Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rata ga me Mmino, Botshelo le Baebele

Go Rata ga me Mmino, Botshelo le Baebele

 Go Rata ga me Mmino, Botshelo le Baebele

jaAKA GO BOLETSE Boris N. Gulashevsky

Akanya ka monna wa sefofu yo o mo dingwageng tsa bo 60, yo o neng a tlhaselwa ke pelo ka makgetlho a le mabedi. O ne a tshologa dikeledi fa a leboga Modimo go bo a ile a dira gore a mo itse. Ke seemo se ke neng ke le mo go sone moragonyana fela jaana dingwaga di le 11 tse di fetileng.

KE TSHOTSWE ka 1930 kwa motseng wa Tsibulev kwa Ukraine, mo kgaolong ya Cherkassy. Ka 1937, ka nako ya kgatelelo ya puso ya ga Stalin, rre o ne a tshwarwa le go atlholwa go twe ke “mmaba wa Puso.” Folete ya rona e ne ya gapiwa, mme batho ba re neng re tlwaelane le bone ba ne ba re latlhela matsogo. Go ise go ye kae le bone ba ne ba golegwa. Tseo e ne e le dinako tsa go sa tshepane, go tsietsana, le tsa letshogo.

Dikgwedi di le pedi morago ga gore rre a tshwarwe, kgaitsadiake Lena o ne a tsholwa. Mmè, Lena, nna le nkgonne Nikolai, re ne ra fetsa mariga mo ntlong e e nnye e e se nang difensetere le setofo. Morago ga moo, re ne ra ya go nna le rremogolo. Nna le Nikolai re ne re tlhokomela ntlo, re rema dikgong, le go baakanya dilo tse di senyegileng. Ke ne ke rata go dira ka diatla tsa me. Ke ne ke dira ditlhako le tiro ya go betla. Ke ne gape ke rata le mmino, ka jalo ke ne ka itirela balalaika ka legong mme ka ithuta go e letsa. Moragonyana ke ne ka ithuta go tshameka katara le mantolene.

Fa ke sa ntse ke gola, ke ne ka kolobediwa mo Kerekeng ya Katoliki. Mme e re ka ke ne ke sa tlhaloganye dithuto kgotsa dingwao tsa kereke, dikgopolo tsa bolatolamodimo e ne e le tsone tse di bonalang di dira tlhaloganyo mo go nna. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ke ne ka tsena mo mokgatlhong wa Komsomol (mokgatlho wa basha wa Bokomonisi), mme fa go ne go nna le tshono nna le maloko mangwe a mokgatlho ono re ne re ganetsana le badumedi re leka go supa gore ga go na Modimo.

 Fa ke Sa Tlhole ke Kgona go Bona

Morago ga gore Bajeremane ba tlhasele Soviet Union ka 1941, mophato wa masole o ne wa ralala motse wa gaetsho ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi. Ka March 16, 1944, ke ne ka gobala fa go ne go thunya bomo mme ka se tlhole ke kgona go bona mo matlhong. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke tlaletswe le go felelwa ke tsholofelo, le go utlwa botlhoko mo mmeleng.

Fa ntwa e ya kwa bophirima mme Bajeremane ba ne ba patelesega go boela morago, ke ne ka simolola go tsamayatsamaya mo tshingwaneng mme gape ke reetsa dinonyane fa di ntse di opela. E re ka mmè a ne a nkutlwela botlhoko, one a nnaya vodka gore ke e nwe, mme batho ba mo motseng ba ne ba ntaletsa gore ke tle diphathing tsa bone, koo ke neng ka ba tshamekela mmino. Ke ne ke goga motsoko, ke nwa bojalwa gore ke lebale mathata a me. Go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore seno ga se ne se rarabolola mathata a me.

Mmangwane yo e neng e le morutabana, o ne a utlwalela ka dikolo tsa batho ba ba sa boneng mme o ne a kopa Mmè gore a nkwadise mo go sengwe sa tsone. Ka 1946, ke ne ka simolola sekolo mo go se gompieno se bidiwang Kam’yanets’-Podil’s’kyy koo ke neng ka simolola dithuto tsa me ka tlhoafalo. Ke ne ka ithuta go bala le go kwala ka Mokwalo wa Difofu. Ke ne gape ka tsweletsa pele dithuto tsa me tsa mmino, ke dirisa diura di le dintsi go nna setswerere sa go tshameka korosetina. Fa mothusa mogokgo a bona kafa ke dirang maiteko ka teng o ne a ntetla go tshameka korosetina ya gagwe. Ke ne gape ka ithuta go tshameka piano.

