Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Thibela Pelegi go Phoso?

A go Thibela Pelegi go Phoso?

 Baebele ya Reng

A go Thibela Pelegi go Phoso?

O AKANYA eng ka kgang eno? A go phoso gore batho ba ba nyalaneng ba dirise dithibelapelegi? Karabo ya gago e ka ikaega thata ka ditumelo tsa bodumedi jwa gago. Kereke ya Katoliki e ruta gore maiteko ape fela a go thibela go tsholwa ga bana ke “selo se se bosula tota.” Thuto ya Katoliki e rotloetsa gore tlhakanelodikobo epe fela e e dirwang ke balekane ba lenyalo e tshwanetse go tlogelelwa gore mosadi a ime. Ka jalo, go ya ka Kereke ya Katoliki go thibela pelegi “ga go a letlelelwa.”

Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go amogela pono eo. Malebana le kgang eo setlhogo sengwe sa Pittsburgh Post-Gazette se bega gore “palo e e fetang nngwe-tharong ya Bakatoliki kwa United States ba re kereke e tshwanetse go letlelela go dirisiwa ga dithibelapelegi tsa maitirelo. . . . Mme dimilione tsa batho di itlhokomolosa thibelo e kereke e e dirileng letsatsi lengwe le lengwe.” Mongwe wa bone e bong Linda, mmè wa bana ba bararo, o dumela gore ga go phoso go dirisa dithibelapelegi mme a re: “Tota go ya ka segakolodi sa me ga ke dumele gore ke a leofa.”

Lefoko la Modimo la reng mo kgannyeng eno?

Botshelo bo Tlhwatlhwa Kgolo

Modimo o leba botshelo jwa ngwana bo le tlhwatlhwa kgolo, tota le ka nako ya fa a simologa go bopega mo popelong. Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “O ne wa mpoloka ke bipilwe mo sebopelong sa ga mmè. . . . Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” (Pesalema 139:13, 16) Botshelo bo simologa fa peo ya monna e kopana le lee la mosadi mme Molao wa ga Moshe o bontsha gore motho o ne a tla ikarabelela fa a ne a ka gobatsa ngwana yo a iseng a tsholwe. Tota e bile, Ekesodo 21:22, 23 e tlhalosa gore fa banna ba babedi ba lwa mme seo  se bo se dira gore mosadi yo o moimana kgotsa ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe a swe, kgang eo e ne e tshwanetse go isiwa kwa baatlhoding ba ba tlhomilweng. Ba ne ba tshwanetse go sekaseka maemo le gore a go ne go se na dilo tsa ka boomo, mme kotlhao e ne e ka nna “moya mo boemong jwa moya” kgotsa botshelo mo boemong jwa botshelo.

Melaometheo eo e botlhokwa fa go tliwa mo kgannyeng ya dithibelapelegi ka gonne mekgwa mengwe ya go laola pelegi e bonala e senya mpa. Mekgwa e e ntseng jalo ya go thibela pelegi ga e dumalane le molaomotheo wa Modimo wa go tlotla botshelo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithibelapelegi ga di ntshe mpa. Go tweng ka go dirisa mekgwa e e ntseng jalo ya go laola pelegi?

Ga go na gope mo Baebele e laelang Bakeresete teng gore ba tshole bana. Modimo o ne a bolelela banyalani ba ntlha le lelapa la ga Noa a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” Mme taelo eno e ne ya se ka ya boelediwa gape mo Bakereseteng. (Genesise 1:28; 9:1) Ka jalo, banyalani ba ka itirela tshwetso malebana le gore a ba tla nna le bana, ba tla nna le ba le kae, le gore ba tla nna le bone leng. Mme e bile, Dikwalo ga di kgatlhanong le go laola pelegi. Ka jalo, go ya ka Baebele, gore a banyalani ba tlhopha mekgwa mengwe ya go thibela pelegi e e sa senyeng mpa, ke kgang ya botho. Ke ka ntlha yang, he, Kereke ya Katoliki e le kgatlhanong le go thibela pelegi?

Botlhale Jwa Batho Kgatlhanong le Botlhale Jwa Modimo

Dibuka tsa Katoliki di tlhalosa gore ke mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. mo batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba neng ba simolola go amogela thuto ya Se-Stoic e go ya ka yone boikaelelo jwa tlhakanelodikobo mo bathong ba ba nyalaneng e tshwanetseng go nna fela go tshola bana. Ka gone, thuto eno e ne e tlhotlhelediwa ke filosofi e seng Baebele. E ne e theilwe mo botlhaleng jwa batho, e seng mo botlhaleng jwa Modimo. Filosofi eno e ne ya tswelela go ralala makgolokgolo a dingwaga mme e ne ya anamisiwa ke baithutabodumedi ba Bakatoliki. * Ka jalo, thuto eno e ne ya felela ka kgopolo ya gore go tlhakanela dikobo e le fela go iitumedisa ke boleo, le gore go tlhakanela dikobo e se ka maikaelelo a go tshola bana ke boitsholo jo bo repileng. Mme seno ga se se Dikwalo di se rutang.

Fa buka ya Diane e tlhalosa ka tsela ya poko boipelo jo bo ka nnang teng fa monna le mosadi ba ba nyalaneng ba nna le kamano e e tshwanetseng ya tlhakanelodikobo, ya re: “Nwa metsi mo mogobeng wa gago, le a a elelang ka bosesane mo sedibeng sa gago. . . . A motswedi wa gago wa metsi o segofale, mme o ipele le mosadi wa bosha jwa gago, kgama e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle bo gogelang. A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha. O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.”—Diane 5:15, 18, 19.

Tlhakanelodikobo gareng ga monna le mosadi ba ba nyalaneng ke mpho e ba e neilweng ke Modimo. Mme gone maikaelelo a yone ga se fela go tshola bana. Kamano ya tlhakanelodikobo gape e kgontsha balekane ba lenyalo go bontshana kamego e e lorato. Ka jalo fa banyalani ba swetsa ka gore ba thibele go ima ka go dirisa dithibelapelegi, eo ke tshwetso ya bone mme ga go yo o tshwanetseng go ba atlhola.—Baroma 14:4, 10-13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 E ne e le mo lekgolong la bo 13 la dingwaga fa Gregory IX a ne a tlhoma se New Catholic Encyclopedia e se bitsang “Molao wa ntlha o o tlhomilweng ke Mopapa kgatlhanong le go thibela pelegi.”

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

▪ A go tlhakanela dikobo ga monna le mosadi ba ba nyalaneng go phoso?—Diane 5: 15, 18, 19.

▪ Ke eng se Bakeresete ba tshwanetseng go se gakologelwa fa ba dirisa dithibelapelegi?—Ekesodo 21:22, 23.

▪ Batho ba bangwe ba tshwanetse go leba jang banyalani ba ba dirisang dithibelapelegi?—Baroma 14: 4, 10-13.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Modimo o ile a raya banyalani ba ntlha le lelapa la ga Noa a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” Mme gone taelo eno e ne ya se ka ya boelediwa gape mo Bakereseteng