Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikago Tsa Kolobetso—Bosupi jo bo Didimetseng Jwa Mokgwa o o Tlogetsweng

Dikago Tsa Kolobetso—Bosupi jo bo Didimetseng Jwa Mokgwa o o Tlogetsweng

 Dikago Tsa Kolobetso—Bosupi jo bo Didimetseng Jwa Mokgwa o o Tlogetsweng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FORA

SETLHOGO se segolo sa lokwalodikgang lwa kwa Fora ka 2001 se ne se balega jaana: “O kolobeditswe ka go Iniwa mo metsing mo Kerekeng e kgolo.” Le fa go ntse jalo, setshwantsho se se gatisitsweng fa thoko ga setlhogo seo se ne se bontsha motho yo o sokologetseng mo Bokatoliking a eme mo letamong le legolo la metsi a a neng a mo fitlha mo mangoleng le mobishopo wa Katoliki a ntse a tshela mosokologi ka metsi mo tlhogong. Tiragalo eno, e e dirwang kgapetsakgapetsa mo mafelong a le mantsi go ralala lefatshe, e bontsha tlwaelo mo Kerekeng ya Katoliki e fa e sa le ka Lekgotla la Bobedi la Vatican e neng e latelelwa ka go kolobetsa basokologi ka go ba ina go sekae fela mo metsing. Mme go tsoga dipotso tseno: Le fa Bakatoliki ba bantsi ba kolobeditswe e le masea ka go kgatshiwa ka marothodi a metsi mo phatleng, ke mokgwa ofe o o tsamaisanang le o Johane Mokolobetsi le baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba o tlhoma wa go kolobetsa? Bakeresete ba tshwanetse go kolobediwa jang gompieno? Hisitori ya dikago tse go neng go kolobediwa batho mo go tsone e tla re thusa go araba dipotso tseo. *

Tshimologo le Bokao Jwa Kolobetso

Kwa tshimologong, Bakeresete ba ne ba kolobediwa ka go inwa gotlhelele mo metsing. Pego ya Baebele ya modiredimogolo wa Moethiopia yo o neng a kolobediwa ke Filipo e re thusa go tlhaloganya ntlha eno. Morago ga go ithuta ka ga Keresete, modiredimogolo yono o ne a bolela jaana fa a bona bodiba jwa metsi: “Ke eng se se nthibelang go nwediwa mo metsing?” (Ditiro 8:26-39, The Emphatic Diaglott) Fano modi wa lefoko la Segerika le le rayang “go nwediwa” ke lefoko ba·ptiʹzo, le lefoko la Seesemane “baptize”—le tserweng mo go lone le le kayang “go thabuela,” “go inwa.” Seno se kaya go nwediwa gotlhelele. Lebaka la gore kolobetso e tshwantshiwa le go fitlhiwa e gatelela seno. (Baroma 6:4; Bakolosa 2:12) Se se kgatlhang ke gore baranodi ba le mmalwa ba Baebele ba Bafora (ka sekai, Chouraqui le Pernot) ba bitsa Johane Mokolobetsi ba re ke Johane Moini.

Mo masimologong a ntlhantlha a makgolo a dingwaga a Bokeresete, go nwediwa gotlhelele mo metsing go ne go dirwa gongwe le gongwe kwa go nang le metsi a a lekaneng gone—mo dinokeng, mo mawatleng, kgotsa mo dibateng tsa batho. Fa palo ya basokologi e ntse e gola dikago tsa go kolobetsa di ne tsa agiwa mo mafelong a mantsi a mmusomogolo wa Roma, go tswa kwa Dalmatia go ya Palesetine le go tswa Gerika go ya Egepeto. Nngwe ya dikago tseno tsa bogologolo thata e e sa tswang go epololwa bosheng jaana e kwa Siria, mo lotshitshing lwa noka ya Euferatese, e e leng ya ngwaga wa 230 C.E.

Fa se go tweng ke tumelo ya “Bokeresete” e amogelwa semmuso mo Mmusongmogolo wa Roma mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., dimilione tsa batho di ne tsa nna “Bakeresete” mme ba ne ba tshwanelwa ke go kolobediwa. Ka jalo dikago tsa go kolobetsa batho di ne tsa agiwa gongwe le gongwe. Mo lekgolong la borataro la dingwaga, kwa Roma fela go ne go setse go agilwe dikago tsa go kolobetsa di le 25, go akaretsa le kerekekgolo ya St. John Lateran. Kwa Gaul kgaolo nngwe le nngwe ya bishopo e ne e na le kago ya go kolobetsa batho. Go ya ka buka nngwe dikago tseno di ne di ka nna 150. Gongwe go ne go na le tse dingwe tse di makgolokgolo kwa metseselegaeng, tse di neng di le gaufi le dikereke tse dinnye, mabitla, kgotsa matlo a baitlami.