Ntlo e e Leng ya Me

Ka 1948, ke ne ka nyala mongwe wa barutabana mo sekolong, yo o neng a nthusa ka dithuto tsa me. Monna wa gagwe o ne a tlhokafetse mo ntweng, a mo tlogela ka bana ba bannye ba basetsana ba babedi. Fa ke se na go fetsa sekolo, ke ne ka ya go nna le ene. Ke ne ka leka thata go nna monna le rre yo o molemo, ke dira lotseno ka go tshameka mmino. Ka 1952, re ne ra nna le ngwana wa mosimane.

Ke ne ka dira dithulaganyo tsa go agela lelapa la me ntlo, ke ne ka hira batho ba ba neng ba thaya motheo le go aga mabota, mme gone dilo di le dintsi ke ne ka di itirela. Go kgona go apaapa le go bona ka leitlho la me la mogopolo go ile ga nthusa ka gonne ke sa bone. Ke tla bo ke tshwara logong ka matsogo a me, ke bo ke le apaapa, le go leka go le bona ka leitlho la mogopolo. Morago ga moo ke ne ka kgona go betla sengwe sa logong, go akaretsa le dithulusu tsa logong. Dithulusu tsa tshipi tsone ke ne ke di otara go tswa kwa feketering. Ke ne ka aga setofo sa ditena, ka dira fanitšhara, le go dira ditiro tse dingwe.

Mmino wa Okhestra wa Diphala

Ke ne ka amogela thapiso e oketsegileng ya mmino mme ka nna rammino wa porofeshenale. Fa ke sena go nna le bokgoni jwa go dirisa diletswa tse di farologaneng tsa mmino, ke ne ka ithuta go tshameka phala. Nako nngwe ke ne ka baakanya phala e nnye e e dirilweng ka lotlhaka lwa bambuse. Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka ithuta go itirela diphala tsa me. Ka nako eo, baitse ba mmino ba ne ba sa dumele go re diphala di ka kgona go dirwa ka tsela ya gore di nne le kodu, gonne fa diphala di le dikgolo go ne go tla raya gore modumo o nna kwa tlase  thata. Ke ka lebaka leo go neng go se na mmino wa okhestra wa diphala.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go dira phala e e nang le selo se se dirang gore modumo o ipoeletse o utlwale sentle. Seno se raya gore o ne o ka kgona go dira diphala tse di nang le kodu mme di ntse di na le modumo o o utlwalang sentle. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka simolola go dira mefuta e e farologaneng ya diphala e e ka kgonang go dira mmino o o tsamaisanang fa di tshamekiwa mmogo.

Pele ga foo, ke ne ka rulaganya di-okhestra tse di dirwang ka mmino wa diletswa tsa setso. Nngwe ya di-okhestra tsa me e ne e le ya bo rammino ba ba foufetseng. Mme ka 1960, ke ne ka rulaganya okhestra e e neng e tshameka diphala fela—e e leng yone fela kwa Soviet Union gongwe le mo lefatsheng lotlhe.

Dithibololo le Dipelaelo

Ka 1960, ke ne ka kopa mankge mongwe gore a baakanye diletswa tsa me tsa mmino, mme o ne a simolola go tlotla le nna ka bodumedi. Jaaka gale, ke ne ka ganetsana le ene ka gore Modimo ga a yo. O ne a akantsha gore ke reetse se a se balang go tswa mo Baebeleng. E re ka ke ne ke ise ke bale Baebele, ke ne ka swetsa ka gore ke tla reetsa.

Ke ne ka amiwa thata ke pego ya ga Jakobe yo o neng a dira ka natla go tlamela lelapa la gagwe. Go reetsa pego ya bomorwarra Josefa ba ba neng ba mo rekisa go nna lekgoba le diteko tsa gagwe, le ka moo a neng a ba itshwarela ka gone, e ne ya dira gore ke tsholole dikeledi. (Genesise, kgaolo 37, 39-45) Ke ne ke rata gape le Molao wa Sekagouta wa gore re tshware batho ba bangwe ka tsela e re batlang ba re tshwara ka yone. (Mathaio 7:12) Ka jalo, ke ne ka tlwaelana le Baebele mme ka simolola go e rata.

