Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Thibela Tshebo Jang?

Nka Thibela Tshebo Jang?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Thibela Tshebo Jang?

“Nako nngwe ke ne ka ya phathing, mme letsatsi le le latelang go ne ga anamisiwa magatwe a gore ke ne ka tlhakanela dikobo le mongwe wa basimane gone koo. Seo e ne e se boammaaruri le e seng!”—Linda. *

“Ka dinako dingwe ke a tle ke utlwe magatwe a gore ke intsha le mongwe—mongwe yo tota ke sa mo itseng! Bontsi jwa batho ba ba sebang ga ba itshwenye ka go sekaseka dintlha tsotlhe.”—Mike.

TSHEBO e ka go kgatlha mme e sa go neye dintlha tse di feletseng. O ka botsa Amber wa dingwaga di le 19, o itse sengwe ka gone. A re: “Ke ne ke sebiwa ka metlha. Go ne ga buiwa magatwe a gore ke ne ke imile, gore ke ntshitse dimpa le gore ke ne ke rekisa diokobatsi, ke di reka e bile ke di dirisa. Ke eng fa batho ba bua dilo tse di ntseng jaana ka nna? Ruri, ga ke itse!”

Tshebo ka Didirisiwa Tsa Botegeniki

Fa batsadi ba gago ba ne ba le mo dingwageng tsa bone tsa bolesome, tshebo gantsi e ne e anamisiwa ka molomo. Le fa go ntse jalo, gompieno tshebo e dirwa ka dilo tsa botegeniki. Mme go dirwa jalo ka go kwalelana melaetsa e e romelwang ka bonako ka Internet. Mosimane kgotsa mosetsana ka bopelompe a ka go senya leina kwantle ga go bua lefoko lepe ka molomo. Se ba ka se dirang fela ke go kwala molaetsa wa magatwe le go o romelela bontsintsi jwa batho ba ba tlhagafaletseng go amogela molaetsa oo.

Bangwe ba re Internet e setse e tsaya maemo a founo mo go nneng sedirisiwa sa go anamisa tshebo. Ka dinako dingwe aterese yotlhe ya Internet e dirisediwa go senya motho mongwe leina. Go tlwaelegile gore, mafelo a a mo Internet—a batho ba itirelang one le mo diatereseng tsa Internet—go kwalwe dilo tse le ka motlha motho a ka se kang a di bua ka namana. Mo patlisisong nngwe diperesente di le 58 tsa basha di ile tsa tlhalosa gore go ile ga kwalwa dilo tse di utlwisang botlhoko ka bone mo Internet.

A ka dinako tsotlhe ga go a siama go bua ka batho ba bangwe? A go na le . . .

Tshebo e e Seng Kotsi?

A polelwana e e latelang ke boammaaruri kgotsa maaka?

Tshebo ga e a siama ka dinako tsotlhe. Boammaaruri Maaka

 Karabo e e siameng ke efe? Tota go ikaega ka gore o tlhalosa “tshebo” jang. Fa e le gore lefoko leo le kaya motlotlo fela o o tlwaelegileng, go ka nna le dinako tse ka tsone e siameng. Kana e bile Baebele e re bolelela gore re “kgatlhegele matshelo a batho ba bangwe.” (Bafilipi 2:4, New Century Version) Seno ga se reye gore re tshwanetse go itshunya nko mo dikgannyeng tse di sa re ameng. (1 Petere 4:15) Motlotlo o o tlwaelegileng gantsi o thusa motho go nna le tshedimosetso e e mosola, e e jaaka gore ke mang yo o nyalang, ke mang yo a nang le ngwana le gore ke mang yo a tlhokang thuso e e rileng. Tota re ka se ka ra re re kgatlhegela batho ba bangwe fa re se ke re bua ka bone.

Le fa go ntse jalo, go itlotlela fela go ka fetoga motlhofo fela go nna tshebo e e maswe. Ka sekai, mafoko a a reng “Bob le Sue e ka nna balekane ba ba molemo” e ka fetolwa go nna “Bob le Sue ke balekane”—le fa gone Bob le Sue ba sa itse sepe ka thatano e go tweng ba na le yone. Fa o se Bob kgotsa Sue o ka re—‘ga se kgang e e masisi!’

