Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jehofa Ntetla ke go Direle Tlhe”

“Jehofa Ntetla ke go Direle Tlhe”

 “Jehofa Ntetla ke go Direle Tlhe”

Jaaka go boletse Danielle Hall

Fa ke ne ke le mosetsanyana yo monnye, ke ne ke rata go etela Nanna, yo o neng a nna go bapa le rona. Letsatsi le letsatsi o ne a a robala go sekaenyana motshegare. Fa e le gore ke ne ke mo etetse ka nako eo, re ne re a tle re nne mmogo mo bolaong fa a ntse a mpalela dipolelo tsa Baebele. Gantsi o ne a tle a ntheye a re: “Le ka motlha o se ka wa lebala gore Jehofa o a go rata. Mme fa le wena o mo rata, o tla go tlhokomela ka metlha.” Mafoko a gagwe a ne a nwelela mo mogopolong le mo pelong ya me.

NANNA o ne a tlhokafala ka 1977, fa ke ne ke le dingwaga di le nnè. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, jaaka ba losika botlhe ba ga Rre ba ba neng ba nna kwa motseng wa gaetsho kwa Moe, kwa Australia. Batsadi ba me e ne e se Basupi, mme Rre o ne a ba rata. Moragonyana lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Tintenbar, motsana mongwe gaufi le lebopo la New South Wales. Fa re le koo, nna le nkgonne e bong Jamie re ne re a tle re ye kwa dipokanong tsa Basupi le Rre.

Fa ke ne ke le dingwaga di le robedi, batsadi ba me ba ne ba kgaogana. Rre o ne a boela kwa Moe, mme nna le Jamie re ne ra sala le Mmè. O ne a sa kgatlhegele Baebele mme o ne a sa batle gore re ye kwa dipokanong tsa Basupi. Seno se ne sa dira gore ke hutsafale thata. Ke ne ka akanya thata ka mafoko a ga Nanna a a neng a nweletse mo pelong ya me. Ke ne ke itse gore tota ke rata Jehofa! Mme ke ne ke batla go mo direla. Ka jalo, ke ne ka rapela Jehofa mme ka  mmolelela gore le nna ke mongwe wa Basupi ba gagwe. Jamie le ene o ne a ikutlwa ka tsela eo.

Diteko Kwa Sekolong

Ka bonako morago ga foo, morutabana mongwe o ne a kopa ngwana mongwe le mongwe mo tlelaseng gore a biletse leina la bodumedi jwa gagwe kwa godimo gore a tle a kwale mo bukeng e e nang le lenaane la maina a rona. Fa e nna sebaka sa ga Jamie go bua, o ne a bua ka lentswe le le kwa godimo le le utlwalang sentle a re “Basupi ba ga Jehofa.” Morutabana o ne a emisa go kwala mme a mo kopa gore a boeletse karabo ya gagwe, mme o ne a dira jalo. Morutabana o ne a re: “Ga ke akanye jalo, ke tla boela mo go wena moragonyana.” Fa e ne e le sebaka sa me, le nna ke ne ka buela kwa godimo ka re, “Basupi ba ga Jehofa.” E re ka go ne go bonala sentle gore morutabana o ne a betilwe ka pelo, o ne a ya go bitsa mogokgo wa sekolo.

Mogokgo o ne a bolela jaana a tlhomamisegile: “Ke na le dipampiri tsa lenaane la maina a lona fano, mme batsadi ba lona ga ba lo kwadisa jaaka Basupi ba ga Jehofa.” Re ne ra araba ka maitseo ra re: “Mme ke jone bodumedi jo re bo latelang.” Ene le morutabana ga ba ise ba ke ba tlhole ba tsosa kgang eo gape.

Kwa sekolong ke ne ka leka go bua le bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ka kitsonyana e ke neng ke na le yone ka Baebele. Ke ne ka tsamaya ka Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela e ke neng ke a tle ke e balele mosetsanyana mongwe yo o neng a dumela mo Modimong dipolelo tsa teng. * Mme e re ka ke ne ke leka go tshela ka melao ya Bokeresete, ke ne ke sa ratiwe, mme ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke jewa ke bodutu thata.

Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha le ka tlhoafalo mo e leng gore o ne a nna tsala ya me e kgolo. Letsatsi le letsatsi fa ke tswa sekolong, ke ne ke nna mo bolaong jwa me mme ke bolelela Jehofa ka dilo tse di diragetseng ka letsatsi leo, ke mmolelela sengwe le sengwe ka botlalo. Ke ne ke lela gantsi. Ke ne ka kopa jaana dikeledi di ntse di tshologa: “Jehofa ntetle gore ke go direle mmogo le batho ba gago tlhe.” Gantsi fa ke sena go rapela ke ne ke ikutlwa botoka thata.