Ke ne ka simolola go ya kerekeng ya Baptist le tsala ya me, mme ka fiwa “Tesetamente e Ntšha” ya Mokwalo wa Difofu, e ke neng ka simolola go e bala ka kelotlhoko. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga go sa dumelane magareng ga yone le dithuto tsa kereke ya Baptist. Ka sekai, jaaka Baebele e bontsha, Modimo le Jesu ke batho ba ba babedi ba ba farologaneng mme gape Modimo o mogolo mo go Jesu. (Mathaio 3:16, 17; Johane 14:28; Ditiro 2:32) Le fa go ntse jalo, kereke ya Baptist e gatelela gore Modimo le Jesu ba lekana, karolo ya Tharonngwe. Ke ne ka bala “Tesetamente e Ntšha” ka makgetlho a le mantsi, ke leka go utlwa tlhaka nngwe le nngwe jaaka fa ke ntse ke bala, mme ke ne ke tlhomamisegile gore thuto eno ga e tswe mo Baebeleng.

Mo thanolong ya Baebele e re neng re na le yone, go ne go dirisiwa lefoko “dihele.” Ke ne ke ntse ke leka go akanya ka dihele ka tsela e go rutiwang ka yone kwa kerekeng ya Baptist—lefelo la tlhokofatso ya bosakhutleng ka molelo. Seno se ne se dira gore ke se ka ka itumela le e seng! Baebele ya re Modimo ke lorato, gape ke ne ke sa akanye gore a ka dira lefelo le le ntseng jalo. (1 Johane 4:8) Nako e ne ya feta, mme dipelaelo tsa me ka dihele le ka dithuto tse dingwe tsa kereke ya Baptist di ne tsa oketsega.

Diphetogo Tse Dikgolo

Ka 1968 barwadi ba me ba ke ba fitlhetseng le mmaabone ba ne ba setse ba nyetswe e bile ba na le bana ba bone. Ka nako eo, nna le mosadi wa me re ne ra simolola go nna le dikgotlhang tse di masisi. Fa ke akanya ka malatsi ao, ke ikwatlhaela go bo re ile ra se ka ra bontshana lorato lo lo lekaneng le bopelotelele. Re ne ra tlhalana, mme le manyalo a mabedi a ke nnileng le one a ne a felela ka tlhalano.

Ka 1981, ke ne ka tswa kwa Kam’yanets’-Podil’s’kyy, koo ke neng ke feditse dingwaga di le 35 gone, mme ka ya kwa Yoshkar-Ola, e e leng dikilometara di ka nna 600 kwa botlhaba jwa Moscow. Koo ke ne ka tsweletsa ditiro tsa me tsa botlhami. Nngwe ya di-okhestra tsa me e ne e na le maloko a le 45 a a neng a tshameka diphala tse di farologaneng. Diphala tseno di ne di simolola ka tse di boleele jwa disentimetara di le 20 tsa modumo o o kwa godimo ya sentimetara e lengwe ka bokima, go ya go e e e bogodimo jwa dimetara di le 3 ya modumo wa kodu e kgolo e e bokima jwa disentimetara di le 20. Dikonsarata tsa rona di ne tsa gasiwa mo radiong le mo thelebisheneng, e bile re ne re diragatsa mo nageng yotlhe ya Soviet Union.

Ka 1986 mo dikgaisanong tsa ditlhopha tsa mmino tse di neng di tswa gotlhe mo Soviet Union, ke ne ka amogela setifikeiti le metlele go bo ke tlhabolotse mmino wa diphala. Dingwaga moragonyana go ne ga dirwa baesekopo e e bidiwang Solo for Pipe, or the Fairy Tale of a Musician. Lokwalodikgang lwa Mariiskaya Pravda lo ne lwa bega jaana: “Boris Nikolaievich Gulashevsky, yo o tlhagelelang mo baesekopong eno, o ne a amogela setifikeiti se se kgethegileng sa gore ke ene yo o simolotseng okhestra e e letsang diphala tsa mofuta wa yone fela mo Russia.”

 Go Batlana le Boammaaruri

Fa ke sena go ya kwa Yoshkar-Ola, ke ne ka ikwadisetsa go dirisa thulaganyo ya laeborari e e neng e na le dilo di le dintsi tsa batho ba ba sa boneng. Ke ne ka simolola go tlwaelana le dithuto tsa kereke ya Katoliki, Pentekosete, le tsa Methodist. Ke ne gape ka ya kwa dikokoanong tsa Kereke ya Orthodox. Se se ileng sa nkgakgamatsa, ke go fitlhela ba ruta dilo tse di tshwanang le tse ke di utlwileng kwa Kerekeng ya Baptist, tse ke neng ke setse ke itse gore ga di a thaiwa mo Baebeleng.