Julie wa dingwaga di le 18, o ne a sebiwa jalo mme go ne ga mo utlwisa botlhoko. A re: “Go ne ga nkgalefisa mme ga dira gore ke nne le maikutlo a gore ke se ka ka tlhola ke tshepa batho ba bangwe.” Jane, wa dingwaga di le 19, o ne a le mo seemong se se tshwanang. A re: “Ke ne ka feleletsa ke tila mosimane yo go neng go twe ke intsha le ene. Go dira jalo go ne go sa siama ka gonne re ne re le ditsala mme ke ne ke ikutlwa gore re tshwanetse go bua kwantle ga gore go simologe magatwe.”

Ruri, tshebo e e kotsi e na le matswela a a sa itumediseng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba utlwisitsweng botlhoko ke tshebo ba a dumela gore le bone ba ile ba seba ba bangwe. Boammaaruri ke gore fa go buiwa mafoko a a senyang mongwe leina go ka nna motlhofo gore o raelesege go kopanela mo go seo. Ka ntlha yang? Phillip wa dingwaga di le 18 a re: “Ke sengwe se batho ba itebatsang mathata a bone ka sone. Batho ba rata go tlhoma mogopolo mo mathateng a batho ba bangwe go na le mo go a bone.” Ke eng he, se o ka se dirang fa motlotlo o o itshiametseng fela o fetoga tshebo e e maswe?

Laola Metlotlo ka Kelotlhoko!

Akanya ka bokgoni jo bo tlhokegang gore o kgweetse mo tseleng e kgolo e e tlhanaselang. Go ka nna ga tlhaga seemo se se go tlhokang gore o fetogele mo tselaneng e nngwe o sa ikaelela, o fokotse lobelo kgotsa o eme gotlhelele. Fa o ntshitse matlho dinameng mme o amegile ka pabalesego ya gago, o tla kgona go bona se se kwa pele o bo o tsaya kgato e e tshwanetseng.

Go ntse jalo le ka motlotlo. Gantsi o ka kgona go lemoga fa motlotlo o fetoga go nna tshebo e e kotsi. Fa seno se direga, a o ka fetogela mo tselaneng e nngwe jaaka go ka tualo? Fa o sa dire jalo—itse gore tshebo e ka nna kotsi. Mike a re: “Ke ne ka bua sengwe se se sa itumediseng ka mosetsana mongwe—gore o ne a rata basimane—mme o ne a utlwalela ka gone. Ga nkitla ke lebala lentswe la gagwe fa a ne a nkatamela, a utlwisitswe botlhoko ke mafoko a me a go se akanyetse. Re ne ra baakanya bothata, le fa go ntse jalo, go itse gore ke utlwisitse mongwe botlhoko ka tsela eo go ne ga dira gore ke se ke ka itumela!”

Gone ke boammaaruri gore go tlhoka bopelokgale go gata mariki a motlotlo o o setseng o fetogile tshebo. Le fa go ntse jalo, go ntse fela jaaka fa Carolyn wa dingwaga tse 17 a tlhalosa jaana: “O tshwanetse go nna kelotlhoko ka se o se buang. Fa e le gore ga o a utlwa kgang go tswa mo motsweding o o ikanyegang, o ka tswa o anamisa maaka.”

Go tila tshebo e e kotsi, dirisa kgakololo ya dikwalo tseno tse di tswang mo Baebeleng:

“Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” (Diane 10:19) Fa o bua thata, gantsi o tla bua dilo tse o tla ikwatlhaelang tsone moragonyana. A bo go le botoka jang ne go itsege o le moreetsi yo o didimetseng go na le go bua thata!

“Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe, mme go tswa dilo tse di bosula mo molomong wa baikepi.” (Diane 15:28) Akanya pele o bua!

“A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baefeso 4:25) Pele o anela ka tshedimosetso e e rileng, tlhomamisa gore e boammaaruri.

“Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Pele o tlotla le e leng tshedimosetso e e boammaaruri ka ga mongwe, ipotse, ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa ke ne ke  le mo boemong jwa motho yoo mme mongwe a bo a senola dintlha tseno ka ga me?’

“A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Baroma 14:19) Le e leng tshedimosetso e e boammaaruri e ka utlwisa botlhoko fa e se e e agang.

“Lo go dire boikaelelo jwa lona go tshela ka tidimalo le go tlhokomela dikgang tsa lona le go dira ka diatla tsa lona.” (1 Bathesalonika 4:11) O se ka wa itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. Go na le ditsela di le dintsi tse di molemo tse o ka dirisang nako ya gago ka tsone.