Lekwalo le le Ileng la Nnonotsha

Fa ke le dingwaga di le lesome, Jamie o ne a boela kwa Moe go ya go nna le Rre. Mme ke ne ka ikutlwa ke kgapetswe kwa thoko semoyeng le go feta. Morago ga foo, fa ke ne ke etetse kwa ntlong ya moagisani mongwe, ke ne ka bona dimakasine tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Ka boitumelo ke ne ka tshwara aterese ya ofisi ya lekala e e mo lefelong la rona ka tlhogo mme ka itlhaganelela kwa gae go e kwala. Ke ne ka kwalela lekala lekwalo le le tswang pelong ke tlhalosa seemo sa me mme ke kopa thuso ya semoya. Karabo ya bone e e neng ya nkama pelo ya ditsebe tse pedi, e e neng e kwaletswe nna fela, e ne ya dira gore matlho a me a seke dikeledi. Ke ne ke na le bosupi jwa gore ke ne ke le botlhokwa mo go Jehofa!

Lekwalo leo le ne la nkgothaletsa gore ke etse tumelo ya mosetsanyana wa Moiseraele yo o neng a nna motlhanka wa ga Naamane, molaodi wa masole mo motlheng wa Baebele. Le fa e ne e le motshwarwa e bile a le kgakala le motse wa gagabo, o ne a nna a le gaufi le Modimo wa gagwe e bong Jehofa. Mme ka go bua ka bopelokgale ka tumelo ya gagwe, o ne a itshupa gore ke mosupi wa gagwe wa mmatota.—2 Dikgosi 5:1-4.

Lekwalo leo le le neng le tswa kwa lekaleng le ne la oketsa jaana: “Jaaka mosetsanyana yo mmotlana, o tshwanetse wa direla Jehofa ka go utlwa batsadi ba gago le ka go dira ka natla kwa sekolong. Mme gape, o tlhoka go nna gaufi le Jehofa ka go rapela le ka go ithuta.” Fa le konela, lekwalo leo le ne la re: “Danielle, gakologelwa gore le fa re ka tswa re nna kwa kae, Jehofa ka metlha o gaufi le rona. Re a itse gore o dumela seno.” (Baroma 8:35-39) Lekwalo leo, le gone jaanong le onetseng, le sa ntse le le kafa pele mo Baebeleng ya me. Ke le badile gantsi go ralala dingwaga mme ga go ise go ke go direge le ka lekgetlho le le lengwe gore ke dire jalo ke sa tsholole dikeledi.

Ka bonako morago ga foo, ke ne ka amogela lekwalo le lengwe. Le ne le tlhalosa gore rre o ne a rulagantse gore ke amogele dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka poso. Ke ne ka itumela thata! Ke ne ke na le dijo tsa semoya tse ke di amogelang ka metlha. Fa makasine mongwe le mongwe o fitlha, ke ne ke o bala otlhe. Ke sa ntse ke na le dikhopi tsa me tsa ntlhantlha tsa makwalopaka a a botlhokwa ao. Mo e ka nnang ka yone nako eno, mogolwane mongwe wa Mokeresete wa phuthego ya lefelo la rona o  ne a nketela. Le fa maeto a gagwe a ne a le makhutshwane, a ne a kgothatsa thata.

Diphetogo di Dira Gore ke Gatele Pele

Le fa seemo sa me sa semoya se ne se tokafetse, ke ne ke sa ntse ke eletsa go obamela Jehofa ka kgololesego. Ka jalo, fa ke nna dingwaga di le 13, ke ne ka kopa Mmè gore a nka ya go nna le Rre. Ke ne ke rata Mmè thata, fela jaaka le ene a ne a nthata, mme ke ne ke ikemiseditse go direla Modimo. E rile a dumela, ke ne ka boela kwa Moe mme ka simolola go ithuta Baebele mo phuthegong ya lefelo leo. Ka tetla ya ga Rre, nna le Jamie re ne ra ba ra ya kwa dipokanong tsotlhe. Basupi ba lefelo leo ba ne ba dira matsapa go re thusa. Nna le Jamie re ne ra gatela pele semoyeng ka bonako mme moragonyana re ne ra kolobediwa re latelana ka dikgwedi di se kae. Ee, thapelo ya me ya fa ke ne ke sa le ngwana e ne e arabetswe. Ke ne ke direla Jehofa mmogo le batho ba gagwe!