Moruti wa Orthodox Alexander Men, o ne a kwala gore Modimo o na le leina—Yahweh. O ne gape a re Bajuda ba ne ba le mo kobamelong e e itshekileng, e moragonyana e neng ya leswafadiwa ke dithuto tsa boheitane le kobamelo ya medingwana. Mekwalo ya gagwe e ne ya nkgatlha thata e bile e ne ya nonotsha keletso ya me ya go batla boammaaruri.

Go Nna le Maikemisetso a Magolo

Mo go nngwe ya diokhestra tsa me, go ne go na le seopedi se se bidiwang Liza, yo o neng a sa bone sentle mo e leng gore o ne a tsewa gore ke sefofu semmuso. Re ne ra nyalana ka 1990, mme le ene o ne a simolola go kgatlhegela dilo tsa semoya. Mo go one ngwaga oo ke ne ka etela mmè, yo o nnang le kgaitsadiake Lena kwa Baranovichi, Belarus. E re ka mmè a ne a nkopile, ke ne ka ya kwa Kerekeng ya Katoliki, koo ke neng ka ja Selalelo. E ne e le ka nako ya perestroika (go bopa setšhaba sesha) kwa Soviet Union, mme moruti o ne a dirisa nako e ntsi mo therong ya gagwe a bua ka diphetogo tsa dipolotiki. Gape ke ne ke tlhomamisegile gore seno e ne e se sone se ke neng ke se batla.

Ka 1994, ke ne ka tlhaselwa ke pelo ka makgetlho a le mabedi mme ka simolola go lwala mo go masisi. Mo go one ngwaga oo mmè o ne a tlhokafala. Le fa go ne go na le mathata ano, ke ne ka tswelela go bala Baebele. Ke ne ke setse ke badile “Tesetamente e Ntšha” makgetlho a le 25, morago ga foo ke ne ke sa tlhole ke bala gore ke lekgetlho la bokae. Mme ke ne ka tswelela go e bala mme ka nna le dipotso tse di oketsegileng. Go ne ga bonala sentle gore nka se kgone go tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng ka bonna.

Lesedi la go Tlhaloganya

Ka 1996, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota mo mojakong wa rona kwa Yoshkar-Ola. Ke ne ke ba belaela, ka gonne makwalodikgang a rile ke lekoko le le kotsi. Mme gone ke ne ka akanya, ‘Ke kotsi efe e ba ka ntlhagisetsang yone?’ Selo sa ntlha se ke ba boditseng sone e ne e le gore ba akanyang ka Tharonngwe. Ba ne ba araba ka gore lefoko kgotsa kgopolo eno ga e yo mo Baebeleng. Ke ne ke itumetse go utlwa seno, ka gonne le nna ke ne ke dumela jalo.

Fa ke bala Ekesodo 6:3 go tswa mo Baebeleng ya me ya Se-Russia ya sinoto, moo leina Jehofa le tlhagelelang gone, pelo ya me e ne ya tlala ka boitumelo. Ke ne ke gakgamadiwa ke boferefere jo bo dirwang ke madumedi go fitlhela batho leina leno. Mme ke ne ke kgatlhwa ke go itse gore Basupi ba sikere leina la Mmopi le go le bolelela ba bangwe!—Isaia 43:10.

Ke ne ka tlhasela Basupi ka dipotso. Ka sekai: “Ke ka ntlha yang Baebele e bua ka dihele? Ke ka ntlha yang thanolo e e itsegeng ya Se-Russia ya sinoto e re lefatshe le tlile go jewa ka molelo?” Ke ne ke na le dipotso tse dintsi mme morago ga gore ke arabiwe go tswa mo Baebeleng, ke ne ka lemoga gore ke jone bodumedi jo ke ntseng ke bo batla ka dingwaga di le dintsi. Ka dikeledi tsa boitumelo, ke ne ka obama ka mangole fa fatshe mme ka leboga Modimo.

Basupi ba ne ba nkisa kwa dipokanong tsa bone, mme ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e bareetsi ba neng ba reeditse ka tlhoafalo ka yone le ke go gwasa ga ditsebe tsa Baebele fa sebui se ntse se neela puo. Fa sebui se umaka temana ya Baebele, batho ba e leba mo Dibaebeleng tsa bone. Ke ne ke ise ke bone selo se se tshwanang le seno pele. Kwa dipokanong Basupi ba ne ba opela pina e e thailweng mo go Isaia 35:5 e e simololang ka mafoko a a reng: “Fa ‘fofu di bona gape.”

