Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ka Metlha ke Kgaphelwa Kwa Thoko?

Ke Eng fa ka Metlha ke Kgaphelwa Kwa Thoko?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ka Metlha ke Kgaphelwa Kwa Thoko?

“Ka mafelobeke go bonala mongwe le mongwe mo lefatsheng lotlhe a ijesa monate kwantle ga me.”—Renee.

“Basha ba tle ba kopane ba bo ba fetsa nako ba le mmogo mme nna ba nkgaphetse kwa thoko!”—Jeremy.

KE LETSATSI le le itumedisang mme ga o itse gore o dire eng. Mongwe le mongwe o na le se a se dirang. Ditsala tsa gago tsotlhe di ijesa monate. O kgaphetswe kwa thoko gape!

Go se akarediwe fa go dirwa sengwe go ngomola pelo, mme se se kaiwang ke seo sone se ka ngomola pelo le go feta. O ipolelela go re, ‘gongwe go sengwe se se phoso ka nna. Ke ka ntlha yang fa go se ope yo o batlang go itsalanya le nna?’

Lebaka La go Bo go Utlwisa Botlhoko

Go tlwaelegile gore motho a nne le keletso ya go batla go tshwana le batho ba bangwe le go batla gore ba mo amogele. Ee ruri, re solegelwa molemo tota ke go dirisana mmogo le batho ba bangwe. Pele ga fa Jehofa a bopa Efa, o ne a raya Adame a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi.” (Genesise 2:18) Ga go pelaelo gore motho ke motho ka batho ba bangwe. Ke ka tsela e re bopilweng ka yone. Ke gone ka moo go utlwisang botlhoko fa o kgaphelwa kwa thoko.

Go ka kgoba marapo segolobogolo fa o kgaphelwa kwa thoko gangwe le gape kgotsa fa o dirwa gore o ikutlwe gore ga o tshwanelege go nna mo setlhopheng sa batho ba o batlang go itsalanya le bone. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Marie la re: “Go na le ditlhopha tsa basha ba ba fitlheletseng dilo tse dikgolo, mme go mo pepeneneng gore ba akanya gore ga o tshwanelege go nna mo setlhopheng sa bone.” Fa ba bangwe ba sa go akaretse mo setlhopheng sa bone o feleletsa o ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko e bile o jewa ke bodutu.

Ka dinako dingwe o ka ikutlwa o jewa ke bodutu o ntse o le mo gare ga bontsintsi jwa batho. Nicole a re: “Le fa seno se utlwala e le go tlhoka tlhaloganyo, ke gakologelwa ke ikutlwa ke jewa ke bodutu tota ke le kwa kokoanong ya boitlosobodutu. Ke dumela gore ke ka gonne ke ne ke le fa gare ga batho ba le bantsi,  le fa go ntse jalo ke ne ke sa ikutlwe ke atamelane le ope wa bone.” Bangwe ba jewa ke bodutu le e leng fa ba le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tsa Bokeresete. Meagan a re: “Go bonala batho ba bangwe botlhe ba itsane mme nna ke sa itsewe ke ope!” Lekgarebe lengwe le le bidiwang Maria le ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Go ntse jaaka e kete ke dikologilwe ke ditsala mme gone ke se na ditsala.”

Ga go ope yo o sa amiweng ke go jewa ke bodutu—tota le batho ba ba bonalang ba itumetse kgotsa ba ba ratwang ke batho. Seane sa Baebele sa re: “Le mo setshegong pelo e ka nna ya bo e le mo khutsafalong.” (Diane 14:13) Go jewa ke bodutu jo bo tseneletseng le jo bo sa kgaotseng go ka koafatsa motho. Baebele ya re: “Go na le moya o o hutsafetseng ka ntlha ya pelo e e botlhoko.” Thanolo e nngwe e ranola temana eno jaana: “Khutsafalo e ka go thubaganya.” (Diane 15:13; Contemporary English Version) Ke eng se o ka se dirang fa o kile wa ikutlwa o tshwenyegile mo maikutlong ka go bo o ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko?

