”) Ka 2006 diphuthego di le tlhano tsa Basupi ba ga Jehofa mo nageng eno di dirisitse diura tse di fetang 80 000 di bolelela batho ka molaetsa wa Baebele wa lefatshe la paradaise le le tlang. Se se itumedisang ke gore, paradaise e e tlang eo e tlile go fedisa dikgatelelo le matshwenyego a botshelo jwa gompieno!—Tshenolo 21:4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Di-dugong ke diamusi tse di jang tlhaga tse di golang go fitlha go dimetara tse 3,4 ka boleele e bile bokete jwa tsone bo feta dikilogerama tse 400.

^ ser. 7 Vanuatu e ne e bidiwa New Hebrides pele ga e bona boipuso ka 1980.

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 17]

SETLHAKETLHAKE SE SE ITUMETSENG

Ka 2006, Vanuatu e ne e le kwa godimo mo Lenaaneng la Dinaga Tse di Nnang le Matswela go Gaisa. Lenaane leno le le ntshitsweng ke New Economics Foundation, mokgatlho o o batlisisang ka go tshela ga batho wa kwa Boritane, o ne wa batlisisa dinaga di le 178 go bona gore a batho ba teng ba itumetse, ba tshela lobaka lo lo kae, le gore ba tshola tikologo ya bone jang. “[Vanuatu] e ne e le yone e e kwa godimo mo lenaaneng ka gonne batho ba koo ba itumetse, ba tshela go fitlha mo e ka nnang dingwaga di le 70 mme e bile ga ba senye polanete,” go bega jalo lokwalodikgang lwa Vanuatu Daily Post.

[Setshwantsho]

Seaparo sa setso

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Kirklandphotos.com

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 17]

O NE A TSHWAKGOTSWE KE KAVA MORAGO A NNA MOKERESETE

Willie, yo o tsholetsweng mo Setlhaketlhakeng sa Pentecost, o ne a nwa kava mo go maswe go tloga fela fa a ne a le mosha go ya pele. Senó se se bogale seno se dirwa ka medi e e sitsweng ya setlhatsana sa pepere. Maitseboa mangwe le mangwe o tla a thethesela a tswa kwa bareng e go rekisiwang kava kwa go yone a ya gae. Dikoloto tsa gagwe di ne tsa nna dintsi. Gantsi o ne a nna dikgoka mme a bo a itaya mosadi wa gagwe e bong Ida. Mongwe wa badiri le ene yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a mo rotloeletsa go ithuta Baebele. Willie o ne a dumela go ithuta Baebele. Ida o ne a le kgatlhanong le seno kwa tshimologong. Mme e ne ya re fa a bona boitshwaro jwa monna wa gagwe bo tokafala, Ida o ne a fetola mogopolo wa gagwe mme le ene a simolola go ithuta Baebele. Bobedi jwa bone ba ne ba gatela pele sentle semoyeng. Fa nako e ntse e ya, Willie o ne a fenya bothata jwa gagwe. Mme a kolobediwa le Ida ka 1999 ya nna Basupi ba ga Jehofa.

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

NEW ZEALAND

AUSTRALIA

LEWATLE LA PHASIFIKI

FIJI

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Batho ba ba tshamekang motshameko o o kotsi thata wa go itatlhela fa fatshe ba go tsaya e le karolo ya moletlo wa bone wa lotsalo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Kirklandphotos.com

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

© Kirklandphotos.com

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

© Kirklandphotos.com

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

© Kirklandphotos.com