Fa e le Wena yo o Sebiwang

O ka tswa o dumela gore motho o tshwanetse go laola loleme lwa gagwe le go ithiba mo go sebeng batho ba bangwe. Mme gone, fa e le wena yo o sebiwang, o ka tsaya kgang eo e le masisi le go feta. Joanne wa dingwaga di le 16 yo a neng a sebiwa mo go maswe o ne a re: “Ke ne ka ikutlwa gore ga nkitla ke tlhola ke nna le ditsala gape. Masigo mangwe ke ne ke lela gore ke bo ke robale. Ke ne ke utlwa e kete tsela e e molemo e ke itsegeng ka yone e sentswe gotlhelele!”

O ka dira eng fa go buiwa magatwe a a sa utlwaleng ka wena?

Leba se se bakileng magatwe. Leka go tlhaloganya se se tlhotlheletsang batho gore ba sebe. Bangwe ba a go dira e le gore ba tume, gore go lebege e kete ba itse go le gontsi ka se go buiwang ka sone. Karen wa dingwaga di le 14 a re: “Ba batla gore batho ba akanye gore ba botlhale fa ba bua ka batho ba bangwe.” Go ipelaela go dira gore basha ba nyenyefatse ba bangwe gore bone ba ikutlwe ba le botoka. Renee wa dingwaga di le 17 o tlhalosa lebaka le lengwe. A re: “Batho ba jewa ke bodutu. Ba batla go kgatlha batho le gore botshelo bo itumedise ka go simolola magatwe.”

Laola Maikutlo A Gago. Motho yo o utlwisitsweng botlhoko ke go sebiwa mme a palelwa ke go laola maikutlo a gagwe a kutlobotlhoko le go kgopisega, a ka dira dilo tse a ka ikwatlhaelang tsone moragonyana. Diane 14:17 ya re: “Yo o bonako go galefa o tla dira boeleele.” Le mororo go le motlhofo go bua go na le go dira, eno ke nako ya gore re ithibe go feta ka fa go tlwaelegileng ka gone. Fa o dira jalo o tla tila go wela mo seraing se se tshwanang le se motho yo a neng a go seba a wetseng mo go sone.

Lemoga maitlhomo a mmatota a tshebo. Ipotse dipotso tse di latelang: ‘A ke tlhomamisegile gore se ke se utlwileng ruri se ne se buiwa ka ga me? A ke magatwe kgotsa ke go se tlhaloganyane? A e ka tswa e le gore ke kgopisega ka bonako?’ Ke boammaaruri gore, ga go na seipato sa go anamisa tshebo e e senyang. Le fa go ntse jalo, go galefa ka bonako go tla go utlwisa botlhoko thata go gaisa tshebo ka boyone. Ke ka ntlha yang, he, o sa nne le boikutlo jo bo neng jwa thusa Renee. A re: “Fa mongwe a bua sengwe se se bosula ka nna ka gale ke utlwa botlhoko, mme ke leka gore ke se ka ka itlhaganelela go galefa. Ke dira jalo ka gonne beke e e latelang ba tla bo ba bua ka mongwe o sele kgotsa ka sengwe se sele.” *

Go Iphemela ka Tsela e e Molemo

Baebele e tlhagisa gore “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi,” e bo e oketsa ka gore: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2) Ka gone go ka se nne botlhale go itetla go galefisiwa ke sengwe le sengwe se se buiwang ka rona. Moreri 7:22 ya re: “Pelo ya gago e itse sentle gore wena, e leng wena, o hutsitse ba bangwe gantsi.”

Fa o sebiwa tsela e e molemo ya go iphemela ke boitshwaro jwa gago jo bo siameng. Jesu o ile a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Leka go nna botsalano tota le go nna lorato. O ka gakgamadiwa ke ka moo seo se ka emisang tshebo ka bonako ka teng—kgotsa gongwe sa go thusa go itshokela diphelelo tsa yone.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 33 Ka dinako dingwe go ka nna botlhale gore o batle tsela e e molemo ya go bua le motho yo o go sebileng. Mo maemong a le mantsi seo ga se tlhokege ka gonne “lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Petere 4:8.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ O ka tila jang go seba batho ba bangwe?

▪ O tla itshwara jang fa mongwe a go seba?