Mme ka nako e e tshwanang, ke ne ka nna le kamano e e kgethegileng le monna wa ga rakgadi le rakgadi e bong Philip le Lorraine Taylor, ba le bone ba neng ba le mo Phuthegong ya Moe. Ba ne ba ntshwara jaaka morwadiabone. Fa ba ne ba fudugela kwa setlhaketlhakeng sa Bougainville, kwa Papua New Guinea, go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone ya bareri ba Bogosi, ke ne ka dumela ka bonako fa ba ne ba ntaletsa go tsamaya le bone. Ke ne ke le dingwaga di le 15 fela, mme Rre le Mmè ba ne ba dumela gore ke tsamaye.

Kwa Bougainville ke ne ka tsweletsa dithuto tsa me tsa sekolo pele ka poso. Mo godimo ga tiro ya me ya sekolo, ke ne ke dirisa nako e ntsi ke rera. A bo go itumedisa jang ne go bereka le barongwa le babulatsela! Batho ba lefelo leo e ne e le batho ba ba boikokobetso thata ba nkileng ka kopana le bone mme ba le bantsi ba bone ba ne ba rata go ithuta Baebele.

Moragonyana mo go one ngwaga oo go ne ga nna le dikhuduego tsa dipolotiki mme go ne ga nna kotsi gore ke tswelele ke nna koo. Fa ke tsamaya kwa setlhaketlhakeng se sennye seo se se nang le batho ba ba kgatlhang go ne go hutsafatsa. Fa sefofane se sennye se ntse se tlhatloga, ke ne ka bona monna wa ga rakgadi e bong Philip a eme mo lebaleng la difofane a ntse a ntsamaisa sentle. Fa ke ntse ke lela thata, ke ne ka kopa Jehofa mo pelong gore a ntetle gore ka letsatsi lengwe ke nne morongwa kwa nageng e sele.

Dithapelo Tse Dingwe Tse di Arabelwang

Fa ke setse ke boetse kwa Australia, ke sena go fetsa sekolo, ke ne ka tsenela thapiso ya go ithutela tiro ya mo ofising kwa femeng nngwe e e kafa molaong. Ka nako eo, Rre o ne a nyetse gape mme o ne a tlhokomela lelapa le legolo la lenyalo la bobedi. Jamie o ne a nna le Mmè. Ka nakwana ke ne ke ntse ke refosana go nna kwa batsading ba me boobabedi. Botshelo bo ne bo bonala bo raraane. Ke ne ke tlhoka go tlhofofatsa botshelo jwa me le go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya. Ka jalo, ka 1994, ke ne ka tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng kwa Moe ke le mmulatsela.

Ke ne ke itumetse gape. Ditsala tsa me e ne e le basha ba phuthego ba ba ratang dilo tsa semoya mme ba ntshegetsa thata. Tota e bile, ka 1996, ke ne ka nyalana le mongwe wa bone—Will, monna yo o bonolo, yo o pelonomi e bile a ikokobeditse, yo o neng a nna tshegofatso ya mmatota e e tswang go Jehofa.

Re ne ra tlwaela botshelo jwa lenyalo mme go ne go bonala boitumelo jwa rona bo feletse. Ka letsatsi lengwe Will o ne a fitlha kwa gae a tswa go bereka le molebedi yo o etang yo o neng a etetse diphuthego mo lefelong la rona. Fa a sena go dira gore ke nne fa fatshe, o ne a mpotsa gore, “A o ne o ka rata go fuduga go ya go thusa kwa phuthegong e nngwe?” Mo pelong ya me ke ne ka re ee ka bonako. Le fa go ntse jalo, ka tsela ya go dira metlae, ke ne ka mmotsa jaana: “Kae? Kwa Vanuatu? Kwa Fiji?” Fa a nkaraba ka gore “Morwell,” ke ne ka goa ka re, “Mme ke gaufi fela fa le rona!” Ka bobedi jwa rona re ne ra tshega mme ra dumalana gone fela foo gore re tla itumelela go fudugela kwa phuthegong e e gaufi le rona go ya go nna babulatsela.

Dingwaga tse tharo tse di latelang kwa Morwell e ne e le tse di itumedisang le tse di nang le matswela. Go ne ga direga gape sengwe se re neng re sa se lebelela. Re ne ra amogela taletso go tswa kwa ofising ya lekala ya kwa Australia ya Basupi ba ga Jehofa ya gore re nne babulatsela ba ba kgethegileng. Kabelo ya rona e ne e le kae? Kwa East Timor, naga e nnye e e kwa ntlheng ya botlhaba jwa ditlhaketlhake tse dinnye tsa Indonesia. * Matlho a me a ne a tlala dikeledi. Ke ne ka leboga Jehofa go bo a arabile dithapelo tsa me tsotlhe. Ga a ka a nkamogela fela go nna motlhanka wa gagwe mme gone jaanong nna le monna wa me re kgona go dira mmogo kwa nageng e sele.