Go Lwantsha go Jewa ke Bodutu

Leka dikgato tse di latelang, go lwantsha maikutlo a go jewa ke bodutu:

Tlhoma mogopolo mo dilong tse o di kgonang. (2 Bakorintha 11:6) Ipotse, ‘Ke na le ditalente dife?’ Akanya ka ditalente dingwe kana dinonofo tse di molemo tse o nang le tsone, mme o di kwale fa tlase fano.

․․․․․

Fa o ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko, ikgopotse dinonofo tse di molemo tse o nang le tsone—tse di jaaka tse o di kwadileng fa godimo. Boammaaruri ke gore o na le makoa a o tshwanetseng go leka ka natla go a fenya. Le fa go ntse jalo, leka gore o se ka wa fekeediwa ke diphoso tseno tsa gago. Go na le moo, itseye o le motho yo o dirang ka natla go baakanya diphoso tsa gagwe. Sengwe le sengwe se ka nna sa se ka sa nna jaaka se tshwanetse, mme gone dilo dingwe di ka tswa di le jaaka di tshwanetse. Tlhoma mogopolo mo dilong tse di ntseng jalo!

Pitlologa. (2 Bakorintha 6:11-13) Nna wa ntlha go atamela batho. Ke boammaaruri gore seno e ka nna kgwetlho. Liz wa dingwaga di le 19 a re: “Fa batho ba le setlhopha ba ka tshosa tota, mme fa o ya mo mothong a le mongwe o bo o re dumela, ka bonako fela o nna karolo ya setlhopha seo.” (Bona lebokoso la “Dikakantsho Tsa Motlotlo.”) Malebana le kgang ya go kgaphelwa kwa thoko, tlhomamisa gore le wena ga o kgaphele batho bape kwa thoko—ba ba jaaka batho ba ba godileng. Mosha wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Cori o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 10 kgotsa 11, ke ne ke na le tsala e e neng e mpheta thata ka dingwaga. Re ne re atamalane tota, go sa kgathalesege go fetana ga rona ka dingwaga.”

Akanya ka batho ba babedi ba ba godileng mo phuthegong ya lona ba o ka ratang go ba itse botoka.

․․․․․

Ke eng fa o sa atamele mongwe wa batho ba o ba kwadileng fa godimo, kwa pokanong e e latelang ya phuthego ya lona. Simolola motlotlo le bone. Botsa motho yoo gore go tlile jang gore a kgatlhegele Baebele. Fa o kgaratlhela go itse “bakaulengwe botlhe” o tla fokotsa boikutlo jwa go ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko le go jewa ke bodutu.—1 Petere 2:17.

Bulela motho mongwe yo mogolo mafatlha. (Diane 17:17) Go bolelela batsadi ba gago kgotsa motho yo mongwe yo mogolo ka dilo tse di go tshwenyang go ka thusa go fokotsa maikutlo a gago a go jewa ke bodutu. Seo ke se mosetsana mongwe wa dingwaga di le 16 a se lemogileng. La ntlha, o ne a tshwenyegile thata ka go kgaphelwa kwa thoko. A re: “Ke ne ke tle ke akanye ka se se dirileng gore ke ikutlwe ke kgaphetswe kwa thoko mme ke bo ke nnela go akanya ka gone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke tle ke bolelele mmè ka gone, mme o ne a tle a nneye kgakololo ya kafa nka lepalepanang le boemo ka gone. Ruri go tswa molomo go a thusa!”

Ke mang yo o ka mo atamelang fa o batla go bua le mongwe ka maikutlo a a ntseng a tswelela a go jewa ke bodutu?

․․․․․

Akanya ka ba bangwe. (1 Bakorintha 10:24) Baebele ya re re tshwanetse go “tlhokomela, e seng dilo tse di amang [rona] fela, mme le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Ke boammaaruri gore fa o ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko go motlhofo go ikutlwa o tshwenyegile mo maikutlong kgotsa o hutsafetse. Le fa go ntse jalo, go na le gore o tswelele o ngomogile pelo, ke ka ntlha yang fa o sa direle mongwe yo o tlhokang sengwe? O ka nna wa ba wa kgona go simolola botsalano jo bosha ka tsela eo!

