Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le Bokoa Jwa Matlho Jwa go se Kgone go Bona Mebala Sentle?

A o Na le Bokoa Jwa Matlho Jwa go se Kgone go Bona Mebala Sentle?

 A o Na le Bokoa Jwa Matlho Jwa go se Kgone go Bona Mebala Sentle?

Rodney a re: “Fa ke apara, mosadi wa me o tlhola gore a mebala ya diaparo tse ke di tlhophileng e a tsamaisana. Fa re ja sefitlholo, ke ene a mphang leungo ka gonne nna ga ke kgone go bona gore le le buduleng ke lefe. Kwa tirong, gantsi ga ke kgone go bona gore ke tshwanetse go tobetsa fa kae mo sekerining sa khomputara ka gonne gantsi dilo di farologanngwa ka mebala. Fa ke kgweetsa, ke bona diroboto tse dikhibidu le tse ditala di tshwana, ka jalo ke leba fela gore a lebone le le tshubileng ke le le kwa godimo kgotsa ke le le kwa tlase. Mme ke nna le mathata fa dipone tsa diroboto e le tse di emeng di le tsosi.”

 RODNEY o na le bokoa jwa matlho jwa go se kgone go bona mebala sentle. O gotsitse bokoa jwa dijini jo bo bakang bogole mo teng ga retina—letha le le mo teng ga matlho le le tsibogelang lesedi. Bokoa jo Rodney a nang le jone bo tshwere mo e ka nnang monna a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 12 ba ba tlholegang kwa Yuropa le mosadi a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 200. * Fela jaaka bontsi jwa batho ba ba nang le bokoa jono, Rodney o kgona go bona mebala e e farologaneng—ga se gore o bona bontsho le bosweu fela. Mme mebala mengwe e ene a e bonang ga e tshwane le e e bonwang ke batho ba ba bonang sentle.

Mo leitlhong la motho, gantsi retina e na le mefuta e le meraro ya disele tse di bopegileng jaaka khouno tse di tsibogelang mebala. Mofuta mongwe le mongwe o kgona go bona mmala o o rileng mo mebaleng ya konokono—bobududu, botala kgotsa bohibidu. Lesedi la mmala o o rileng le tsibosa disele tsa mmala oo, mme di bolelela boboko, motho a bo a kgona go lemoga mebala. * Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba nang le bokoa jwa go se bone mebala sentle, disele ga di kgone go tsibogela mmala mongwe kgotsa mebala mengwe. Bontsi jwa batho ba ba nang le bokoa jono ba palelwa ke go farologanya mmala o o serolwana, o motala, wa namune, o mohibidu le o o borokwa. Bokoa jono bo ka dira gore motho a palelwe ke go bona mouta o motala mo borothong jo bo borokwa kgotsa mo tšhising e e serolwana kgotsa go farologanya mothomosweu wa matlho a a pududu a na le moriri o o serolwana le mothomosweu wa matlho a matalana yo o nang le moriri o mohibidu. Fa disele tsa motho tse di tsibogelang mmala o mohibidu di le bokoa thata, lebolomo le lehibidu le ka lebega le le lentsho. Ke ba se kae fela ba ba nang le bokoa jono ba ba sa kgoneng go bona mmala o o bobududu.

Bokoa Jwa go se Bone Mebala Sentle mo Baneng

Gantsi makoa a go se bone mebala sentle a fetela mo bathong ka go a gotsa, e bile motho o tsholwa a na le bokoa jono mme gantsi bana ba ba nang le jone ba ithuta ka tlholego fela go lepalepana le bokoa jwa bone. Ka sekai, tota le fa ba sa kgone go bona pharologanyo fa gare ga mebala mengwe, ba ka nna ba bona go farologana ga go phatsima ga yone mme ba e farologanye ka maina a yone. Gape ba ka ithuta go farologanya dilo ka methalo e e mo go tsone le tsela e di utlwalang ka yone fa o di tshwara e seng ka mebala ya tsone. E bile tota, batho ba le bantsi ba nna ba sa lemoge gore ba na le bokoa jono go fitlha ba setse ba godile.

E re ka gantsi dikolo di dirisa didirisiwa tsa go ithuta tse di farologanngwang ka mebala, bogolo jang mo mephatong e e kwa tlasetlase, batsadi le barutabana ba ka nna ba dira phoso ba akanya gore ngwana o na le bokoa jwa go palelwa ke go ithuta mme tota ngwana a na le bokoa jwa matlho jwa go se bone mebala sentle. Morutabana mongwe o ne a ba a otlhaya mosimanyana wa dingwaga tse tlhano ka gonne a ne a taka setshwantsho sa maru a a pinki, batho ba batala le ditlhare tsa matlhare a a borokwa. Ngwana yo o nang le bokoa jwa go se bone mebala sentle a ka bona mebala eno e itshiametse fela. Ka jalo go a utlwala he go bo batlhankedi bangwe ba puso ba akantsha gore fa bana ba sa le bannye, ba dirwe diteko gangwe le gape go bona gore a ga ba na bokoa jwa go se bone mebala sentle.