Go Direla Kwa Moseja

Re ne ra fitlha kwa Dili, e e leng motsemogolo ka July 2003. Phuthego ya  Dili—e e leng yone fela mo nageng eo—e ne e na le babulatsela ba ba kgethegileng ba le 13 ba ba tswang kwa Australia le Basupi ba ba sekaenyana ba lefelo leo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Timor ba ne ba humanegile thata, bontsi jwa bone ba latlhegetswe ke dithoto tsa bone le ba malapa a bone ka nako ya ntwa ya selegae ya dingwaga di le 24 e e neng ya khutla ka 1999. Mme ba le bantsi ba ile ba itshokela kganetso e e boima ya ba malapa ka ntlha ya bodumedi jwa bone jo bosha. Le fa go ntse jalo, le fa ba ne ba lebane le diteko le khumanego, ba ne ba humile semoyeng e bile ba itumetse.—Tshenolo 2:8, 9.

Re ne ra lemoga gore bontsi jwa batho ba kwa Timor ba ne ba boifa Modimo e bile ba tlotla Baebele. Mme go ise go ye kae, re ne re na le dithuto tse dintsi tsa Baebele tse re neng re sa di kgone tsotlhe! Mme morago ga nakwana bangwe ba baithuti ba rona ba ne ba dira mmogo le rona e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kolobeditsweng. Go bona ba gatela pele semoyeng go ile ga re itumedisa thata.

Mme ka 2006, go ne ga nna le dikhuduego gape kwa Dili. Dikgotlhang tse di neng di le fa gare ga ditso di ne tsa felela e le ntwa ya mmatota. Matlo a le mantsi a ne a thukuthiwa kgotsa a fisiwa lore mme Basupi ba koo ba ne ba tshabela kwa matlong a babulatsela ba ba kgethegileng. Ntlo ya rona le jarata e ne ya dirwa kampa ya nakwana ya batshabi mme ka nako nngwe go ne go na le batho ba ba ka nnang lekgolo ba ba neng ba nna le rona! Karatšhe ya koloi ya rona e ne ya nna ntlwana ya boapeelo, ntlwana ya bojelo le Holo ya Bogosi ya nakwana.

Le fa dithunya le dibomo tsa seatla di ne di thunya gaufi le rona, ntlo ya rona ya babulatsela e ne e le botshabelo jwa kagiso. Rona re ne re bona gore Jehofa o a re sireletsa. Letsatsi lengwe le lengwe le ne le simololwa ka motlotlo wa temana ya Baebele. Dipokano di ne di tshwarwa ka tsela ya tlwaelo. Re ne gape re tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang.

Fa dibeke di ntse di feta, go ne ga bonala sentle gore go tla nna kotsi gore bakaulengwe ba ba tsholetsweng kwa ntlheng ya botlhaba jwa naga eo ba nne kwa Dili. Ka jalo, Basupi ba ba etelang pele ba ne ba swetsa go tlhoma setlhopha se sesha kwa Baucau, motse o o latelang o mogolo, o o neng o le bokgakala jwa diura di le tharo go tswa kwa Dili. Mme ke ka lebaka leo nna le Will re ileng ra amogela kabelo e ntšha.

Re ne ra fitlha kwa Baucau ka July 2006, mo e ka nnang dingwaga di le tharo morago ga gore re fitlhe kwa East Timor. Setlhopha sa rona se sesha se ne se na le babulatsela ba ba kgethegileng ba le banè le Basupi ba le thataro ba kwa Timor. Bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ne ba tlogetse dithoto tsa bone tsotlhe kwa Dili, mme le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba itumetse thata. Re ne re kgatlhwa thata ke boikanyegi jwa bone le moya wa bone wa go intsha setlhabelo!

Nna le Will re sa ntse re direla mo Baucau. Re rata kabelo ya rona mme re e tsaya e le tshegofatso e nngwe e e tswang kwa go Jehofa. Fa ke akanya ka dilo tse di fetileng, ke kgona go bona gore Nanna o ne a bua boammaaruri. Jehofa o ile a ntlhokomela ka dinako tsotlhe go ralala dingwaga. Ke nna ke mo leboga go bo a ile a ntetla go nna le tshiamelo ya go mo direla mmogo le batho ba gagwe. Mme gape ke lebeletse pele go bona Nanna gape mo tsogong ya baswi. Ka nako eo, ke tla mo leboga go bo a ile a nnaya selotlolo sa go bula kgoro ya go bona botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 25 Naga eno e bidiwa East Timor ke batho ba ba buang Seesemane, mme e itsege gape e le Timor-Leste.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Nanna

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Ke na le monna wa me e bong Will