 Meago le Tsamaiso ya Metsi

Dikago tsa kolobetso gantsi di ne di le kgolokwe kgotsa e le tsa matlhakore a mantsi, di ka tswa di agetswe fela go kolobetsa batho kgotsa di agiwa gaufi le kereke e e setseng e le teng. Dithibololo di bontsha gore dikago tseno di ne di le dinnye (gantsi di le kwa tlase ga disekweremetara tse 200) mme di kgabisitswe bontle ka dipilara, mabole, matlapana a a kgabisang, le ditshwantsho tse di takilweng mo maboteng, tse ka dinako dingwe di neng di bontsha ditiragalo tsa mo Baebeleng. Dikago dingwe tsa go kolobetsa, tse di tshwanang le e e leng kwa Mariana, Corsica, di na le setswalo fa godimo ga letamo la metsi. Leina dikago tsa kolobetso le ne le dirisediwa letamo la metsi ka bolone, leo le ka tswang le ne le le sekwere, kgolokwe, le na le matlhakore a marataro, le le motopo, le na le sebopego sa sefapaano. Jaaka go bontshiwa ke bophara le boteng jwa tsone, dikago tseno tsa bogologolo di ne tota di agetswe go kolobetsa batho ba bagolo. Di ne di le dikgolo mo go ka tsenang bobotlana batho ba babedi. Ka sekai, kwa Lyon e e kwa botlhabagare jwa Fora, letamo la kolobetso le ne le le dimetara tse 3,25 ka bophara. Matamo a mantsi a go kolobetsa a ne a na le ditepisi—tse gantsi di neng di le supa—tse di tswelang kwa metsing.

Batlhami ba dikago tseno ba ne ba tshwenyegile thata ka gore ba tla bona kae metsi. Bontsi jwa dikago tseno tsa kolobetso bo ne bo agilwe gaufi le metswedi ya metsi a tlholego kgotsa mo matlotleng a dibata tsa metsi a a bothito, jaaka e e kwa Nice, kwa borwa jwa Fora. Metsi a ne gangwe le gape a tsenngwa le go ntshiwa mo matamong ka diphaepe. Ka dinako dingwe metsi a pula a ne a rwalwa ka matsogo go tswa mo mogobeng o o fa gaufi.

Kago ya Kolobetso ya St. John ya kwa Poitiers, kwa bophirima jwa Fora e e agilweng mo e ka nnang 350 C.E., ke sekai se se molemo se se bontshang gore mo lekgolong la bonè la dingwaga dikago tsa kolobetso tsa ba ba ipitsang gore ke Bakeresete di ne di ntse jang. Mo phaposing e e khutlonnè tsepa, go ne go na le letamo le legolo la matlhakore a a robedi la ditepisi tse tharo. Letamo leno le ne le le boteng jwa dimetara tse 1,41 le bophara jwa dimetara tse 2,15 kafa ntlheng e e sephara thata. Le ne le gokagantswe le mosele wa metsi o o isang metsi mo toropong go tswa mo motsweding o o fa gaufi.

A Motho o Tshwanetse go Inwa Mmele Otlhe mo Metsing Kgotsa Go se Kae Fela?

A go kolobetsa ka go inwa gotlhelele mo metsing go ne go dirwa mo dikagong tseno tsa go kolobetsa? Baitse hisitori bangwe ba Bakatoliki ba araba potso eno ka nnyaa, ba bolela gore go kolobediwa ka go kgatshiwa (go tshela metsi mo tlhogong) e ka tswa e ne e le sengwe se se umakilweng jaaka thulaganyo e e neng e latelwa mo hisitoring ya pele ya Kereke ya Katoliki. Gape ba lemogile gore matamo a mantsi a kolobetso a ne a sa fete metara e le nngwe ka boteng ka jalo a ne a se boteng gore motho yo o godileng a ka inwa mo metsing. Saetlopedia ya Katoliki e bolela gore kwa Poitiers “motho yo o kolobetsang [moruti] o ne a ka baya maoto a gagwe mo setepising sa boraro a bo a sa kolobe maoto.”

Le fa go ntse jalo, tota le ditshwantsho tse di takilweng tsa bosheng di bontsha fa motho a ne a inwa  gotlhelele mo metsing, mme motho yo o kolobediwang o bontshiwa a le mo metsing a a mo fitlhang mo sehubeng kgotsa mo molaleng pele a kolobediwa. (Bona ditshwantsho fa godimo.) A go iniwa mo metsing gotlhelele go ne go ka kgonega tota le fa metsi a fitlha motho yo o godileng sentle wa seemo se se itekanetseng mo lethekeng? Buka nngwe e akantsha gore thulaganyo ya tsamaiso ya metsi e ka tswa e ne e emisitswe ka lobakanyana go fitlhelela motho yo kolobediwang yo o khubameng a inediwa gotlhelele mo metsing. * Pierre Jounel porofesara ya meetlo ya sedumedi ya Katoliki kwa Paris, o tshwaela jaana: Fa motho yo kolobediwang a eme “metsi a ne a mo fitlha mo lethekeng. Ka go baya letsogo mo tlhogong ya gagwe, moruti kgotsa motiakone o ne a dira gore a inamele mo metsing gore a tle a kgone go inwa gotlhelele mo metsing.”