Le fa bokoa jono bo ise bo nne le kalafi, ga bo etegele fa motho a ntse a gola e bile ga bo dire gore motho a tshabelelwe ke mathata a mangwe a matlho. * Le fa go ntse jalo, go se kgone go bona mebala sentle ke bokoa jo bo utlwisang botlhoko. Mme gone, mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, Jesu Keresete o tla tlosa matshwao otlhe a go sa itekanelang mo bathong ba ba boifang Modimo. Ka jalo, batho ba ba neng ba na le makoa a matlho a mofuta ope fela ba tla kgona go bona ditiro tsa ga Jehofa ka kgalalelo yotlhe ya tsone.—Isaia 35:5; Mathaio 15:30, 31; Tshenolo 21:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bokoa jwa go se bone mebala sentle bo ka fitlhelwa mo bathong ba ditso tsotlhe, mme bo tlwaelegile thata mo bathong basweu.

^ ser. 4 Diphologolo di le dintsi di kgona go bona mebala, le fa e se ka tsela e rona re e bonang ka yone. Ka sekai, dintša di na le mefuta e le mebedi fela ya disele tse di bopegileng jaaka khouno mo teng ga retina—tse dingwe ke tsa mmala o o bobududu mme tse dingwe ke tsa mmala o o fa gare ga bohibidu le botala. Dinonyane dingwe tsone di na le mefuta e le menè ya disele tsa mmala mme di kgona go bona lesedi la ultraviolet, le batho ba sa kgoneng go le bona.

^ ser. 8 Ka dinako tse dingwe bokoa jwa go se kgone go bona mebala sentle bo bakwa ke bolwetse bongwe. Fa e ka re o ntse o godile wa bona tsela e o bonang mebala ka yone e fetoga, go ka nna molemo gore o bone ngaka ya matlho.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

DITEKO TSA BOKOA JWA MATLHO JWA GO SE KGONE GO BONA MEBALA SENTLE

Fa go dirwa diteko tsa go tlhola gore motho o na le mofuta ofe wa bokoa jwa go se bone mebala sentle le go bona gore bo tseneletse go le kana kang gantsi go dirisiwa ditshwantsho tsa marontho a a dirilweng ka mebala e e farologaneng. Teko e e dirisiwang thata ya Ishihara e na le mefuta e ka nna 38 e e farologaneng ya ditshwantsho tse di dirilweng ka marontho. Ka sekai, fa motho yo o bonang sentle a leba sengwe sa ditshwantsho tseno go le motshegare, o tshwanetse a kgona go bona nomoro ya 42 le 74 (kafa molemeng), mme motho yo o nang le bokoa jwa go se bone mmala o mohibidu le o motala sentle—e leng jone jo bo tlwaelegileng thata—a ka nna a se bone nomoro epe kwa godimo mme a bo a bona 21 kwa tlase. *

Fa diteko di bontsha gore motho o na le bokoa jono, ngaka ya matlho e ka akantsha gore go dirwe diteko tse dingwe go bona gore a o gotsitse bokoa jono kgotsa bo bakilwe ke sengwe se sele.

[Ntlha e e di kwa tlase]

^ ser. 15 Ditshwantsho tseno di diretswe go tlhalosa fela. Diteko tsa go tlhola bokoa di tshwanetse tsa dirwa ke mongwe yo o ithutetseng tiro eo.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Color test plates on page 18: Reproduced with permission from the Pseudoisochromatic Plate Ishihara Compatible (PIPIC) Color Vision Test 24 Plate Edition by Dr. Terrace L. Waggoner/www.colorvisiontesting.com

[Lebokoso mo go tsebe 19]

KE ENG E LE BANNA THATA BA NNANG LE JONE?

Chromosome ya X ke yone e nnang le bokoa jo motho a bo gotsang jwa go se bone mebala sentle. Basadi ba na le di-chromosome tsa X di le pedi, mme banna ba na le e le nngwe ya X, le e le nngwe ya Y. Ka jalo, fa mosadi a gotsa bokoa jwa go bona mo chromosome e le nngwe ya X, jini e e siameng mo chromosome e nngwe e ka nna ya e fekeetsa mme a kgona go bona sentle. Mme monna yo o gotsang bokoa jono mo chromosome ya gagwe ya X ga a na e nngwe e a ka ikaegang ka yone.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KAFA RE BONANG MEBALA KA TENG

Lesedi le le tswang mo dilong tse o di bonang le tsena ka cornea le lens mme le fetela mo retina

Cornea

Lens

Retina

Se motho a se bonang se a thulama mme morago boboko bo a se baakanya

OPTIC NERVE e fetisetsa melaetsa ya se se bonwang kwa bobokong

RETINA e na le disele tse di bopegileng jaaka dikhouno le tse di bopegileng jaaka dithupana. Mefuta eno e mebedi ya disele e dira gore motho a kgone go bona

Disele tse di jaaka dithupana

Disele tse di jaaka dikhouno

DISELE TSE DI JAAKA DIKHOUNO di tsibogela lesedi le lehibidu, le letala kgotsa le le bobududu

Bohibidu

Botala

Bobududu

[Ditshwantsho]

Motho yo o bonang sentle o bona seno

Motho yo o nang le bokoa jwa go se bone mebala sentle o bona seno