 Akanya ka mongwe, gongwe mo lelapeng la lona kgotsa mo phuthegong ya lona, yo a ka ratang go tsalana le wena kgotsa yo a ka tlhokang thuso ya gago ka tsela nngwe. Kwala leina la motho yoo fa tlase o bo o tlhalose gore o ka mo thusa jang.

․․․․․

Fa o akanya ka batho ba bangwe go na le go ikakanyetsa o le nosi mme o ba direla dilo ga o nne le nako ya go ikutlwa o jewa ke bodutu. Mme seno se ka dira gore o lebe dilo ka tsela e e molemo, le gore o nne le maikutlo a a siameng ka batho ba bangwe e leng se se tla dirang gore batho ba bangwe ba kgatlhegele go go dira tsala ya bone. Diane 11:25 ya re: “Yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.”

Tlhopha ka ketlotlhoko. (Diane 13:20) Go botoka go nna le ditsala di se kae tsa boammaaruri tse di amegang ka wena go na le go nna le ditsala di le dintsi tse di ka go tsenyang mo mathateng. (1 Bakorintha 15:33) Akanya ka Samuele yo mmotlana yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Go ka direga gore o ne a jewa ke bodutu kwa motlaaganeng. Badirikaene ba ne ba akaretsa Hofeni le Finease, ba ditiro tsa bone tse di bosula di neng di dira gore ba se tshwanelegele go dirwa ditsala—le mororo e ne e le bomorwa moporofeti yo mogolo. Fa Samuele a ne a ka leka go tshwana le bone seo se ne se tla tsenya bomoya jwa gagwe mo kotsing. Mme seo ga se se Samuele a neng a se batla! Baebele ya re: “Mo nakong eno yotlhe mosimane Samuele o ne a ntse a golela pele e bile a ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.” (1 Samuele 2:26) Batho bafe? Ruri e seng Hofeni le Finease, ba go ka diregang gore ba ne ba itlhokomolosa Samuele ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo. Go na le moo, dinonofo tse di molemo tsa ga Samuele di dirile gore a ratege mo bathong ba ba tshelang go ya ka melao ya Modimo. O tlhoka ditsala tsa batho ba ba ratang Jehofa!

Nna le maikutlo a a siameng. (Diane 15:15) Mongwe le mongwe o ikutlwa a kgaphetswe kwa thoko ka dinako dingwe—ka selekanyo se se rileng. Ke eng se se ka thusang? Go na le go akanya thata ka dilo tse di seng molemo, kgaratlhela go nna le pono e e siameng ka botshelo. Gakologelwa gore, le fa o ka se kgone go laola karolo nngwe le nngwe ya boemo jwa botshelo jwa gago, o ka kgona go laola tsela e o tsibogelang dilo ka yone.

Fa o ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko, tsaya dikgato tse di molemo, e ka ne e le go fetola boemo kgotsa go fetola tsela e o bo lebang ka yone. Ka metlha gakologelwa gore Jehofa o itse tsela e o dirilweng ka yone, ka jalo o itse se o se tlhokang le gore se ka fitlhelelwa jang. Rapela Jehofa malebana le maikutlo ape fela a go jewa ke bodutu a a ntseng a tswelela a o ka tswang o na le one. Tlhomamisega gore “o tla go tshegetsa.”—Pesalema 55:22.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba BotsaJaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke dikgato dife tse nka di tsayang fa ke ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko?

▪ Ke dikwalo dife tse di ka nthusang go nna tekatekano ka tsela e ke itebang ka yone go na le go fekeediwa ke dikgopolo tse di sa siamang?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dikakantsho Tsa Motlotlo

Nyenya. Lorato lwa gago lo ka dira gore batho ba batle go bua le wena.

Ikitsise. Bua leina la gago le gore o tswa kae.

Botsa dipotso. Botsa motho dipotso tse di tshwanetseng ka ga tsela e a godileng ka yone, mme o sa itshunye nko mo dikgannyeng tsa botho.

Reetsa. O se ka wa nna o akantse ka gore ke eng se se latelang se o tla se buang. Sa botlhokwa reetsa. Potso ya gago e e latelang kgotsa se o batlang go se bua di tla itlela fela.

Phuthologa! Motlotlo o ka dira gore o nne le ditsala tse disha. Ka jalo itumelele seo!