Go Fokodiwa ga Matamo a go Kolobetsa

Kwa bofelong, tirelo ya go kolobetsa e e neng e sa raraana e e neng e dirwa ke baapostola e ne ya fetolwa go nna moletlo o o raraaneng, o go aparwang diaparo tse di kgethegileng e bile go dirwa ditshupo tse dintsi, o go dirwang dithapelo tse go dumelwang gore di koba meya e e bosula, go segofadiwa metsi, go boelediwa mafoko a a rileng a tumelo ya motheo, le go tlodiwa ka oli go nna boitshepo. Go inwa go se kae mo metsing go ne ga tswelela pele ga anama. Matamo a go kolobetsa a ne a fokodiwa bogolo jwa one, mangwe a one a ne a fokodiwa go nna halofo kgotsa kafa tlase ga foo, go na le kafa a a neng a ntse ka teng pele. Ka sekai, kwa Cazères borwa jwa Fora, letamo le le neng le le dimetara tse 1,13 le ne la fokodiwa go nna boteng jwa dimetara tse 0,48 mo lekgolong la borataro la dingwaga. Moragonyana, mo e ka nnang mo lekgolong la bo12 la dingwaga, mokgwa wa go inwa mo metsing go se kae fela o ne wa fela mme wa emisediwa ke go kgatshiwa ka metsi mo tlhogong. Go ya ka moithuti mongwe wa Mofora Pierre Chaunu, seno se bakilwe ke go bo “go kolobetsa bana go ne go setse go tlwaelega mo dinageng tse di nang le tlelaemete e e maswe, ka gonne go ne go ka se kgonege go ina lesea mo metsing a a tsididi.”

Dilo tseno di bakile gore go agiwe matamo a mannye le go feta a go kolobetsa. Fa a ntse a ithuta ka hisitori ya kolobetso mokwalahisitori Frédéric Buhler o tlhalosa jaana: “Thutamarope, dilo tse dikwadilweng, le dilo tse di takilweng di bontsha gore ka kakaretso kolobetso e fetogile go tswa go kolobetso ya go iniwa gotlhelele ga bagolo mo metsing mo lekgolong la ntlha la dingwaga la nako ya Bakeresete go ya mo go kgatshiweng ga masea ka metsi, go eta go nna le go inwa ga bagolo go se kae mo metsing le go inwa gotlhelele mo metsing ga bana.”

Gompieno go inwa go se kae mo metsing ga bagolo go bonala go ratiwa thata, ka gonne dikago tsa segompieno tsa go kolobetsa di ntse di nna dikgolo go feta pele. Go dumelana le se Buhler a se biditseng go ikgakolola metlha e e fetileng ya go ina batho mo metsing, moetlo wa Kereke ya Katoliki ya segompieno o buelela thata go feta le eleng pele, kolobetso ya go iniwa gotlhelele mo metsing. Se se itumedisang ke gore, Baebele ga ya bolo go tlhalosa gore go kolobediwa ka go iniwa gotlhelele mo metsing ke one mokgwa o o siameng wa kolobetso ya Bakeresete.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Lereo “baptistery” gantsi le kaya kago ya kereke kgotsa karolo ya kereke, e mo go yone go neng go kolobediwa batho.

^ ser. 14 Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno ba kolobeditswe ka go inwa gotlhelele mo metsing mo matamong a go thumela a mannye kgotsa tota le mo dibateng tse dikgolo tsa go tlhapela.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kago ya Kolobetso ya St. John ya Poitiers, kwa Fora

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kago ya kolobetso e e tlhabolotsweng ya lekgolo la botlhano la dingwaga ya Mariana, kwa Corsica

[Motswedi wa Setshwantsho]

© J.-B. Héron pour “Le Monde de la Bible”/Restitution: J. Guyon and J.-F. Reynaud, after G. Moracchini-Mazel

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

SETSHWANTSHO SA KOLOBETSO YA GA KERESETE

Noka ya Joredane e ne e fitlha Jesu mo sehubeng le baengele ba mo tlisetsa ditoulo gore ba phimole mmele wa gagwe, lekgolo la borobongwe la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Cristal de roche carolingien-Le baptême du Christ © Musée des Antiquités, Rouen, France/Yohann Deslandes

Jesu mo Nokeng ya Joredane, metsi a mo fitlha mo molaleng. Kafa molemeng, baengele ba babedi ba tshotse lesela, ba ipaakanyeditse go mo phimola, lekgolo la bo12 la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Musée d’Unterlinden-F 68000 COLMAR/Photo O. Zimmermann