Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakgamatso ya Botlhale Jwa Maikutlo a Tlholego

Kgakgamatso ya Botlhale Jwa Maikutlo a Tlholego

 Kgakgamatso ya Botlhale Jwa Maikutlo a Tlholego

“Go fuduga ga dinonyane e ka tswa e le nngwe ya dilo tse di gakgamatsang thata tsa tlholego.”—COLLINS ATLAS OF BIRD MIGRATION.

KA December 9, 1967, mokgweetsi mongwe wa sefofane o ne a bona lesogodi la dipidipidi tse di ka nnang 30 le fofela ntlheng ya Ireland le fofa bogodimo jwa dimetara di le 8 200. Ke ka ntlha yang fa di ne di fofela kwa godimo jaana, kwa themperetšha ya moya e neng e le didikirii di le 40 tsa Celsius kwa tlase ga lefela? Mo godimo ga go tshaba sefefo se se sa feleng sa kapoko se se nnang teng kwa tlasenyana, di ne di kgoromediwa ke phefo e e tsamayang ka lobelo lwa dikilometara di le 200 ka ura. Go ile ga fopholediwa gore dinonyane tseno di ne tsa wetsa loeto lwa tsone lwa dikilometara di le 1 300 go tswa kwa Iceland go ya kwa Ireland ka diura di le supa fela.

Nonyane e e ileng ya tsaya loeto lo lo telele thata go gaisa tse dingwe—e leng nonyane ya metsi e e bidiwang arctic tern e tsalela mae kwa bokone jwa Arctic Circle mme le fa go ntse jalo ka nako ya fa go le mariga kwa bokone e a bo e le kwa Antarctic. Mo ngwageng, nonyane e nnye eno ya mo lewatleng e tsamaya sekgala se se fa gare ga dikilometara di le 40 000 le 50 000—sekgala se se lekanang le go dikologa lefatshe!

Megolodi e tsalela mae kwa Yuropa Bokone mme mariga e nna mo Afrika Borwa, e tsaya loeto lo lo feletseng lwa dikilometara di le 24 000. Diketekete tsa dinonyane tseno di ralala Iseraele ka letlhabula le ka dikgakologo, di latela nako e e beilweng e e neng e itsege mo nakong ya go kwalwa ga Baebele.—Jeremia 8:7.

Ke mang yo o tsentseng bokgoni jono jwa tlholego mo dinonyaneng tseno? Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Modimo o ile a botsa monna yo o siameng Jobe potso eno: “A ke ka ntlha ya tlhaloganyo [ya] gago go bo segodi se tlhatlogela kwa godimo, go bo se tsharololela diphuka tsa sone kwa phefong ya borwa? Kgotsa a ntsu e fofela kwa godimo ka taelo ya gago le gore e age sentlhaga sa yone kwa godimo?” Fa Jobe a araba potso eno o ne a naya Modimo pako e e mo tshwanetseng ka ntlha ya bokgoni jo bo gakgamatsang jo dinonyane le diphologolo di nang le jone.—Jobe 39:26, 27; 42:2.

Sengwe se se Fetang Maikutlo a Tlholego

Batho ba e leng dibopiwa tse di di gaisang tsotlhe tsa Modimo tse di mo lefatsheng, ga ba laolwe fela ke maikutlo a tlholego. Go na le moo, re batho ba ba nang le kgololesego ya go itlhophela ba ba nang le segakolodi le bokgoni jwa go bontsha lorato. (Genesise 1:27; 1 Johane 4:8) Ka ntlha ya dimpho tseno tsotlhe, re kgona go dira ditshwetso tse di siameng malebana le boitsholo tse ka dinako tse dingwe di supang lorato lo logolo le go intsha setlhabelo.

Gone ke boammaaruri gore gantsi boikutlo le boitsholo jwa motho di tla laolwa ke melao le melaometheo ya boitsholo le ya semoya e motho a e rutilweng, kgotsa e a sa e rutiwang go tswa bongwaneng. Ka ntlha ya seo, batho ba ka nna ba farologana malebana le se ba se tsayang e le se se siamang kgotsa se se sa siamang, se se amogelesegang kgotsa se se sa amogelesegeng. Mme go farologana gono ga batho ka bogone go ka dira gore go nne le go sa utlwane, go sa batle go amogela ba bangwe tota le e leng letlhoo, segolo jang fa dilo tse di jaaka setso, bosetšhaba le bodumedi di na le tlhotlheletso e kgolo.

A bo lefatshe le ka bo le le botoka thata jang ne fa batho botlhe ba ka bo ba latela melao e e tshwanang ya boitsholo jo bo siameng le bomoya fela jaaka re ikobela melao e e tshwanang e e laolang lobopo! Mme a go na le mongwe yo o kgonang le yo o itseng go tlhoma melao ya lobopo? Fa e le gore go ntse jalo, a o tla e tlhoma kgotsa o setse a e tlhomile? Dipotso tseo di tla sekasekiwa mo ditlhogong tse di latelang.