Ke ne ka simolola go itumelela thuto ya Baebele le Basupi moo e batlang e le ganè ka beke. Ka bonako fela ke ne ka ithuta gore ke ka ntlha yang Modimo o letleletse mathata le dintwa le gore ke eng se a tla se dirang ka ditlamorago tsa dipogiso tseno. Ke ne ka kgatlhwa thata ke go ithuta ka tsholofetso  e e lorato ya Modimo malebana le Bogosi jwa gagwe, jo bo tla dirang gore batho ba ba boikobo ba itumelele botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise mo lefatsheng e tla diragala. (Genesise 1:28; Isaia 65:17-25; Tshenolo 21:1-5) Ke ne ka tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele le go feta go na le pele, mme ka November 16, 1997, ke ne ka kolobediwa bontsha boineelo jwa me mo Modimong.

Go Kopanela Mmogo mo Tirelong ya Modimo

Ka bonako morago ga gore ke kolobediwe, Liza le ene o ne a simolola go ithuta Baebele. Le mororo a ne a sule ditokololo, o ne a gatela pele ka bonako semoyeng mme a kolobediwa ka 1998. O ne a tshwanelwa ke go kukiwa gore a isiwe kwa letamong la kolobetso, mme o ne a ikemiseditse go direla Modimo ka moya otlhe. Re ne ra hira motho yo o sidilang, gape Liza o ne a itshidila mmele. Fa nako e ntse e ya, bolwetse jwa gagwe bo ne jwa fela. Gone jaanong, ga a nne teng mo dipokanong tsotlhe fela mme gape o kopanela le mo bodireding jwa ntlo le ntlo gape o ya go rera le kwa mafelong a a kgakala.

Nako le nako fa ke ya go rera, ke rapelela go nna pelokgale. Morago ga go rapela ke tsaya thobane ya me ya go ikokotlela, ke tswa ka ntlo ke bo ke ya kwa boemelong jwa dibese tse di tsamayang ka motlakase ke tsamaya ka tsela e ke e tlwaetseng. Fa ke utlwa motho a atamela ke simolola motlotlo wa Baebele le ene. Fa ke sena go pagama mo beseng ke nna mo bogareng, ke bo ke simolola go tlotla le batho ka Baebele, ke ntse ke ba naya dibuka. Fa go na le mongwe yo o bontshang kgatlhego, ke mo naya dinomore tsa me tsa mogala le ene a nnaye tsa gagwe.

Bosheng jaana ke ne ka nna le tshono ya go bua le morutabana wa mmino kwa bookelong. O ne a gakgamadiwa ke botlhale jo bo mo Baebeleng. Fa monna yono a boela kwa gae, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mo go jone bookelo joo, ke ne ka kopana le motsamaisi wa feketeri ya mo lefelong la rona, yo morwawe e leng sefofu. Ke ne ka mmolelela ka tsholofelo e ke nang le yone, mme o ne a simolola go kgatlhega le go anaanela boammaaruri jwa Baebele jo a bo utlwileng.

Fa e sa le ke kolobediwa, ke thusitse batho ba le robedi gore e nne baboledi ba Bogosi mme ke ithutile Baebele le ba le bantsi. Jehofa o tsweletse pele go tshegetsa nna le mosadi wa me thata ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete. Ba re balela, mme gape re sekaseka mmogo dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng. Gape ba re rekotela dipuo tsa dikopano tse dikgolo le dipuo tse di neelwang mo phuthegong. Dilo tseno tsotlhe di re thusitse go jalelela boammaaruri jwa Baebele mo dipelong tsa rona le gore re bolelele ba bangwe ka boammaaruri joo. Ka jalo phuthego e nnile “thuso e e nnonotshang” mo go rona. —Bakolosa 4:11.

Ke dirisitse dingwaga tse dintsi ke ithuta mmino, mme jaanong ka boitumelo ke opela dipina tsa Bogosi. Ke ithutile dipina tsotlhe ka tlhogo tse di mo bukeng ya Se-Russia ya dipina ya Opelelang Jehofa Dipako. Ke dumela gore Jehofa o mpone mo lefatsheng le le boikepo leno mme a nthusa gore ke bone tsela gore ke tswe mo lefifing la semoya. Ke ka moo ke tlhomamisegileng gore letsatsi lengwe o tla nthusa gape gore ke tswe mo lefifing la go sa kgone go bona mo matlhong.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke tshameka phala e e nang le kodu e e kwa tlase thata

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke tshameka korosetina, 1960

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Okhestra e e tshamekang phala

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le Liza gompieno